Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 3

“Ka Simolola go Bona Diponatshegelo Tsa Modimo”

“Ka Simolola go Bona Diponatshegelo Tsa Modimo”

ESEKIELE 1:1

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Ponatshegelo ya ga Esekiele ya kara ya kwa legodimong

1-3. (a) Tlhalosa se Esekiele a neng a se bona le se a neng a se utlwa mo ponatshegelong. (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Ke eng se se neng se dira gore Esekiele a bone ponatshegelo mme o ile a ikutlwa jang fa a sena go e bona?

 NAKO nngwe Esekiele fa a le mo lefelong lengwe, o ne a bona sengwe se le kgakala. O ne a gakgamaletse se a se bonang. Go ne go tla setsuatsue. Mme gone, e ne e se setsuatsue fela se se tlwaelegileng, e ne e le sa diragadibonwe. Fa a ntse a phepheulwa ke phefo, o ne a bona leru le le boitshegang. Leru leo le ne le na le molelo o o tsabakelang mme le ne le phatsima thata o kare ke gauta le selefera. Fa leru leo le ntse le atamela Esekiele ka bonako, go ne ga tsoga modumo o o kwa godimo o utlwala jaaka modumo wa masole a ya ntweng.​—Esek. 1:4, 24.

2 Ka nako eo Esekiele o ne a na le dingwaga di ka nna 30. Leno e ne e le lekgetlo la ntlha a bona ponatshegelo e e kgatlhang, mme e ne e se la bofelo. O ne a utlwa “maatla a ga Jehofa” a le mo go ene, e leng maatla a a boitshegang a moya o o boitshepo. Moya oo o ne o tlile go dira gore a bone matshetshe, go gaisa bontlentle jo re a tleng re bo bone mo dithelebisheneng. Fa a sena go bona ponatshegelo eo, o ne a sala a gamaregile tota mo a neng a wela fa fatshe ka mangole.​—Esek. 1:3, 28.

3 Mme gone boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e se go kgatlha Esekiele ka matshetshe a a neng a a bona. Ponatshegelo ya ntlha e Esekiele a ileng a e bona le tse dingwe tse a ileng a di bona moragonyana, di ne di na le bokao mo go ene mme gape di na le bokao mo go rona. Ka jalo, a re sekasekeng se Esekiele a ileng a se bona le se a ileng a se utlwa.

Maemo A ne A Ntse Jang?

4, 5. Maemo a ne a ntse jang fa Esekiele a ne a bona ponatshegelo?

4 Bala Esekiele 1:1-3. Mma re bue pele ka gore maemo a ne a ntse jang ka nako eo. Dilo tseno di diragetse ka ngwaga wa 613 B.C.E. Jaaka re ithutile mo kgaolong e e fetileng, Esekiele o ne a le kwa Babelona a nna le Bajuda ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Ba ne ba nna gaufi le noka ya Kebare. Go bonala noka eno e ne e itiretswe ke batho go tswa mo Nokeng ya Euferatese mme go ne go na le fa dinoka tseno di neng di boa di kopana teng gape.

Esekiele o ne a nna le Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gaufi le noka ya Kebare (Bona serapa 4)

5 Motse wa Bajuda wa Jerusalema o ne o le sekgala sa dikilometara di ka nna 800 go tswa kwa ba neng ba isitswe botshwarwa teng. a Tempele ya motse oo, e rraagwe Esekiele a kileng a direla kwa go yone e le moperesiti, e ne e sa tlhole e tshwana le pele ka gonne batho ba ne ba obamela medingwana kwa go yone. Bogosi jwa kwa Jerusalema jo pele go neng go busa Dafide le Solomone mo go jone, jaanong e ne e le matlhabisaditlhong fela. Kgosi ya Jerusalema e bong Jehoiakine le ene o ne a isitswe botshwarwa kwa Babelona. Mo boemong jwa gagwe, go ne ga tsena kgosi e e bosula e bong Sedekia. Kgosi ya Babelona e ne e mo goga ka nko.​—2 Dikg. 24:8-12, 17, 19.

6, 7. Goreng Esekiele a ka tswa a ne a ikutlwa e kete o tshela mo dinakong tse di thata?

