Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 1

“O Tshwanetse go Obamela Jehofa, Modimo wa Gago Fela”

“O Tshwanetse go Obamela Jehofa, Modimo wa Gago Fela”

MATHAIO 4:10

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Lebaka la go bo Jehofa a tshwanetse go obamelwa ka tsela e e mo itumedisang

1, 2. Go tlile jang gore Jesu a feleletse a le kwa nageng ya Judea ka 29 C.E., mme go ile ga diragala eng fa a le koo? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)

 KA LETLHABULA la ngwaga wa 29 C.E., Jesu o ne a le kwa nageng ya Judea e e gaufi le Lewatle le le Suleng. Fa a sena go kolobediwa le go tlodiwa, moya o o boitshepo o ne wa mo kaela gore a ye koo. Lefelo leo le ne le se na ditlhare tse dintsi le tletse ka maje e bile go na le melatswana. Jesu o ne a fetsa malatsi a le 40 a le koo a itima dijo e bile a rapela. Gape go ne go na le dilo di le dintsi tse a neng a tlhoka go akanya ka tsone. Gongwe Jehofa o ne a dirisa nako eo go bua le ene a mmaakanyetsa se se larileng kwa pele.

2 Jesu o ne a sule ke tlala mme Satane o ne a bona seo e le tshono ya gore a mo ikadime. Se se ileng sa direga se re thusa go lemoga kgang ya botlhokwa e e amang batho botlhe ba ba batlang go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, go akaretsa le wena.

“Fa e le Gore o Morwa Modimo . . . ”

3, 4. (a) Fa Satane a ne a raela Jesu lekgetlo la ntlha le la bobedi o ne a mo raya a reng, mme o ne a batla gore Jesu a belaele eng? (b) Satane o re raela jang ka tsela e e tshwanang?

3 Bala Mathaio 4:1-7. Fa Satane a ne a raela Jesu o ne a simolola pele ka go leka go mo tsietsa a re, “Fa e le gore o morwa Modimo.” A Satane o ne a sa itse gore Jesu ke Morwa Modimo? O ne a itse. Satane o ne a itse sentle gore Jesu ke morwa Modimo le gore ke leitibolo. (Bakol. 1:15) Gape o ne a itse gore fa Jesu a ne a kolobediwa, Jehofa o ne a re: “Yono ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo amogetseng.” (Math. 3:17) Gongwe Satane o ne a batla gore Jesu a belaele gore Rraagwe o a ikanyega le gore o a mo rata. Fa a ne a raela Jesu gore a fetole maje gore a nne senkgwe, sentlentle o ne a re: ‘Ka gore o a re o Morwa Modimo, ke eng fa Rrago a sa go neye dijo?’ Fa a ne a mo raya a re a itatlhele kwa tlase, sentlentle o ne a re: ‘Ka gore o a re o Morwa Modimo, a o dumela gore Rrago o tla go sireletsa?’

4 Le rona Satane o re raela ka tsela e e tshwanang. (2 Bakor. 2:11) O emela gore re kgobege marapo a bo a re tlhasela mme gantsi o dira jalo ka ditsela tse di sa lemotshegeng. (2 Bakor. 11:14) O batla gore re dumele gore Jehofa ga a re rate e bile ga a re beye sebete. Gape o batla gore re dumele gore Jehofa ga a ikanyege le gore ga a kitla a dira se a se solofeditseng. Seo ke maaka a matala. (Joh. 8:44) Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dumela maaka ao?

5. Jesu o ile a dira eng fa Satane a ne a mo raela?

5 Ela tlhoko gore Jesu o ile a dira eng fa Satane a ne a mo raela. Jesu o ne a tshepa Rraagwe e bile o ne a itse gore o a mo rata. Ga a ka a letla Satane gore a mo tsietse, go na le moo, o ne a mo araba a dirisa Lefoko la Modimo. O ile a mo araba a dirisa ditemana tse di nang le leina la Modimo. (Dute. 6:16; 8:3) Fa Jesu a ne a dirisa leina la Modimo, o ne a bontsha gore o tshepa Rraagwe. Leina leo le kaya gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. a

6, 7. Re ka lwantshana jang le maano a ga Satane a a sa lemotshegeng?

