Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 144

Leba Kwa Mokgeleng!

Leba Kwa Mokgeleng!

(2 Bakorintha 4:18)

  1. 1. Fa bofofu bo fedisiwa,

    Le bogole bo alafiwa.

    Bana le bone ba’itumetse,

    Go rena kagiso ’fatsheng,

    Fa baswi ba tla bo ba tsoga;

    Batho ba sa tlhole ba boga.

    (KHORASE)

    Mme o tla bona tseno tsotlhe,

    Fa o leba kwa mokgeleng.

  2. 2. Fa phiri e fula le kwana,

    Mme kgomo e fula le bera,

    Fa mosimane a di disa,

    Mme di reetsa lentswe la ’gwe.

    Fa re tshela ka boitumelo,

    Go se poifo le botlhoko,

    (KHORASE)

    Mme o tla bona tseno tsotlhe,

    Fa o leba kwa mokgeleng.