Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 139

Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

Ipone o Tshela mo Lefatsheng le Lesha

(Tshenolo 21:1-5)

  1. 1. A re lekeng go ipona,

    Re tshela mo lefatsheng le lesha.

    Rotlhe re le mo monateng,

    Go rena kagiso mo ’fatsheng.

    Go se ope yo’o bosula;

    Puso ya Modimo e busa.

    Ka nako eo ’fatshe le fetogile,

    Re tla opela

    ka boipelo mme re re:

    (KHORASE)

    “Jehofa Mmopi, re’a go leboga!

    Morwao o dirile tsotlhe disha.

    Re tla go’opelela ka dipelo tsotlhe;

    Kgalalelo, tlotlo le pako ke tsa ’go.”

  2. 2. A re lekeng go ipona,

    Rotlhe re le mo ’fatsheng le lesha.

    Go se sepe se se maswe,

    Go se sepe se se boifisang.

    Dilo tsotlhe di le disha;

    Fela jaaka’a solofeditse.

    A tsosa botlhe ba ba mo mabitleng;

    Ba baka Jah le rona

    ka boitumelo:

    (KHORASE)

    “Jehofa Mmopi, re’a go leboga!

    Morwao o dirile tsotlhe disha.

    Re tla go’opelela ka dipelo tsotlhe;

    Kgalalelo, tlotlo le pako ke tsa ’go.”