6 Maemo ao a tshwanetse a bo a ne a le thata tota mo go Esekiele. Bajuda bangwe ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ka tswa ba ne ba ipotsa go re: ‘A mme Jehofa o re latlhile bagaetsho? A batho bano ba Babelona ba ba obamelang medimo ya maaka ba tla dira gore go se ka ga tlhola go nna le ope yo o obamelang Jehofa ka tsela e e mo itumedisang? A ba tla nyeletsa bogosi jwa kwa Jerusalema, jo e leng jone bo emelang Bogosi Jwa ga Jehofa mo lefatsheng?’

7 E re ka jaanong o itse gore maemo a ne a ntse jang, gongwe o ka simolola ka go bala ka se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong ya gagwe ya ntlha. (Esek. 1:4-28) Fa o ntse o bala, leka go ipona o le koo, o bona se Esekiele a neng a se bona e bile o utlwa se a neng a se utlwa.

Noka ya Euferatese e e mo kgaolong e e gaufi le Karakemishe (Bona serapa 5-7)

Kara ya Kwa Legodimong

8. Esekiele o ne a bona eng mo ponatshegelong, mme se a neng a se bona se ne se emela eng?

8 Esekiele o ile a bona eng mo ponatshegelong ya ntlha? O ne a bona sengwe se se neng se bonala e kete ke kara e ntle e e boitshegang. Kara eo e ne e na le maotwana a le manê a magolo le ditshedi di le nnê tse di sa tlwaelegang tse moragonyana a ileng a re ke ditšheruba. (Esek. 10:1) Mo godimo ga tsone go ne go na le loapi lo lo tshwanang le aese mme mo godimo ga loapi loo go ne go na le setulo sa bogosi sa ga Jehofa. Kara eo e emela eng? E ka emela selo se le sengwe fela: karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa. Goreng re rialo? A re sekaseke mabaka a le mararo a a dirang gore re bue jalo.

9. Tsela e Jehofa a busang baengele ka yone e tsamaisana jang le kara e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong?

9 Jehofa ke ene a busang kwa legodimong. Ela tlhoko gore mo ponatshegelong eno, setulo sa bogosi sa ga Jehofa se fa godimo ga ditšheruba. Mo ditemaneng tse dingwe mo Baebeleng, Jehofa o tlhalosiwa a dutse fa godimo kgotsa fa gare ga ditšheruba. (Bala 2 Dikgosi 19:15; Ekes. 25:22; Pes. 80:1) Gone ga se gore Jehofa o ntse fa godimo ga ditšheruba ka tsela ya mmatota jaaka e kete ke tsone di mo kukileng. Mo godimo ga moo, ga se gore o palame kara ya mmatota, ke tshwantshetso fela. Seno se raya fela gore ditšheruba tseno di ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng e bile o kgona go di roma gongwe le gongwe gore di diragatse thato ya gagwe. Fela jaaka baengele ba bangwe, ditšheruba tseno di direla Jehofa e bile di diragatsa thato ya gagwe. (Pes. 104:4) E re ka baengele botlhe e le badiredi ba ga Jehofa, re ka nna ra re o a ba kgweetsa, jaaka e kete ke kara e kgolo gore ba diragatse thato ya gagwe.

10. Re itse jang gore kara ya kwa legodimong ga e emele ditšheruba di le nnê fela?

10 Kara ga e emele ditšheruba fela. Esekiele o ile a bona ditšheruba di le nnê. Go le gantsi mo Baebeleng, palo eno e dirisiwa go tlhalosa sengwe se se feletseng kgotsa sengwe se se akaretsang mongwe le mongwe. Ka jalo, go a utlwala gore re re ditšheruba tseno tse nnê di emela baengele botlhe ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Gape ela tlhoko gore ga se ditšheruba fela di nang le matlho gotlhe. Maotwana a kara le one a na le matlho gotlhe. Seno se kaya gore baengele botlhe ba ga Jehofa ba kgona go bona sengwe le sengwe se se diregang. Ntlha e nngwe gape ke gore Esekiele o ile a tlhalosa gore kara eo ya kwa legodimong e a boitshega. (Esek. 1:18, 22; 10:12) Ka tsela e e tshwanang, karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e kgolo e bile e akaretsa baengele botlhe ba gagwe, e seng ditšheruba di le nnê fela.

