Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 141

Kgakgamatso ya Botshelo

Kgakgamatso ya Botshelo

(Pesalema 36:9)

  1. 1. Fa ngwana’a tsholwa, fa pula e na,

    Fa letsatsi le tlhaba, Re’a ipela—

    Ke ’mpho tsa ga Jah, di dintle tsotlhe

    O re naya tsone ka malatsi otlhe.

    (KHORASE)

    Jaanong re ka dirang go leboga Jah

    Fa e se go mo’ikobela le go mo rata?

    Le fa re ka dirang, Re ka se’e duelele.

    Mpho eno e kgolo—Ke mpho ya botshelo.

  2. 2. Bangwe ba’ineela, fa ba tlaletswe,

    Ba tshwana le mosadi, wa ga Jobe.

    Fa e le rona, ga re ineele.

    Re baka Mmopi ka ’mpho tsotlhe tsa gagwe.

    (KHORASE)

    Jaanong re ka dirang go leboga Jah?

    A re rateng ba bangwe re ba tlhokomele.

    Le fa re ka dirang, Re ka se’e duelele.

    Mpho eno e kgolo—Ke mpho ya botshelo.