Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 7

Ditšhaba di “Tla Tshwanelwa ke go Itse Gore ke Nna Jehofa”

Ditšhaba di “Tla Tshwanelwa ke go Itse Gore ke Nna Jehofa”

ESEKIELE 25:17

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Se re se ithutang mo tseleng e Baiseraele ba neng ba dirisana ka yone le ditšhaba tse di neng di senya Jehofa leina

1, 2. (a) Baiseraele ba ne ba tshwana jang le nku e e nnang e le nosi e e dikologilweng ke diphiri? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Baiseraele le dikgosi tsa bone ba ile ba dira eng?

 GO NE GA feta dingwaga di le dintsi thata Baiseraele ba tshwana le nku e e nnang e le nosi e e dikologilweng ke diphiri. Baamone, Bamoabe le Baedoma ba ne ba nna ka fa botlhaba, mme ba ne ba nna fela ba tshosetsa Baiseraele. Bafilisitia bone, ba go neng go fetile lobaka lo loleele e le baba ba Baiseraele ba ne ba nna ka fa bophirima. Kwa bokone e ne ele motse wa Ture. Motse oo o ne o humile e bile o na le dikgwebo di le dintsi tse di atlegileng. Kwa borwa go ne go nna Baegepeto ba ba neng ba busiwa ke kgosi e ba neng ba e tsaya jaaka modingwana e bong Faro.

2 Fa Baiseraele ba ne ba ikaega ka Jehofa, o ne a ba sireletsa mo babeng ba bone. Mme gangwe le gape, Baiseraele le dikgosi tsa bone ba ne ba itetla gore ba tlhotlhelediwe ke ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Kgosi Ahabe ke mongwe wa ba ba neng ba gogwa ka nko ke ditšhaba tseo. Ahabe o ne a busa ditso di le lesome tsa Iseraele mme o ne a busa ka nako e le nngwe le kgosi ya Juda e bong, Jehoshafate. Ahabe o ne a nyetse morwadia kgosi ya Sidona e e neng e laola motse o o humileng wa Ture. Leina la mosadi yoo e ne e le Jesebele. O ile a tlhotlheletsa Baiseraele gore ba obamele Baale e bile o ile a tlhotlheletsa monna wa gagwe gore a dire dilo di le dintsi tse di kgopisang Jehofa.​—1 Dikg. 16:30-33; 18:4, 19.

3, 4. (a) Esekiele o ne a simolola go bua ka eng? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

3 Jehofa o ne a boleletse batho ba gagwe gore go tla direga eng fa ba sa mo ikobele, mme jaanong o ne a setse a utlwile ke bone. (Jer. 21:7, 10; Esek. 5:7-9) Ka 609 B.C.E., masole a Babelona a ne a boela kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng lekgetlo la boraro. A ne a kile a tlhasela lefatshe leo dingwaga di le lesome tse di fetileng. Mme mo lekgetlong leno, a ne a tlile go diga dipota tsa Jerusalema le go bolaya batho ba ba neng ba tlhanogela Nebukadenesare. Fa masole a Babelona a ne a simolola go tlhasela Jerusalema e bile boporofeti jwa ga Esekiele bo diragadiwa ka botlalo, Esekiele o ne a simolola go tlhalosa se se neng se tla diragalela ditšhaba tse di neng di dikologile Lefatshe le le Solofeditsweng.

Ditšhaba tse di neng di senya Jehofa leina di ne di tla di gama di sa di tlhapela

4 Jehofa o ne a bolelela Esekiele gore baba ba Bajuda ba ne ba tlile go itumela fa ba bona Jerusalema e senngwa le gore ba ne ba tlile go bogisa Bajuda ba ba neng ba tla falola. Mme batho ba ba neng ba senya Jehofa leina e bile ba bogisa batho ba gagwe, ba ne ba tla di gama ba sa di tlhapela. Re ka ithuta eng mo tseleng e Baiseraele ba neng ba dirisana ka yone le batho ba ditšhaba tseo? Se Esekiele a neng a re se tla diragalela ditšhaba tseo se re gomotsa jang?

Baiseraele ba Sotlwa ke ba Masika a Bone

5, 6. Baamone le Baiseraele ba ne ba amana jang?

5 Baamone, Bamoabe le Baedoma ka tsela nngwe e ne e le ba masika a Baiseraele. Le fa gone batho ba ditšhaba tseo ba ne ba amana le Baiseraele ka losika, go ne ga feta nako e e telele ba tlhoile batho ba Modimo e bile ba ba sotla.​—Esek. 25:6.