Esekiele o ile a gakgamadiwa ke ponatshegelo ya kara ya ga Jehofa ya kwa legodimong (Bona serapa 8-10)

11. Daniele o ile a bona ponatshegelo efe e e tshwanang le ya ga Esekiele mme seno se dira gore re fetse ka go reng?

11 Ponatshegelo ya ga Daniele e e tshwanang le ya ga Esekiele. Moporofeti Daniele ke mongwe wa batho ba ba neng ba fetsa dingwaga di le dintsi a le kwa botshwarwa kwa Babelona. Le ene o ile a bona ponatshegelo ya se se diregang kwa legodimong. Mo ponatshegelong eo, setulo sa bogosi sa ga Jehofa le sone se ne se na le maotwana. Selo sa konokono se Daniele a ileng a se bona mo ponatshegelong eo, e ne e le gore phuthego ya ga Jehofa e kgolo go le kana kang. Daniele o ile a bona “dimilione di le dikete . . . [le] dimilione di le dintsi” tsa baengele di eme fa pele ga ga Jehofa. Baengele bano ba ne ba le mo Kgotlatshekelong mme mongwe le mongwe wa bone o ne a le mo maemong a gagwe a a a neilweng ke Jehofa. (Dan. 7:9, 10, 13-18) Ka jalo, go a utlwala gore re re kara e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, e emela baengele botlhe ba ga Jehofa.

12. Go ithuta ka boporofeti jo bo tshwanang le jwa ga Esekiele go re tswela mosola jang?

12 Jehofa o a itse gore go tlhoma mogopolo mo “dilong tse di sa bonweng” tse Paulo a ileng a bua ka tsone go tla re tswela mosola. Goreng re rialo? Ka gonne re na le mokgwa wa go tshwenyega thata ka “dilo tse di bonwang” kgotsa dilo tse re di tlhokang tse e leng tsa nakwana fela. (Bala 2 Bakorintha 4:18.) Satane o dirisa seno e le tshono ya go re raela gore re nne fela re akantse ka dilo tse re di batlang le tse re di tlhokang mme re sa akanye sepe ka dilo tse di diregang kwa legodimong. Jehofa ga a batle re wela mo seraing seno sa ga Satane, ke gone ka moo a ileng a dira gore boporofeti jo bo tshwanang le jwa ga Esekiele bo kwalwe. Boporofeti joo, bo re thusa gore re se ka ra lebala gore karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e kgolo go le kana kang.

“Maotwana!”

13, 14. (a) Esekiele o ne a re maotwana a kara a ne a dirilwe ka eng? (b) Ke eng fa go utlwala go bo kara ya ga Jehofa e na le maotwana?

13 Kwa tshimologong, Esekiele o ile a bua thata ka ditšheruba di le nnê mme mo Kgaolo 4 ya buka eno, re tla bona gore ditšheruba tseo le tsela e di lebegang ka yone di re ruta eng ka Jehofa. Mme gone, ga a bona ditšheruba fela, gape o ile a bona maotwana a le manê. Tšheruba nngwe le nngwe e ne e eme fa thoko ga leotwana. (Bala Esekiele 1:16-18.) Go bonala maotwana ano a ne a dirilwe ka kerusolete, e leng leje le le tlhwatlhwakgolo la mmala wa serolwana. Leje leno le lentle, le phatsima tota.

14 Selo se se neng se tlhomologile mo ponatshegelong ya ga Esekiele e ne e le maotwana a kara. Ponatshegelo eno ya ga Esekiele e ne e sa tlwaelega ka gonne ga go na ope yo a ka reng o kile a bona setulo sa bogosi se na le maotwana. Re itse setulo sa bogosi se nna golo go le gongwe fela se sa sute. Mme seno se a utlwala ka gonne go na le mo taolo ya babusi ba mo lefatsheng e felelang teng. Mme Jehofa ene ga a tshwane le bone. Tota le Esekiele o ile a lemoga gore Jehofa o maatla e bile ga go na mo taolo ya gagwe e felelang teng. (Neh. 9:6) E re ka Jehofa e le ene Molaodimogolo, o kgona go busa gongwe le gongwe fela.

