Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 147

Tsholofetso ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Tsholofetso ya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

(Pesalema 37:29)

  1. 1. Jah o re solofeditse

    ’Tshelo jo bo sa khutleng.

    Mme re tla rua lefatshe,

    Re nne mo go lone.

    (KHORASE)

    Ruri re tla tshela,

    Fa re mo direla.

    Jah o’a ikanyega.

    Go tla direga.

  2. 2. Lefatshe le tla baakanngwa;

    Batho ba tla gololwa.

    Ba tla buswa ke Jehofa,

    Go rene kagiso.

    (KHORASE)

    Ruri re tla tshela,

    Fa re mo direla.

    Jah o’a ikanyega.

    Go tla direga.

  3. 3. Baswi ba tloga ba tsoswa,

    Botlhoko bo tla fela.

    E tla nna nako’a boipelo,

    Loso lo fedile.

    (KHORASE)

    Ruri re tla tshela,

    Fa re mo direla.

    Jah o’a ikanyega.

    Go tla direga.