Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 2

“Modimo O ne A Amogela” Dimpho Tsa Bone

“Modimo O ne A Amogela” Dimpho Tsa Bone

BAHEBERA 11:4

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Se Jehofa a neng a lebeletse gore batlhanka ba gagwe ba se dire fa ba mo obamela

1-3. (a) Re tla sekaseka dipotso dife? (b) Re tlile go tlotla ka dilo dife di le nnê tse Modimo a lebeletseng gore re di dire fa re mo obamela? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)

 ABELE o ne a ntse a lebeletse dinku tsa gagwe. O ne a di rata ka gonne e le ene a di godisitseng. O ile a tlhopha dingwe gore a ntshetse Modimo setlhabelo ka tsone. Mme gone, a Jehofa o ne a tla amogela setlhabelo seo se se neng se ntshiwa ke motho yo o nang le boleo?

2 Jehofa o ile a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a kwale ka Abele a re: “Modimo o ne a amogela dimpho tsa gagwe.” Mme gone, Jehofa ga a ka a amogela setlhabelo sa ga Kaine. (Bala Bahebera 11:4.) Seno se dira gore re ipotse dipotso tseno: Ke eng fa Modimo a ile a amogela setlhabelo sa ga Abele mme a bo a sa amogele sa ga Kaine? Re ka ithuta eng mo go Kaine le Abele le batho ba bangwe ba go buiwang ka bone mo go Bahebera 11? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re thusa go tlhaloganya gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re obamele Modimo ka tsela e e mo itumedisang.

3 Fa re ntse re tlotla ka dilo tse di ileng tsa direga go simolola ka motlha wa ga Abele go fitlha ka wa ga Esekiele, ela tlhoko dilo di le nnê tse di latelang tse di dirang gore Modimo a amogele kobamelo ya rona: Re tshwanetse go obamela Jehofa, re mo obamela ka bojotlhe, ka tsela e a e batlang le ka maitlhomo a a siameng.

Goreng Jehofa A ne A sa Amogele Setlhabelo sa ga Kaine?

4, 5. Ke eng se se thusitseng Kaine go lemoga gore fa a ntsha setlhabelo o tshwanetse go se ntshetsa Jehofa fela?

4 Bala Genesise 4:2-5. Kaine o ne a itse gore fa a ntsha setlhabelo, o tshwanetse go se ntshetsa Jehofa. O ile a nna le nako e e telele ya go ithuta ka Jehofa. Ene le Abele ba ka tswa ba ne ba na le dingwaga di le 100 fa ba ne ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo. a Ba godile ba itse gore go na le tshimo ya Edene. Gongwe e bile ba ne ba tlhola ba e bona. Gape ba ne ba tlhola ba bona ditšheruba tse Jehofa a neng a di beile gore di dise tshimo eo. (Gen. 3:24) Mo godimo ga moo, batsadi ba bone ba tshwanetse ba bo ba ile ba ba bolelela gore Jehofa ke ene a bopileng sengwe le sengwe le gore kwa tshimologong e ne e se boikaelelo jwa gagwe gore batho ba tsofale ba bo ba swe. (Gen. 1:24-28) Dilo tseno di ka tswa di ile tsa dira gore Kaine a lemoge gore o tshwanetse go ntshetsa Modimo setlhabelo.

5 Ke eng gape se se ka tswang se dirile gore Kaine a ntshe setlhabelo? Fa Adame le Efa ba sena go leofa, Jehofa o ne a re go ne go tla nna le “losika” lo lo neng lo tla nyeletsa noga e e neng e dirile gore Efa a leofe. (Gen. 3:4-6, 14, 15) Kaine e ne e le ene ngwana wa ntlha, ka jalo, a ka tswa a ne a ithaya a re ke ene “losika” loo lo lo solofeditsweng. (Gen. 4:1) Gape Jehofa o ne a sa ntse a buisana le batho le fa gone ba ne ba na le boleo. Le fa Adame a ile a leofa, Modimo o ne a nna a buisana le ene a dirisa moengele. (Gen. 3:8-10) Mo godimo ga moo, fa Kaine a sena go ntsha setlhabelo, Jehofa o ile a bua le ene. (Gen. 4:6) Ka jalo, Kaine o ne a itse gore o tshwanetse go obamela Jehofa.