15. Esekiele o ne a re maotwana a kara a ne a ntse jang?

15 Esekiele o ne a gamaregile tota fa a bona tsela e maotwana ao a neng a boitshega ka yone. O ne a re: “Direme tsa maotwana ao di ne di goletse kwa godimo thata mo di neng di jesa kgakge.” O kare re a mmona Esekiele a leletse a lebile maotwana ao a a boitshegang a go neng go lebega a fitlha fela kwa marung. Go tswa foo, o ne a bua sengwe se se tsitsibanyang mmele. O ne a re: “Mme direme tsa [maotwana] otlhe ka bonê di ne di na le matlho gotlhe fela go di dikologa.” Mme gone selo se se neng se gakgamatsa le go feta e ne e le tsela e e sa tlwaelegang e maotwana ano a neng a lebega ka yone. O ne a re: “Tsela e a neng a lebega ka yone le e a neng a bopegile ka yone e ne e ntse jaaka e kete leotwana le mo teng ga leotwana le lengwe.” Tota o ne a raya jang?

16, 17. (a) Esekiele o ne a raya jang fa a ne a re leotwana le ne le tsene mo teng ga leotwana le lengwe? (b) Tsela e maotwana a neng a dirilwe ka yone e re ruta eng ka kara ya ga Jehofa?

16 Go lebega leotwana lengwe le lengwe le Esekiele a ileng a le bona e ne e le maotwana a mabedi a a kopantsweng. Leotwana le lengwe le ne le tsene mo teng ga le lengwe. Le lengwe le ne le lebile kwa ntlheng e nngwe, mme le le tseneng mo teng ga lone le lebile go sele. Ke gone ka moo maotwana ao a neng a kgona go tsamaya ka tsela e a neng a tsamaya ka one. Esekiele o ne a re: “Fa maotwana ao a ne a tsamaya, a ne a kgona go tsamaela kwa matlhakoreng otlhe a manê a sa fapoge.” Maotwana ano a re thusa go tlhaloganya eng ka kara ya kwa legodimong e Esekiele a ileng a e bona?

17 E re ka maotwana ao a ne a goletse kwa godimo, a ne a taboga ka lobelo lo lo kwa godimo tota. Tota e bile, Esekiele o ne a re lobelo lwa maotwana ao le tshwana le la legadima. (Esek. 1:14) Gape re se ka ra lebala gore maotwana ano a ne a kgona go tsamaela kwa matlhakoreng a manê. Baenjenere ba eletsa go dira maotwana a a ntseng jalo mme tota ba ijesa dijo tsa ditoro fela! Kara eno e ne e kgona go ya kwa letlhakoreng lengwe le lengwe e sa fokotse lobelo. Mme gone, ga se gore e ne e dira jalo e sa lemoge gore e ya kae. E re ka kara eno e na le matlho mo diremeng tsa yone, e kgona go bona sengwe le sengwe se se diregang mo matlhakoreng a yone.

Maotwana a kara a ne a boitshega e bile a taboga ka lobelo lo lo kwa godimo (Bona serapa 17)

18. E re ka maotwana a kara a ne a boitshega e bile a na le matlho gotlhe fela, seno se re ruta eng?

18 Jehofa o ne a ruta batlhanka botlhe ba gagwe eng ka karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya gagwe? Re ithutile gore maotwana a kara e Esekiele a ileng a e bona a ne a dirilwe ka leje le lentle e bile a ne a boitshega. Seno se re ruta gore karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e a galalela e bile e a gakgamatsa. Gape e re ka maotwana ao a ne a na le matlho gotlhe fela, seno se kaya gore karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa e kgona go bona sengwe le sengwe. Jehofa le ene o bona sengwe le sengwe. (Diane 15:3; Jer. 23:24) Mo godimo ga moo, o na le baengele ba le bantsi ba ba mo direlang ba a kgonang go ba roma gongwe le gongwe fela. Baengele bano ba sekaseka dilo ka kelotlhoko mme go tswa foo ba bo ba isa pego kwa go ene.​—Bala Bahebera 1:13, 14.