6 Fa re ipha nako go akanyetsa kwa teng ka bokao jwa leina la Modimo e bile re ikaega ka Lefoko la gagwe, re tla kgona go lwantshana le maano a ga Satane. Baebele e a re Jehofa o rata batho ba gagwe, segolobogolo ba ba kgobegileng marapo. Fa re tlhatswegile pelo gore ditemana tseo tsa Baebele di bua le ka rona, re tla lemoga gore Satane o bua maaka a matala fa a re Jehofa ga a re rate. (Pes. 34:18; 1 Pet. 5:8) Mo godimo ga moo, fa re nna re gopotse gore Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka metlha fela jaaka leina la gagwe le kaya, re tla mo tshepa ka pelo yotlhe.​—Diane 3:5, 6.

7 Mme gone, boikaelelo jwa ga Satane ke eng? Totatota o batla eng mo go rona? Go ne ga bonala sentle gore Satane o batla eng fa a ne a raela Jesu lekgetlo la boraro.

‘Wela fa Fatshe Mme o Nkobamele’

8. Fa Satane a ne a raela Jesu lekgetlo la boraro, tota ke eng se a neng se batla?

8 Bala Mathaio 4:8-11. Fa Satane a ne a raela Jesu lekgetlo la boraro, o ne a sa tlhole a potapota. O ne a bua puo phaa! gore o batla eng. Satane o ne a bontsha Jesu “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one” gongwe a dirisa ponatshegelo mme ga a ka a mmontsha bonweenwee jo bo tletseng mo go one. Go tswa foo, o ne a mo raya a re: “Ke tla go naya dilo tseno tsotlhe fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” b Ke sone se tota Satane a neng a se batla. O ne a batla gore Jesu a tlhanogele Rraagwe mme a mo obamele. Satane o ne a batla gore go bonale e kete o direla Jesu dilo motlhofo. O ne a raya gore Jesu a ka kgona go nna le dilo tseo tsotlhe ntle le go bogisiwa. Mo go rayang gore o ne a ka se rwesiwe serwalo sa mmitlwa, o ne a ka se itewe e bile o ne a ka se bolaelwe mo koteng ya tlhokofatso. Satane o ne a ka kgona go raela Jesu ka magosi ano ka gonne e ne e le a gagwe e bile Jesu ga a ka a ganela gore Satane ke ene a laolang dipuso tsotlhe mo lefatsheng. (Joh. 12:31; 1 Joh. 5:19) Tota re a bona gore Satane o ne a ka dira sotlhe se a se kgonang gore Jesu a se ka a obamela Rraagwe ka tsela e e mo itumedisang.

9. (a) Satane o batla gore batho ba ga Jehofa ba dire eng, mme o leka go re raela jang? (b) Go obamela Jehofa go akaretsa eng? (Bona lebokoso le le reng, “Go Obamela go Kaya Eng?”)

9 Le rona Satane o batla gore re mo obamele ka tlhamalalo kgotsa re dire dilo tse di sa itumediseng Jehofa. Satane ke “modimo wa lefatshe leno,” ka jalo, batho ba ba mo bodumeding jwa maaka ba a mo obamela le fa ba sa dire jalo ka tlhamalalo. (2 Bakor. 4:4) Le fa gone Satane a obamelwa ke batho ba le bantsi, ga a kgotsofale. O sa ntse a batla gore batho ba ga Jehofa ba dire dilo tse Jehofa a sa di rateng. Satane ga a batle re tshela ka tsela e e itumedisang Jehofa e ka dinako tse dingwe e ka dirang gore re ‘boge ka gonne re dira se se siameng,’ go na le moo, o batla gore re lelekise dikhumo tsa lefatshe leno le go batla taolo. (1 Pet. 3:14) Fa re ka wela mo seraing seno re bo re tlhanogela Jehofa, tota re tla bo re obamela Satane e bile re tla bo re mo dira modimo wa rona. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra wela mo seraing seno?