6 Baamone e ne e le ditlogolwana tsa ga Lote ka morwadie yo mmotlana. Lote e ne e le setlogolo sa ga Aborahame. (Gen. 19:38) Puo ya bone e ne e batlile e tshwana le Sehebera mo batho ba Modimo ba neng ba ka e tlhaloganya. Jehofa o ile a bolelela Baiseraele gore ba se ka ba lwa le Baamone ka gonne ke ba masika a bone. (Dute. 2:19) Mme ka nako ya Baatlhodi, Baamone ba ne ba ipopa ngata e le nngwe le kgosi ya Moabe e bong Egelone ba bo ba bogisa Baiseraele. (Baatlh. 3:12-15, 27-30) Moragonyana fa Saulo e ne e le kgosi, Baamone ba ile ba tlhasela Baiseraele. (1 Sam. 11:1-4) Mme ka nako ya ga Kgosi Jehoshafate, ba ile ba ipopa ngata e le nngwe gape le Bamoabe ba bo ba tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng.​—2 Ditir. 20:1, 2.

7. Bamoabe ba ile ba tshwara jang ditlogolwana tsa Iseraele ba e neng e le ba masika a bone?

7 Bamoabe le bone e ne e le ditlogolwana tsa ga Lote ka morwadie wa leitibolo. (Gen. 19:36, 37) Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba lwa le Bamoabe. (Dute. 2:9) Mme Bamoabe bone ba ne ba sa di tsene. Go na le gore ba thuse Baiseraele fa ba ne ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba leka go ba thibela gore ba se ka ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Kgosi ya Moabe e bong Balake, o ile a hira Baalame gore a hutse Baiseraele. Baalame o ile a tlhaba Balake matlhale a gore a ka dira jang gore banna ba Iseraele ba dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e bile ba obamele medingwana. (Dipa. 22:1-8; 25:1-9; Tshen. 2:14) Go ne ga feta dingwaga di le dintsi thata Bamoabe ba bogisa Baiseraele, e bile ka nako ya ga Esekiele, ba ne ba sa ntse ba ba bogisa.​—2 Dikg. 24:1, 2.

8. Ke eng fa Jehofa a ne a re Baedoma le Baiseraele ke bana ba motho, mme Baedoma ba ile ba dira eng?

8 Baedoma e ne e le ditlogolwana tsa lewelana la ga Jakobe e bong Esau. Ba ne ba amana thata le Baiseraele ka losika mo Jehofa a neng a re ke bana ba motho. (Dute. 2:1-5; 23:7, 8) Le fa go ntse jalo, Baedoma ba ile ba bogisa Baiseraele go tloga fela ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto go fitlha ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa ka 607 B.C.E. (Dipa. 20:14, 18; Esek. 25:12) Baedoma ba ne ba itumelela go bona Baiseraele ba boga e bile ba ne ba tlhotlheletsa Bababelona gore ba senye Jerusalema. Mo godimo ga moo, ba ile ba thibela Baiseraele ba ba neng ba leka go tshaba ba bo ba ba tsenya mo dinaleng tsa Bababelona.​—Pes. 137:7; Obad. 11, 14.

9, 10. (a) Go ne ga direga eng ka Baamone, Bamoabe le Baedoma? (b) Ke dikai dife tse di bontshang gore ga se gore mongwe le mongwe mo ditšhabeng tseo o ne a tlhoile Baiseraele?

9 Jehofa o ile a itepatepanya le batho ba ditšhaba tseo ka ntlha ya tsela e ba neng ba tshwara batho ba gagwe ka yone. O ne a re: ‘Ke tla tsenya Baamone mo seatleng sa batho ba Botlhaba, gore Baamone ba se ka ba gakologelwa mo ditšhabeng.’ Gape o ne a re: “Ke tla atlhola Bamoabe, ba tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa.” (Esek. 25:10, 11) Dingwaga di ka nna tlhano fa Jerusalema e sena go senngwa, boporofeti joo bo ile jwa simolola go diragadiwa fa Bababelona ba ne ba fenya Baamone le Bamoabe. Fa Jehofa a ne a bua ka Baedoma, o ne a re o tla ba fedisa le leruo la bone. Gape o ne a re o tla “kgakgabatsa” motse wa bone. (Esek. 25:13) Baamone, Bamoabe le Baedoma ba ne ba feleletsa ba sa tlhole ba le teng fela jaaka Jehofa a ne a buile.​—Jer. 9:25, 26; 48:42; 49:17, 18.

10 Mme gone, ga se gore mongwe le mongwe mo ditšhabeng tseo o ne a tlhoile batho ba Modimo. Ka sekai, Seleke wa Moamone le Ithema wa Momoabe e ne e le batlhabani ba ba maatla ba ga Kgosi Dafide. (1 Ditir. 11:26, 39, 46; 12:1) Ruthe wa Momoabe le ene o ile a nna motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa.​—Ruthe 1:4, 16, 17.