6, 7. A go ne go na le sengwe se se phoso ka setlhabelo sa ga Kaine kgotsa tsela e a se ntshitseng ka yone? Tlhalosa.

6 Mme gone, ke eng fa Jehofa a ile a se ka a amogela setlhabelo sa ga Kaine? A go ne go na le sengwe se se phoso ka setlhabelo seo? Baebele ga e bue sepe ka kgang eno. E tlhalosa fela gore Kaine o ile a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka “maungo a a a lemileng.” Ga go lebege go ne go na le sengwe se se phoso ka setlhabelo seo ka gonne moragonyana, Jehofa o ile a tlhalosa mo Molaong o a neng a o naya Moshe gore o amogela ditlhabelo tse di ntseng jalo. (Dipa. 15:8, 9) Ntlha e nngwe ke gore, ka nako eo, batho ba ne ba ja maungo le merogo fela. (Gen. 1:29) Mo godimo ga moo, Modimo o ne a hutsitse mmu o o neng o le kwa ntle ga tshimo ya Edene, ka jalo, Kaine o ile a dira ka natla gore a nne le sengwe se a ka ntshang setlhabelo ka sone. (Gen. 3:17-19) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a se amogela.

7 A go ne go na le sengwe se se phoso ka tsela e Kaine a ntshitseng setlhabelo ka yone? A o ne a se ntshitse ka tsela e Jehofa a sa e amogeleng? Ga go bonale jalo. Ke eng fa re rialo? Ka gonne fa Jehofa a ne a gana go amogela setlhabelo sa ga Kaine, ga a ka a re o se ntshitse ka tsela e e sa tshwanelang. Tota e bile, Baebele ga e tlhalose gore Abele le Kaine ba ile ba ntsha ditlhabelo tsa bone jang. Ka jalo, tota bothata e ne e le eng?

Kaine o ne a na le maitlhomo a a sa siamang (Bona serapa 8 le 9)

8, 9. (a) Goreng Jehofa a ne a sa amogele Kaine le setlhabelo sa gagwe? (b) Ke eng se se gakgamatsang ka se Baebele e se buang ka Kaine le Abele?

8 Se Paulo a ileng a se bua mo bukeng ya Bahebera se re thusa go bona gore Kaine o ile a ntsha setlhabelo ka maitlhomo a a sa siamang. Tumelo ya gagwe e ne e sa nonofa. (Baheb. 11:4; 1 Joh. 3:11, 12) Ke gone ka moo Jehofa a ileng a se ka a amogela setlhabelo seo. Mme bothata e ne e se setlhabelo, bothata e ne e le Kaine. (Gen. 4:5-8) Jehofa o ne a rata Kaine, ka jalo, o ile a leka go mo thusa gore a ipaakanye. Mme Kaine o ne a sa batle go utlwa sepe. E re ka a ne a sa batle gore Jehofa a mo thuse, pelo ya gagwe e ne ya nna bosula le go feta. (Bagal. 5:19, 20) Seo se ne sa dira gore Jehofa a se ka a amogela setlhabelo sa ga Kaine le fa e ne e le sa maemo a a kwa godimo e bile a se ntshitse ka tsela e e siameng. Seno se re ruta gore fa re batla gore Jehofa a re amogele, ga re a tshwanela go itira e kete re a mo obamela gore re bonwe ke batho. Go na le moo, re tshwanetse go mo obamela go tswa pelong.

9 Baebele e re bolelela dilo di le dintsi ka Kaine. E re bolelela se Jehofa a ileng a se bua le ene le tsela e Kaine a ileng a mo araba ka yone. Gape e re bolelela maina a ditlogolwana tsa gagwe le dilo dingwe tse ba ileng ba di dira. (Gen. 4:17-24) Mme Abele ene ga go na sepe se a ileng a se bua se se kwadilweng mo Baebeleng, e bile Baebele ga e tlhalose gore a o ne a na le bana. Le fa go ntse jalo, o re tlhometse sekao se se molemo se re ka se etsang. Re raya jang?