10. Jesu o ile a araba jang fa Satane a ne a mo raela lekgetlo la boraro, mme goreng a ne a rialo?

10 Ela tlhoko se Jesu a ileng a se dira fa Satane a ne a mo raela lekgetlo la boraro. O ne a mo raya a re: “Tsamaya, Satane!” Ka go dira jalo, o ne a bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa ka pelo yotlhe. Jesu o ne a boa gape a bua mafoko a a tswang mo lokwalong lwa Duteronome lo lo nang le leina la Modimo. O ne a re: “Go kwadilwe jaana: ‘O tshwanetse go obamela Jehofa, Modimo wa gago fela, e bile ke ene fela yo o tshwanetseng go mo direla.’” (Math. 4:10; Dute. 6:13) Jesu ga a ka a letla Satane gore a mo raele ka dikhumo le taolo tse e neng e tla nna tsa nakwana fela e bile ga a ka tlhopha botshelo jo bo motlhofo fela ka gonne a sa batle go boga. O ne a itse gore o tshwanetse go obamela Rraagwe fela le gore fa a ka obamela Satane gangwe fela, go tla bo go bontsha gore o tsaya letlhakore la gagwe. Jesu ga a ka a okaoka, o ne a gana go obamela Satane. Ka jalo, “Diabolo o ne a mo tlogela.” c

“TSAMAYA, SATANE!” (Bona serapa 10)

11. Re ka lwantshana jang le maano a ga Satane?

11 Re ka kgona go lwantshana le maano a ga Satane le lefatshe la gagwe le le bosula ka gonne fela jaaka Jesu, Jehofa o re neile kgololesego ya go itlhophela. Seno se raya gore ga go na le fa e le ope yo o ka re pateletsang gore re tlhanogele Jehofa. Tota le Satane a ka se kgone. Fa re ikanyega, re ‘ganetsana le Satane, re nonofile mo tumelong,’ tota re a bo re re: “Tsamaya, Satane!” (1 Pet. 5:9) Gopola gore Satane o ne a tlogela Jesu fela fa a sena go gana go mo obamela a sa okaoke. Le rona Baebele e re raya e re: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”​—Jak. 4:7.

Re ka kgona go lwantshana le maano a ga Satane le lefatshe la gagwe le le bosula (Bona serapa 11 le 19)

Satane o Batla Gore Batho Botlhe ba Tlhanogele Jehofa

12. Fa Satane a ne a raela Adame le Efa kwa tshimong ya Edene, o ne a bontsha jang gore ga a batle batho ba obamela Jehofa?

12 Fa Satane a ne a batla gore Jesu a mo obamele, o ne a bontsha gore e ne e le ene wa ntlha go sa batle gore batho ba obamele Jehofa. Lekgetlo la ntlha fa Satane a ne a bontsha gore ga a batle batho ba obamela Jehofa, e ne e le kwa tshimong ya Edene. O ne a raela Adame le Efa gore ba tlole molao wa ga Jehofa mme ka ntlha ya seo, o ne a simolola go ba laola. (Bala Genesise 3:1-5; 2 Bakor. 11:3; Tshen. 12:9) Tota re ka re, o ne a nna modimo wa bone mme ba ne ba simolola go mo obamela le fa ba ne ba sa itse gore ke ene yo o neng a ba tsieditse. Mo godimo ga moo, fa Satane a ne a dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Jehofa, o ne a le kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa e bile a sa batle gore batho ba obamele Jehofa. Goreng re rialo?

13. Go obamela Jehofa go amana jang le go tlotla bolaodi jwa gagwe?

13 Go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang go amana le go tlotla bolaodi jwa gagwe. Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe ke ene fela a tshwanelwang ke go obamelwa ka gonne o “bopile dilo tsotlhe.” (Tshen. 4:11) Jehofa o ile a bopa Adame le Efa ba se na boleo a bo a ba baya mo tshimong ya Edene. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le gore lefatshe lotlhe le tlale ka batho ba ba se nang boleo, ba ba mo obamelang ka tsela e e mo itumedisang mme ba dira jalo ka go rata. (Gen. 1:28) Satane o ne a le kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa ka gonne o ne a eletsa sengwe se se tshwanelang Morena Molaodimogolo Jehofa fela. O ne a eletsa go obamelwa.​—Jak. 1:14, 15.

