Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 136

Tuelo e e Tswang Kwa go Jehofa

Tuelo e e Tswang Kwa go Jehofa

(Ruthe 2:12)

  1. 1. Jah o itse batho ba gagwe botlhe

    Ba ba’ikanyegang go ene.

    O itse gore ba’ithontshitse dilo

    Gore ba tle mo tirelong.

    Fa’o tlogetse tsotlhe go mo direla,

    Jah o tla go segofatsa.

    O re neile phuthego ’e re ratang,

    Le botshelo jo bo kgatlhang

    (KHORASE)

    Mme Jehofa Modimo o’a bona;

    O tla lo naya tuelo ya lona.

    Lo tshabele mo ’phukeng tsa ’gwe

    Jah o’a ikanyega; O na le nnete.

  2. 2. Ka dinako tse dingwe re imelwa,

    Ke dikabelo tsa rona.

    Ka dinako tse dingwe re imelwa

    Ke mathata a botshelo.

    Jah o itse tsotlhe tse lo di tlhokang

    Ga a kitla a lo latlha.

    O lo gomotsa ka Lefoko la ’gwe,

    Gape le ka moya wa ’gwe.

    (KHORASE)

    Mme Jehofa Modimo o’a bona;

    O tla lo naya tuelo ya lona.

    Lo tshabele mo ’phukeng tsa ’gwe

    Jah o’a ikanyega; O na le nnete.