Abele O ne A Obamela Jehofa ka Tsela e e mo Itumedisang

10. Abele o ile a obamela Modimo jang ka tsela e e mo itumedisang?

10 Abele o ile a ntshetsa Jehofa setlhabelo ka gonne o ne a itse gore ke ene fela a tshwanetsweng ke go obamelwa. Setlhabelo sa ga Abele e ne e le sa maemo a a kwa godimo ka gonne o ile a se ntsha ka “mangwe a maitibolo a letsomane la gagwe.” Baebele ga e tlhalose gore a o ne a ntshetsa setlhabelo seo mo sebesong, mme Jehofa o ile a amogela tsela e se neng se ntshitswe ka yone. Mme selo se se tlhomologileng thata ka setlhabelo sa ga Abele, ke maitlhomo a gagwe fa a ne a se ntsha. Le fa go setse go fetile dingwaga di le dintsi, sekao sa gagwe se sentle se sa ntse se re tswela mosola le gompieno. Abele o ile a ntsha setlhabelo ka gonne a na le tumelo mo Modimong e bile a rata melao ya gagwe. Re itse jang?

Abele o ile a dira dilo di le nnê tse Jehofa a lebeletseng gore re di dire fa re mo obamela (Bona serapa 10)

11. Ke eng fa Jesu a ne a re Abele ke motho yo o siameng?

11 Sa ntlha, ela tlhoko se Jesu a ileng a se bua ka Abele. Jesu o ne a mo itse sentle ka gonne o ne a le kwa legodimong ka nako ya fa Abele a ne a tshela. O ne a rata Abele. (Diane 8:22, 30, 31; Joh. 8:58; Bakol. 1:15, 16) Ka jalo, fa a ne a re Abele ke motho yo o siameng, o ne a sa bue magatwe, o ne a bua selo se a se itseng. (Math. 23:35) Motho yo o siameng ke yo o dumelang gore Jehofa ke ene fela a nang le tshwanelo ya go bua gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Mo godimo ga moo, o tshela ka melao ya ga Jehofa. (Bapisa Luke 1:5, 6.) Mme gone, ga go itiragalele fela gore motho a itsege a siame, go tsaya nako. Ka jalo, tota le pele Abele a ntsha setlhabelo, o ne a tshela ka melao ya ga Jehofa. Go dira jalo go ka tswa go ne go se motlhofo ka gonne mogoloe o ne a dira dilo tse di bosula. (1 Joh. 3:12) Mmaagwe o ile a tlola molao wa ga Jehofa mme rraagwe le ene o ile a tlhanogela Jehofa ka gonne a batla go ipagololela mogodu. (Gen. 2:16, 17; 3:6) Eleruri Abele o ne a le pelokgale ka gonne ga a ka a tshwana le batho ba gabone.

12. Abele o ne a farologane jang le Kaine?

12 Moaposetoloi Paulo o ile a amanya go nna le tumelo le go dira se se siameng. O ne a re: “E re ka Abele a ne a na le tumelo, o ne a isetsa Modimo setlhabelo se se botoka go gaisa sa ga Kaine, mme ka ntlha ya tumelo eo o ne a newa bosupi jwa gore o ne a siame.” (Baheb. 11:4) Se Paulo a ileng a se bua se bontsha gore Abele o ne a sa tshwane le Kaine ka gonne ene o ne a na le tumelo. Gape o ne a itse gore melao ya ga Jehofa e siame le gore ka metlha Jehofa o dira se se siameng.

13. Re ithuta eng mo go Abele?

13 Se Abele a ileng a se dira se re ruta gore fa re batla go direla Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, re tshwanetse go dira jalo ka maitlhomo a a siameng. Seno se raya gore re tshwanetse go dumela mo go Jehofa e bile re tshwanetse go tshela ka melao ya gagwe. Mo godimo ga moo, ga re a tshwanela go itumedisa Jehofa gangwe fela, go na le moo, re tshwanetse go mo itumedisa botshelo jwa rona jotlhe.