Maotwana ao a ne a kgona go ya gongwe le gongwe (Bona serapa 17 le 19)

19. Tsela e kara ya ga Jehofa e tsamayang ka yone e re ruta eng ka Jehofa le ka karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya gagwe?

19 Gape re ithutile gore kara ya kwa legodimong e Esekiele a ileng a e bona e tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo e bile e kgona go ya gongwe le gongwe. Phuthego ya ga Jehofa e e kwa legodimong ga e tshwane le dipuso le mekgatlho ya batho. Dipuso le mekgatlho eno ga di kgone go rarabolola mathata a batho e bile ga di kgone go fetofetoga le maemo a lefatshe leno a a ntseng a nna maswe le go feta. Sengwe le sengwe fela se di lekang go se dira se itaya se fololetse, ka jalo, Jehofa o tlile go di nyeletsa. Modimo ene o tekatekano e bile o kgona go fetofetoga le maemo mme phuthego ya gagwe ya kwa legodimong le yone e ntse fela jalo. Fela jaaka leina la gagwe le kaya, o kgona go nna sengwe le sengwe fela gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. (Ekes. 3:13, 14) Ka sekai, o kgona go nna Motlhabani yo o maatla yo o lwelang batho ba gagwe kgotsa Moatlhodi yo o otlhayang batho ba gagwe ka ntlha ya dilo tse di bosula tse ba di dirang.​—Pes. 30:5; Isa. 66:13.

20. Ke eng fa re tshwanetse go nna re gopotse gore kara ya ga Jehofa e taboga ka lobelo lo lo kwa godimo?

20 Ponatshegelo ya ga Esekiele e ka dira gore re ipotse go re, ‘A mme nna ke tlotla kara ya ga Jehofa fela thata e e emelang phuthego ya gagwe?’ Re tshwanetse go nna re gopotse gore kara eno ya ga Jehofa ga e a ema fela, go na le moo, e tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo tota. Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa, Morwawe le baengele botlhe ga ba bone mathata a re mekamekanang le one a a re kgobang marapo. Gape ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o tla tsaya nako go re thusa ka dilo tse re di tlhokang kgotsa gore phuthego ya gagwe e tla palelwa ke go emelana le maemo a lefatshe leno a a fetogang letsatsi le letsatsi. Re tshwanetse go nna re gopotse gore phuthego ya ga Jehofa e ntse e semeletse e bile e mo dinakong. Tota e bile, Esekiele o ne a utlwa lentswe kwa legodimong le re “Maotwana, a re yeng koo!” (Esek. 10:13) Go bonala go ne go laelwa kara eno gore e tsamaye. Re a itumela fa re akanya ka tsela e Jehofa a kaelang phuthego ya gagwe ka yone, mme gone re itumela le go feta fa re akanya ka Jehofa ka boene.

Yo o Kgweetsang Kara

21, 22. Ke eng se se tshegeditseng maotwana le se se mo godimo ga one?

21 Esekiele o ne a simolola go tlhoma mogopolo mo go se se neng se le fa godimo ga maotwana. O ne a re go ne go na le “sengwe se se tshwanang le loapi lo lo tsabakelang jaaka dikgapetla tsa metsi tse dintle.” (Esek. 1:22) Loapi loo lo lo neng lo le fa godimo ga ditšheruba lo ne lo galalela fela thata. Mme gone, motho yo o berekang ka metšhine a ka tswa a na le dipotso di le dintsi ka kara eno. Ka sekai, a ka tswa a ipotsa go re: ‘Selo se se fa godimo ga maotwana se se tshwanang le loapi se tshegeditswe ke eng? Go tla jang gore maotwana ano a kgone go tsamaya mme a sa golaganngwa ke sepe?’ Mme gone, o se ka wa lebala gore kara eno ga se ya mmatota, ke tshwantshetso fela ya dilo tse di diregang kwa legodimong. Gape gopola ntlha eno ya botlhokwa: “Moya o o neng o le mo ditsheding tseo, gape o ne o le mo maotwaneng.” (Esek. 1:20, 21) Go buiwa ka moya ofe?