14. A Satane o ile a kgona go dira gore batho botlhe ba tlhanogele Jehofa? Tlhalosa.

14 A Satane o ile a kgona go dira gore batho botlhe ba se ka ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang? O kgonne go dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Modimo. Fa e sa le ka nako eo, Satane o ntse a dira sotlhe se a ka se kgonang go dira gore batho ba le bantsi ba tlhanogele Jehofa Modimo. Tota le pele ga motlha wa Bakeresete, o ne a sa ntse a tsweletse a leka go dira gore batho ba tlhanogele Jehofa. Fa baaposetoloi ba sena go swa, o ne a dira gore go nne le batlhanogi mo phuthegong ya Bokeresete. Mme ka ntlha ya seo, go ne go bonala e kete ga go tlhole go na le batho ba ba obamelang Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. (Math. 13:24-30, 36-43; Dit. 20:29, 30) Morago ga ngwaga wa bo100 C.E., go ne go ntse jaaka e kete batho ba ga Jehofa ba wetse mo diatleng tsa Babelona yo Mogolo, e leng bodumedi jwa maaka. Mme gone, Satane ga a ka a kgona go dira gore batho botlhe ba tlhanogele Jehofa. Ga go na sepe se se ka emang boikaelelo jwa Modimo kwa pele. (Isa. 46:10; 55:8-11) Kgang eno e ama leina la gagwe, mme ka metlha Jehofa o diragatsa se a se solofeditseng fela jaaka leina la gagwe le kaya.

Jesu o Thusa Batho go Obamela Jehofa ka Tsela E e Mo Itumedisang

15. Jehofa o ile a dira eng fa Satane, Adame le Efa ba sena go mo tlhanogela, mme o ile a dira eng go tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa?

15 Fa Satane, Adame le Efa ba sena go tlhanogela Jehofa, Jehofa ga a ka a phutha matsogo. O ne a dira sengwe go tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe bo a diragadiwa. (Bala Genesise 3:14-19.) Jehofa o ile a atlhola batlhanogi bano. O ne a simolola ka Satane ka gonne ke ene a simolotseng dilo, a bo a tla ka Efa, a bo a feleletsa ka Adame. Fa Jehofa a ne a atlhola Satane, o ne a bolelela pele gore go tla nna le “losika” lo lo tla fedisang mathata otlhe a a neng a bakilwe ke batlhanogi bao. “Losika” loo, lo ne lo tla dira gore boikaelelo jwa ga Jehofa jwa gore batho ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang, bo diragadiwe.

16. Fa Satane, Adame le Efa ba sena go tlhanoga, ke eng gape se Jehofa a ileng a se dira go tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe bo a diragadiwa?

16 Fa e sa le Satane, Adame le Efa ba sena go tlhanogela Jehofa, Jehofa o sa ntse a tsweletse a dira gore boikaelelo jwa gagwe bo feleletse bo diragadiwa. Mo kgaolong e e latelang, re tla bona se a ileng a se dira go thusa batho gore ba kgone go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. (Baheb. 11:4–12:1) Gape, o ile a tlhotlheletsa batho ba le mmalwa go akaretsa Isaia, Jeremia le Esekiele gore ba kwale boporofeti jo bo buang ka nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Baebele e bua thata ka kgang eno. Boporofeti joo, bo tla diragadiwa ke “losika” lo lo solofeditsweng mme motho yo o botlhokwa thata mo losikeng loo ke Jesu Keresete. (Bagal. 3:16) Jesu o batla gore batho botlhe ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. O ile a bontsha seo fa a ne a gana go obamela Satane. Jehofa o ile a tlhopha Jesu gore e nne ene a diragatsang boporofeti jwa gore batho botlhe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. (Tshen. 19:10) O ne a tla thusa batho ba Modimo gore ba tswe mo Babelona yo Mogolo mme ba boe ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.

Wena o Tla Dira Eng?

17. Goreng re rata boporofeti jo bo buang ka nako ya fa batho botlhe ba tla bong ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang?