Ba Bangwe ba ba Neng ba Obamela Jehofa ka Tsela E e Mo Itumedisang

14. Ke eng fa Jehofa a ile a amogela ditlhabelo tsa ga Noa, Aborahame le Jakobe?

14 Abele e ne e le ene motho wa ntlha go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, mme gone, e ne e se ene wa bofelo. Moaposetoloi Paulo o ile a bua ka ba bangwe ba ba ileng ba dira jalo. Bangwe ba bone e ne e le Noa, Aborahame le Jakobe. (Bala Bahebera 11:7, 8, 17-21.) Batlhanka bano ba ga Jehofa ba ile ba mo ntshetsa ditlhabelo mme o ile a di amogela. Goreng a ile a di amogela? Ka gonne ga ba a ka ba ntsha ditlhabelo fela, gape ba ile ba dira sotlhe se Jehofa a lebeletseng gore batlhanka ba gagwe ba se dire fa ba mo obamela. A re tlotleng ka se ba ileng ba se dira.

Noa o ile a tlhomela ba lelapa la gagwe sekao se sentle (Bona serapa 15 le 16)

15, 16. Noa o ile a obamela Modimo jang ka tsela e e mo itumedisang?

15 Noa o ile a tsholwa dingwaga di le 126 fa Adame a sena go swa. Mme gone, fa a ne a tsholwa, batho ba ne ba setse ba obamela medimo ya maaka. b (Gen. 6:11) Ka nako eo, Noa le ba lelapa la gagwe e ne e le bone fela ba ba neng ba direla Jehofa ka tsela e a e amogelang. (2 Pet. 2:5) Fa Noa le ba lelapa la gagwe ba sena go falola Morwalela, Noa o ile a dira sebeso a bo a ntshetsa ditlhabelo mo go sone. c Fa Noa a ne a dira seno, o ne a bontsha ba lelapa la gagwe le bana ba ba neng ba tla nna le bone gore Jehofa ke ene fela a tshwanetsweng ke go obamelwa. Noa o ne a ntsha ditlhabelo ka “dingwe tsa diphologolo tsotlhe tse di phepa le dingwe tsa ditshedi tsotlhe tse di fofang tse di phepa.” (Gen. 8:20) Ditlhabelo tseo e ne e le tsa maemo a a kwa godimo ka gonne Jehofa ka boene o ile a re diphologolo tseo di phepa.​—Gen. 7:2.

16 Noa o ne a ntshetsa ditlhabelo mo sebesong se a neng a se dirile. A Jehofa o ile a amogela tsela e Noa a ileng a ntsha ditlhabelo tseo ka yone? Ee. Baebele e a re Jehofa o ile a itumelela lonko lo lo monate lwa ditlhabelo tseo mme a segofatsa Noa le bomorwawe. (Gen. 8:21; 9:1) Mme gone, lebaka la botlhokwa la go bo Jehofa a ile a amogela ditlhabelo tseo, ke ka gonne Noa o ne a di ntshitse ka maitlhomo a a siameng. Fa Noa a ne a ntsha ditlhabelo tseo, o ne a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng. Gape o ne a bontsha gore o dumela gore melao ya ga Jehofa e siame le gore ka metlha Jehofa o dira se se siameng. E re ka Noa a ne a ikobela Jehofa ka metlha e bile a tshela ka melao ya gagwe, Baebele e a re “o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Ka ntlha ya seo, Noa o itsege e le motho yo o siameng go tla go fitlha le gompieno.​—Gen. 6:9; Esek. 14:14; Baheb. 11:7.

17, 18. Aborahame o ile a obamela Modimo jang ka tsela e e mo itumedisang?

17 Aborahame o ne a tshela le batho ba ba neng ba obamela medimo ya maaka. Mo motseng o a neng a nna kwa go one wa Ure, go ne go na le tempele e kgolo e e neng e agetswe modingwana wa ngwedi o o bidiwang Nanna. d Nako nngwe rraagwe Aborahame le ene o ne a obamela medimo ya maaka. (Josh. 24:2) Aborahame ene o ne a tlhopha go obamela Jehofa. A ka tswa a ile a ithuta ka Jehofa mo go rraagwemogolo e bong Sheme, yo e neng e le morwa Noa. Sheme o ile a swa dingwaga di le 150 Aborahame a sena go tsholwa.