22 Go buiwa ka moya o o boitshepo, e leng maatla a ga Jehofa. Maatla ano ke one a dirang gore kara eno e kgone go tsamaya sentle e bile e kgone go laolesega. Mma jaanong re tlotle ka yo o kgweetsang kara eno.

Esekiele o ne a feletswe ke mafoko, a sa itse gore a tlhalose jang se a neng a se bona

23. Esekiele o ne a dirisa mafoko afe go leka go tlhalosa Jehofa, mme goreng a dirisa mafoko ao?

23 Bala Esekiele 1:26-28. Fa Esekiele a tlhalosa se a neng a se bona mo ponatshegelong eno, go le gantsi o ne a dirisa mafoko a a jaaka “tshwanang le,” “lebega jaaka” le “ponalo.” Mme mo ditemaneng tseno, o dirisa mafoko ano thata. Se Esekiele a neng a se bona se ne se jesa kgakge mo e leng gore o ne a sa kgone go tlhalosa gore tota o bona eng. O ne a feletswe ke mafoko. O ne a bona “sengwe se se tshwanang le leje la safire, mme se ne se tshwana le setulo sa bogosi.” Akanya fela gore setulo sa bogosi se se dirilweng ka leje la safire se ka nna sentle jang. Go ne go na le sengwe mo setulong seo sa bogosi. ‘Ponalo ya sone e ne e tshwana le ya motho.’

24, 25. (a) Motshe wa godimo o o dikologileng setulo sa bogosi sa ga Jehofa o re gopotsa eng? (b) Diponatshegelo tse di tshwanang le e Esekiele a ileng a e bona di ile tsa dira gore batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ikutlwe jang?

24 Jehofa o ne a galalela fela jaaka kgabo ya molelo mo e leng gore Esekiele o ne a sa kgone go mmona sentle. E kete re a mmona Esekiele a ngotla matlho e bile a baya letsogo fa phatleng ka gonne a fatlhiwa ke se a neng a se bona. Go tswa foo Esekiele o ne a bona sengwe se sentle le go feta. O ne a bona Jehofa a dikologilwe ke “kgalalelo e e tshwanang le motshe wa godimo mo lerung ka letsatsi la fa pula e na.” A ga o itumele fa o bona motshe wa godimo? Motshe wa godimo o re gopotsa gore Jehofa Modimo o a galalela. Gape o re gopotsa kgolagano e Jehofa a ileng a e dira morago ga Morwalela. (Gen. 9:11-16) Le fa gone Jehofa e le Modimo yo o nang le maatla a a seng kana ka sepe, ke Modimo yo o ratang kagiso. (Baheb. 13:20) O na le kagiso, e bile o thusa batho ba ba mo obamelang gore le bone ba nne le yone.

Motshe wa godimo o o dikologileng setulo sa bogosi sa ga Jehofa o re gopotsa gore re direla Modimo yo o ratang kagiso (Bona serapa 24)

25 Esekiele o ile a ikutlwa jang fa a ne a bona lesedi le le galalelang le le neng le dikologile Jehofa? O ne a re: “E rile ke le bona, ka khubama ka bo ka inama.” E re ka a ne a tshogile e bile a gamaregile, o ne a itatlhela fa fatshe. Baporofeti bangwe le bone ba ile ba dira se se tshwanang fa ba sena go bona diponatshegelo tse di tswang kwa go Jehofa. Diponatshegelo tseo di ile tsa dira gore ba lemoge gore Jehofa o mogolo go le kana kang. (Isa. 6:1-5; Dan. 10:8, 9; Tshen. 1:12-17) Mme gone, moragonyana banna bao ba ile ba nonotshiwa ke se ba ileng ba se bona mo diponatshegelong tseo. Esekiele le ene o ile a nonotshiwa ke se a ileng a se bona. Rona re tshwanetse go ikutlwa jang fa re bala dipego tse di tshwanang le tseno?

26. Ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e tshwanetse e a bo e ile ya mo ama jang?

