Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 117

Nonofo ya Bomolemo

Nonofo ya Bomolemo

(2 Ditiragalo 6:41)

  1. 1. Jah Modimo yo’o molemo,

    O re segofaditse!

    O Modimo yo’o boitshepo,

    Tsela tsa ’go di siame.

    O re utlwela botlhoko,

    Ka gonne o’a re rata.

    O tshwanelwa ke go bakwa

    Re tla direla wena.

  2. 2. Re bona nonofo eno

    Mo batlhankeng ba gago,

    Ba e bontsha ka boitshwaro

    Le ka tiro’a go rera.

    Ba itsise batho botlhe

    Ka bomolemo jwa ’go.

    Re kopa moya wa gago,

    Gore re nne molemo.

  3. 3. Tlhe Jehofa segofatsa

    Maiteko a rona,

    A go bontsha bomolemo

    Mo go mongwe le mongwe;

    Mo lelapeng, mo phuthegong

    Tota, gongwe le gongwe.

    Re tla leka ka bojotlhe

    Go bontsha bomolemo.