18 Aborahame o ile a ntsha ditlhabelo di le dintsi mo botshelong jwa gagwe, mme ka metlha ditlhabelo tseo o ne a di ntshetsa Jehofa. (Gen. 12:8; 13:18; 15:8-10) O ile a bontsha gore o ikemiseditse go ntshetsa Jehofa setlhabelo sa maemo a kwa godimo. O ile a dira seo jang? O ne a ikemiseditse go ntsha setlhabelo ka morwawe yo a mo ratang thata e bong Isake. Jehofa o ne a mmoleletse gore o tshwanetse go ntsha setlhabelo seo ka tsela efe. (Gen. 22:1, 2) Aborahame o ne a ikemiseditse go dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a re a se dire. Mme gone, pele Aborahame a ka ntsha setlhabelo ka Isake, Jehofa o ile a mo thibela. (Gen. 22:9-12) Jehofa o ile a amogela se Aborahame a neng a se dira ka gonne o ne a se dira ka maitlhomo a a siameng. Paulo o ne a re: “Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa, mme o ne a tsewa e le motho yo o siameng.”​—Bar. 4:3.

Jakobe o ile a tlhomela ba lelapa la gagwe sekao se se molemo (Bona serapa 19 le 20)

19, 20. Jakobe o ile a obamela Modimo jang ka tsela e e mo itumedisang?

19 Jakobe o ne a fetsa nako e e telele a nna kwa Kanana, lefatshe le Jehofa a neng a solofeditse gore o tla le naya Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe. (Gen. 17:1, 8) Batho ba kwa Kanana ba ne ba tsene ka tlhogo mo kobamelong ya maaka mo e leng gore Jehofa o ne a re lefatshe leo le ne le tla “tlhatsetsa banni ba lone kwa ntle.” (Lefi. 18:24, 25) Fa Jakobe a na le dingwaga tse 77, o ile a fuduga kwa Kanana, a nyala mme moragonyana o ne a boela gone a na le lelapa le legolo. (Gen. 28:1, 2; 33:18) Mme gone, bangwe mo lelapeng la gagwe ba ile ba tlhotlhelediwa ke kobamelo ya maaka. Le fa go ntse jalo, e rile Jehofa a laela Jakobe gore a ye go aga sebeso kwa Bethele, Jakobe o ile a raya ba lelapa la gagwe a re: “Latlhang medimo e sele e e mo gare ga lona mme lo iphepafatse.” Go tswa foo, o ile a dira sengwe le sengwe se Jehofa a neng a mo laetse gore a se dire.​—Gen. 35:1-7.

20 Jakobe o ile a aga dibeso di le dintsinyana kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Mme ka metlha ditlhabelo tse a neng a di ntsha mo dibesong tseo o ne a di ntshetsa Jehofa. (Gen. 35:14; 46:1) Ka metlha o ne a ntsha ditlhabelo tsa maemo a a kwa godimo, a di ntsha ka tsela e Jehofa a e amogelang e bile a di ntsha ka maitlhomo a a siameng. Ka ntlha ya seo, Baebele e a re Jakobe e ne e le “monna yo o se nang molato.” Baebele e dirisa mafoko ano fa e bua ka batho ba Jehofa a ba ratang. (Gen. 25:27) Jakobe o ile a tlhomela Baiseraele sekao se sentle.​—Gen. 35:9-12.

21. Re ithuta eng mo batlhankeng ba ga Jehofa ba ba neng ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang?

21 Re ka ithuta eng mo batlhankeng bano ba ga Jehofa ba ba ikanyegang? Le rona re tshela le batho ba ba ka dirang gore go nne thata gore re direle Jehofa. Gongwe e bile bangwe ba bone ke ba malapa a rona. Gore re kgone go lwantshana le kgwetlho eno, re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa e bile re tshwanetse go tlhatswega pelo gore melao ya gagwe e re tswela mosola. Re bontsha gore re na le tumelo fa re ikobela Jehofa e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang go mo direla. (Math. 22:37-40; 1 Bakor. 10:31) Ruri re a kgothala go itse gore fa re dira bojotlhe go obamela Jehofa ka tsela e a e batlang e bile re dira jalo ka maitlhomo a a siameng, o re tsaya re le batho ba ba siameng.​—Bala Jakobe 2:18-24.