26 Fa e le gore Esekiele a ka tswa a ne a akanya gore gongwe Jehofa o ba latlhile, ponatshegelo e a ileng a e bona e tshwanetse e a bo e ile ya mo nonotsha. O ne a lemoga gore le fa batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba ka tswa ba le kwa Jerusalema, kwa Babelona kgotsa gope fela, ba tla nna ba le gaufi le karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa. Go ne go se na puso epe e e laolwang ke Satane e e neng e tla kgona go ema kgatlhanong le Modimo yo o laolang phuthego eno e e maatla ya kwa legodimong. (Bala Pesalema 118:6.) Gape Esekiele o ne a bona gore kara eno ya kwa legodimong e gaufi le batho. O ile a bona maotwana a yone a tla a kgoma lefatshe. (Esek. 1:19) Ka jalo, Jehofa o ne a sa ntse a rata batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba neng ba isitswe botshwarwa, o ne a sa ba latlha.

Kara ya Kwa Legodimong e go Ama Jang?

27. Ponatshegelo ya ga Esekiele e re ama jang?

27 Ponatshegelo ya ga Esekiele le rona e a re ama. O se ka wa lebala gore Satane o tlhoile batho botlhe ba ba obamelang Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, o nna fela a ba logela maano. O batla gore re ikutlwe re se batho ba sepe, gape o batla gore re akanye gore Jehofa ga a re rate e bile phuthego ya gagwe ga e re kgathalele. O se ka wa letla maaka ano a matala a go kgoba marapo. (Pes. 139:7-12) Le rona re tshwanetse go ikutlwa fela jaaka Esekiele. Gone re ka se itatlhele fa fatshe jaaka a ile a dira. Mme gone, re tshwanetse go kgatlhiwa thata ke gore phuthego ya Modimo ya kwa legodimong e na le maatla, e taboga ka lobelo lo lo kwa godimo, e kgona go ya gongwe le gongwe, e fetofetoga le maemo e bile e a galalela.

28, 29. Ke eng se se bontshang gore kara ya ga Jehofa e na le dingwaga di le dintsi e taboga ka lobelo lo lo kwa godimo?

28 Gape gopola gore go na le karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa. Gone ke boammaaruri gore phuthego eno e na le batho ba ba nang le boleo. Mme gone, akanya fela ka se Jehofa a kgonneng go se dira a dirisa phuthego eno. Jehofa o thusitse batho ba le bantsi gore ba kgone go dira dilo tse ba neng ba ka se kgone go di dira ka bobone fela. (Joh. 14:12) Buka ya, Bogosi Jwa Modimo bo a Busa! e re thusa go bona tiro e e seng kana ka sepe ya go rera e batlhanka ba ga Jehofa ba nang le dingwaga di le dintsi ba e dira. Gape re ka akanya ka se phuthego eno e ileng ya se dira go ruta batho ba ga Jehofa, go ba thusa gore ba fenye dikgetsi kwa dikgotlatshekelong le tsela e e dirisang thekenoloji ka yone go dira thato ya Modimo.

29 Fa re akanya ka sotlhe se se ileng sa dirwa gore batho ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang mo metlheng eno ya bofelo, re kgona go lemoga sentle gore kara ya ga Jehofa e e kwa legodimong e taboga ka lobelo lo lo kwa godimo. Ruri ke tshiamelo go bo re le mo phuthegong eno e bile re direla Jehofa.​—Pes. 84:10.

Karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa e taboga ka lobelo lo lo kwa godimo (Bona serapa 28 le 29)

30. Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?

30 Re sa ntse re ka ithuta go le gontsi mo ponatshegelong ya ga Esekiele. Mo kgaolong e e latelang, re tla tlotla ka “ditshedi” di le nnê tse Esekiele a ileng a di bona tse di bidiwang ditšheruba. Di ka re ruta eng ka Jehofa Modimo?

a Seno e ne e le sekgala sa go tswa kwa Jerusalema go ya kwa Babelona. Mme go lebega Bajuda ba ba neng ba ya botshwarwa ba ile ba tsaya tsela e sele e e neng e le telele go feta eno.