17 Go ithuta ka boporofeti jo bo buang ka nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba obamela Jehofa, go a itumedisa e bile go nonotsha tumelo ya rona. Re rata boporofeti jono ka gonne eleruri rotlhe re batla go ipona re tshela ka nako ya fa botlhe kwa legodimong le mo lefatsheng ba tla bong ba obamela Morena Molaodimogolo Jehofa. Gape boporofeti jono bo dira gore re nne le tsholofelo ka gonne bo bua ka dilo tse di itumedisang tse di tla diregang mo nakong e e tlang. Ga go na ope yo o ka reng ga a batle go bona Jehofa a diragatsa se a se solofeditseng. Rotlhe re batla go bona batho ba re ba ratang ba ba tlhokafetseng ba tsosiwa mo baswing, re batla go bona lefatshe lotlhe e le paradaise, re tshelela ruri go se na ope yo o lwalang.​—Isa. 33:24; 35:5, 6; Tshen. 20:12, 13; 21:3, 4.

18. Re tla sekaseka eng mo bukeng eno?

18 Mo bukeng eno, re tla sekaseka boporofeti jo bo kgatlhang jo bo mo bukeng ya Esekiele. Bontsi jwa boporofeti jono, bo bua ka nako ya fa rotlhe re tla bong re obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Re tla tlotla ka gore boporofeti jwa ga Esekiele bo amana jang le boporofeti jo bongwe jo bo mo Baebeleng, gore Jesu o tla bo diragatsa jang le gore rona bo re ama jang.​—Bona lebokoso le le reng, “Se se Mo Bukeng ya Esekiele.”

19. O ikaeletse go dira eng, mme ka ntlha yang?

19 Ka 29 C.E. fa Jesu a ne a le kwa nageng ya Judea, Satane o ne a palelwa ke go dira gore a tlhanogele Jehofa. A rona Satane o tla kgona go dira gore re tlhanogele Jehofa? Gone jaanong Satane o tlhantlhetse le go feta. O batla gore re dire dilo tse di sa itumediseng Jehofa. (Tshen. 12:12, 17) Re solofela gore buka eno e tla go thusa gore o kgone go lwantshana le maano a ga Satane a go leka go go katosetsa kgakala le Jehofa. Gape re solofela gore dilo tse o di buang le tse o di dirang di tla bontsha gore o dumalana le mafoko ano a a reng, “O tshwanetse go obamela Jehofa, Modimo wa gago fela.” Fa o dira jalo, o tla nna le tshono ya go nna gone fa boikaelelo jwa ga Jehofa bo diragadiwa, fa mongwe le mongwe yo o kwa legodimong le mo lefatsheng, a tla bong a obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang mme a dira jalo ka go rata.

a Batho bangwe ba itse leina Jehofa le kaya, “O Dira Gore go Diragale.” Ruri leina leno le a mo tshwanela ka gonne ke Mmopi e bile o dira dilo tse a di solofeditseng.

b Buka nngwe e e buang ka Baebele e a re: “Fa Satane a ne a raela Adame le Efa . . . , kgang ya konokono e ne e le gore ba dire tshwetso ya gore a ba tla dira thato ya ga Satane kgotsa ya Modimo, a ba tla ikobela Modimo kgotsa Satane. Satane o batla gore batho ba mo obamele go na le gore ba obamele Modimo.”

c Mo go Mathaio, ditiragalo tsa fa Satane a ne a raela Jesu di a latelana mme mo go Luke ga di latelane. Ke eng fa re rialo? (1) Go lebega go utlwala gore fa Satane a ne a leka go raela Jesu o ile a simolola pele ka go leka go mo tsietsa a mo raya a re, “Fa e le gore o morwa Modimo.” Fa a sena go palelwa, e bo e nna gone a lekang go mo raela ka tlhamalalo gore a tlole molao wa ntlha mo melaong e e lesome e Jehofa a neng a e neile batho ba gagwe. (Ekes. 20:2, 3) (2) Fa Satane a ne a raela Jesu gore a mo obamele, Jesu o ile a mo raya a re, “Tsamaya, Satane!” Mafoko ano a bontsha gore e ne e le lekgetlo la bofelo a bua le Satane. Ka jalo, re ka fetsa ka go re thaelo eno, e ne e le ya bofelo.​—Math. 4:5, 10, 11.