Setšhaba se se Neng se Obamela Jehofa ka Tsela E e Mo Itumedisang

22-24. Molao wa ga Jehofa o ne o gatelela jang dilo tse Baiseraele ba neng ba tshwanetse go di dira gore ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang?

22 Jehofa o ne a naya Baiseraele Molao o o neng o tla ba thusa go itse gore ke eng se a se batlang. Fa ba ne ba ka mo ikobela, ba ne ba tla nna ‘batho ba gagwe ba ba kgethegileng’ le ‘setšhaba sa gagwe se se boitshepo.’ (Ekes. 19:5, 6) Ela tlhoko kafa Molao o neng o gatelela ka gone dilo di le nnê tse ba neng ba tshwanetse go di dira gore Jehofa a amogele kobamelo ya bone.

23 Molao wa ga Jehofa o ne o tlhalosa sentle gore Baiseraele ba tshwanetse go obamela mang. Jehofa o ne a re: “Ga o a tshwanela go nna le medimo epe e mengwe kwantle ga me.” (Ekes. 20:3-5) Ditlhabelo tse ba neng ba mo ntshetsa tsone e ne e tshwanetse go nna tsa maemo a a kwa godimo. Ba ne ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo ka diphologolo tse di itekanetseng e bile di se na bogole bope. (Lefi. 1:3; Dute. 15:21; bapisa Malaki 1:6-8.) Balefi ba ne ba newa sengwe go tswa mo meneelong e e neng e ntshediwa Jehofa. Mme le bone ba ne ba tshwanetse go ntsha meneelo. Ba ne ba tshwanetse go ntsha moneelo ka dimpho “tse di di gaisang tsotlhe” go tswa mo meneelong e ba neng ba e neilwe. (Dipa. 18:29) Baiseraele ba ne ba boleletswe tsela e ba tshwanetseng go obamela Jehofa ka yone. Ka sekai, ba ne ba boleletswe gore ba ntshe ditlhabelo ka eng, ba di ntshetse kae le gore ba di ntshe jang. Ba ne ba neilwe melao e feta 600 e e neng e tla ba thusa go itse gore ba obamele Jehofa jang. Ba ne ba tewa go twe: “Lo tlhomamise gore lo dira fela jaaka Jehofa, Modimo wa lona a lo laetse. Ga lo a tshwanela go tsaya tsela e e phoso.”​—Dute. 5:32.

24 A go ne go le botlhokwa gore Baiseraele ba ntshetsa ditlhabelo kae? Ee. Jehofa o ile a laela batho ba gagwe gore ba age motlaagana, mme ke gone kwa ba neng ba tla mo obamela gone. (Ekes. 40:1-3, 29, 34) Fa Baiseraele ba ne ba batla gore Modimo a amogele ditlhabelo tsa bone, ba ne ba tshwanetse go di isa kwa motlaaganeng. e​—Dute. 12:17, 18.

25. Selo sa botlhokwa thata e ne e le eng fa motho a ntsha setlhabelo? Tlhalosa.

25 Sa botlhokwa le go feta, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ntshetsa Jehofa ditlhabelo ka maitlhomo a a siameng. Ba ne ba tshwanetse go di ntsha ka gonne ba rata Jehofa le melao ya gagwe. (Bala Duteronome 6:4-6.) Fa Baiseraele ba ne ba obamela Jehofa ba ikgolola fela, o ne a sa amogele ditlhabelo tsa bone. (Isa. 1:10-13) Jehofa o ile a dirisa moporofeti Isaia gore a bue ka batho ba ba neng ba itira e kete ba mo obamela go tswa pelong. O ne a re: “Batho bano ba . . . ntlotla ka melomo ya bone fela, mme dipelo tsa bone di kgakala le nna.”​—Isa. 29:13.

Go Obamela Kwa Tempeleng

26. Kwa tshimologong, tempele e e neng e agilwe ke Solomone e ne e dirisediwa eng?

26 Dingwaga di le dintsi fa Baiseraele ba sena go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Kgosi Solomone o ne a aga lefelo la kobamelo le le neng le gaisa motlaagana. (1 Dikg. 7:51; 2 Ditir. 3:1, 6, 7) Kwa tshimologong, ditlhabelo tse di neng di ntshiwa kwa tempeleng e Solomone a neng a e agile, di ne di ntshediwa Jehofa fela. Solomone le Baiseraele ba ne ba ntsha ditlhabelo di le dintsi tsa maemo a a kwa godimo ka tsela e Molao o neng o re di ntshiwe ka yone. (1 Dikg. 8:63) Le fa go ntse jalo, madi a a neng a dirisitswe go aga tempele le ditlhabelo tse dintsi tse di neng di ntshiwa kwa go yone, ga se tsone tse di neng di dira gore Jehofa a amogele kobamelo ya Baiseraele. Se se neng se le botlhokwa thata, e ne e le maitlhomo a ba ba neng ba ntsha ditlhabelo. Solomone o ile a gatelela ntlha eno fa go ne go kgakolwa tempele. O ne a re: “Lo direle Jehofa, Modimo wa rona ka pelo yotlhe ka go tsamaya mo melaong ya gagwe le ka go boloka ditaelo tsa gagwe jaaka mo letsatsing leno.”​—1 Dikg. 8:57-61.

27. Baiseraele le dikgosi tsa bone ba ile ba dira eng mme Jehofa ene o ile a dira eng?

27 Ka maswabi, Baiseraele ga ba aka ba dirisa kgakololo ya ga Solomone. Ba ile ba palelwa ke go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Baiseraele le dikgosi tsa bone ba ne ba simolola go dira dilo tse di bosula. Ba ne ba sa tlhole ba dumela mo go Jehofa e bile ba sa tlhole ba tshela ka melao ya gagwe. Mme Jehofa o ne a nna a ba bontsha gore o a ba rata ka go ba romelela baporofeti gore ba ba kgalemele le go ba bolelela ditlamorago tsa dilo tse di bosula tse ba neng ba di dira. (Jer. 7:13-15, 23-26) Mongwe wa baporofeti bao e ne e le Esekiele. O ne a tshela ka nako e batho ba neng ba sa tlhole ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.

Jehofa ga a Tlhole a Obamelwa ka Tsela E e Mo Itumedisang

28, 29. Ke eng se re se itseng ka Esekiele? (Bona lebokoso le le reng, “Botshelo Jwa ga Esekiele.”)

28 Esekiele o ne a itse tsela e batho ba neng ba obamela Jehofa ka yone kwa tempeleng e e neng e agilwe ke Solomone. Rraagwe Esekiele e ne e le moperesiti e bile o ne a tle a direle kwa tempeleng. (Esek. 1:3) Go lebega Esekiele a ne a godile monate. Rraagwe o ne a mo rutile ka Jehofa le ka Molao wa gagwe. Fa Esekiele a ne a le monnye, go ne ga fitlhelwa “buka ya Molao” kwa tempeleng. f Ka nako eo, go ne go busa Kgosi Josia. Fa Josia a sena go utlwa se se neng se kwadilwe mo bukeng ya Molao, o ile a tsaya matsapa go netefatsa gore batho ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.​—2 Dikg. 22:8-13.

Esekiele o ile a ithuta ka Jehofa le ka Molao wa gagwe mo go rraagwe (Bona serapa 28)

29 Esekiele o ile a etsa sekao sa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba ileng ba tshela pele ga gagwe ka gonne o ile a obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Fa re bala buka ya Esekiele, re kgona go bona gore o ne a obamela Jehofa fela e bile a dira jalo ka bojotlhe. Gape re kgona go bona gore o ne a dira sotlhe se Jehofa a neng a mo kopa gore a se dire e bile a se dira ka tsela e Jehofa a neng a e batla. O ile a dira jalo ka gonne o ne a dumela mo go Jehofa ka pelo yotlhe. Batho ba le bantsi ba a neng a tshela le bone ba ne ba sa obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Esekiele o godile a utlwa boporofeti jwa ga Jeremia yo o neng a simolola go nna moporofeti ka 647 B.C.E. Jeremia o ne a tlhagisa batho ka katlholo ya ga Jehofa e e neng e tla.

30. (a) Boporofeti jwa ga Esekiele bo re thusa go tlhaloganya eng? (b) Boporofeti ke eng, mme re tshwanetse go tlhaloganya jang boporofeti jo bo mo bukeng ya Esekiele? (Bona lebokose le le reng, “Re Tshwanetse go Tlhaloganya Jang Boporofeti Jwa ga Esekiele?”)

30 Buka ya Esekiele e bontsha gore batho ba Modimo ba ne ba katogetse kgakala thata le ene. (Bala Esekiele 8:6.) Fa Jehofa a ne a otlhaya Bajuda, Esekiele le ene o ne a le mo palong ya batho ba ba ileng ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. (2 Dikg. 24:11-17) Mme gone, le fa Esekiele a ne a isitswe botshwarwa, Jehofa ga a ka a mo otlhaya. Go na le moo, o ne a mo naya kabelo ya gore a bolelele batho ba ba kwa botshwarwa dilo tse di neng di tla direga. Diponatshegelo le boporofeti jo bo mo bukeng ya Esekiele di tlhalosa se Jehofa a neng a tla se dira gore batho ba gagwe ba boe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang kwa Jerusalema. Mme gape di tlhalosa se Jehofa a tlileng go se dira gore batho botlhe ba feleletse ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang.

31. Buka eno e tla re thusa go dira eng?

31 Mo dikarolong tse di latelang tsa buka eno, re tla bona lemmenyana la se se diregang kwa legodimong kwa Jehofa a nnang gone le gore go tlile jang gore batho ba mo tlhanogele. Gape re tla ithuta ka se Jehofa a ileng a se dira go sireletsa batho ba gagwe le go netefatsa gore ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Mo godimo ga moo, re tla ithuta ka nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba obamela Jehofa. Mo kgaolong e e latelang, re tla tlotla ka ponatshegelo ya ntlha ya ga Esekiele. E re thusa go bona se se diregang kwa legodimong le lebaka la go bo Jehofa e le ene fela yo re tshwanetseng go mo obamela.

a Go bonala Abele a ile a tsholwa fa Adame le Efa ba sena go lelekwa kwa tshimong ya Edene. (Gen. 4:1, 2) Genesise 4:25 e a re Modimo o ne a tlhoma Sethe “mo boemong jwa ga Abele.” Fa Sethe a tsholwa, Adame o ne a na le dingwaga di le 130. (Gen. 5:3) Go raya gore Abele a ka tswa a ne a na le dingwaga di le 100 fa Kaine a mmolaya.

b Genesise 4:26 e a re ka motlha wa ga Enoshe yo e neng e le setlogolo sa ga Adame, “batho ba ne ba simolola go bitsa leina la ga Jehofa.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba dira jalo ka lonyatso, gongwe ba amanya leina la Modimo le medimo ya maaka.

c Leno ke lekgetlo la ntlha Baebele e bua ka sebeso.

d Modingwana wa monna e bong Nanna gape o ne a bidiwa Sin. Le fa gone batho ba kwa Ure ba ne ba obamela medimo e le mentsi, ditempele le dibeso tse di neng di le kwa motseng oo di ne di agetswe ene.

e Fa Letlole le sena go ntshiwa kwa motlaaganeng, go bonala Jehofa a ile a simolola go amogela ditlhabelo tse di neng di ntshediwa kwa mafelong a mangwe.​—1 Sam. 4:3, 11; 7:7-9; 10:8; 11:14, 15; 16:4, 5; 1 Ditir. 21:26-30.

f Go bonala Esekiele a ne a na le dingwaga di le 30 fa a ne a simolola go porofeta ka 613 B.C.E. Ka jalo, go lebega a tshotswe ka 643 B.C.E. (Esek. 1:1) Josia o simolotse go busa ka 659 B.C.E., mme go bonala buka ya Molao e ile ya bonwa ka ngwaga wa bo18 a busa kgotsa magareng ga 642 B.C.E. le 641 B.C.E.