O se ka wa dira dilo tse Jehofa a sa di rateng, le fa go ka lebega e le tse di sa reng sepe

11. Re ka ithuta eng mo tseleng e Baiseraele ba neng ba dirisana ka yone le Baamone, Bamoabe le Baedoma?

11 Re ka ithuta eng mo tseleng e Baiseraele ba neng ba dirisana ka yone le batho ba ditšhaba tseo? Fa Baiseraele ba ne ba itetla go tlhotlhelediwa ke batho ba ditšhaba tseo, ba ne ba simolola go obamela medingwana e e jaaka modingwana wa Bamoabe o o bidiwang Baale wa Peore le modingwana wa Baamone o o bidiwang Moleke. (Dipa. 25:1-3; 1 Dikg. 11:7) Le rona re ka diragalelwa ke sengwe se se tshwanang le seo. Ba masika a rona ba ka re tlhotlheletsa gore re dire dilo tse Jehofa a sa di rateng. Ka sekai, ba ka tswa ba sa tlhaloganye gore ke eng fa re sa keteke Ista, re sa abelane dimpho ka Keresemose kgotsa re sa keteke meletlo e mengwe e e amanang le bodumedi jwa maaka. Le fa ba ka tswa ba na le maitlhomo a a siameng, ba ka leka go re tlhotlheletsa gore re dire dilo tse Jehofa a sa di rateng, tota le fa e ka tswa e le selo se go bonalang se le sennye fela. Mme gone, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra ba letla ba re tlhotlheletsa go dira dilo tse di sa siamang. Se se diragaletseng Baiseraele, se re bontsha gore fa re ka letla batho ba re tlhotlheletsa go dira dilo tse Jehofa a sa di rateng, tota le tse go ka lebegang di sa re sepe, seno se ka senya botsala jwa rona le ene.

12, 13. Ke bomang ba ba ka re bogisang, mme go ka direga eng fa re nna re ikanyega mo go Jehofa?

12 Gape re ka ithuta sengwe mo tseleng e Baamone, Bamoabe le Baedoma ba neng ba tshwara Baiseraele ka yone. Ba malapa a rona ba ka nna ba re bogisa ka gonne re obamela Jehofa. Jesu o ne a re molaetsa o re o rerang ka dinako tse dingwe o tla “baka kgaogano fa gare ga monna le rraagwe, morwadi le mmaagwe.” (Math. 10:35, 36) Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba se ka ba lwantsha ba masika a bone, mme le rona re tshwanetse go dirisana sentle le ba malapa a rona ba e seng Basupi. Mme gone, ga re a tshwanela go gakgamala fa ba re bogisa.​—2 Tim. 3:12.

13 Le fa ba masika a rona ba sa re gatelele ka tlhamalalo, ga re a tshwanela go ba letla go re tlhotlheletsa go feta Jehofa. Goreng? Ka gonne re tshwanetse go rata Jehofa go feta mongwe le mongwe. (Bala Mathaio 10:37.) Mo godimo ga moo, fa re nna re ikanyega mo go Jehofa, bangwe ba masika a rona ba ka nna ba feleletsa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang fela jaaka Seleke, Ithema le Ruthe. (1 Tim. 4:16) Fa ba dira jalo, le bone ba tla itumelela go direla Modimo yo o esi wa boammaaruri mme o tla ba rata e bile o tla ba sireletsa.

Jehofa o Otlhaya Baba ba Gagwe

14, 15. Bafilisitia ba ile ba tshwara Baiseraele jang?

14 Bafilisitia ba ile ba tswa kwa setlhaketlhakeng sa Kereta ba bo ba fudugela kwa lefatsheng la Kanana. Moragonyana, Jehofa o ile a solofetsa Aborahame le ditlogolwana tsa gagwe gore ba tla nna kwa lefatsheng leo. Aborahame le Isake ba ile ba dirisana le Bafilisitia. (Gen. 21:29-32; 26:1) Mme fa Baiseraele ba ne ba goroga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Bafilisitia ba ne ba le bantsi ka palo e bile ba na le sesole se se nonofileng. Ba ne ba obamela medimo ya maaka e e jaaka Baale-sebube le Dagone. (1 Sam. 5:1-4; 2 Dikg. 1:2, 3) Ka dinako tse dingwe Baiseraele le bone ba ne ba obamela medimo eo.​—Baatlh. 10:6.

15 E re ka Baiseraele ba ne ba sa ikanyege, Jehofa o ile a letla Bafilisitia gore ba ba gatelele dingwaga di le dintsi. (Baatlh. 10:7, 8; Esek. 25:15) Bafilisitia ba ile ba tshedisa Baiseraele botlhoko a e bile ba ile ba ba bolaya ka bontsi. (1 Sam. 4:10) Le fa go ntse jalo, fa Baiseraele ba ne ba ikwatlhaya, Jehofa o ne a ba golola. O ile a dirisa banna ba ba jaaka Samesone, Saulo le Dafide gore ba golole batho ba Gagwe. (Baatlh. 13:5, 24; 1 Sam. 9:15-17; 18:6, 7) Fela jaaka Esekiele a ne a buile, Jehofa o ile a “otlhaya” Bafilisitia fa Bababelona ba ne ba ba tlhasela. Moragonyana Bagerika le bone ba ile ba ba tlhasela.​—Esek. 25:15-17.

16, 17. Re ka ithuta eng mo tseleng e Bafilisitia ba neng ba tshwara Baiseraele ka yone?

16 Re ka ithuta eng mo tseleng e Bafilisitia ba neng ba tshwara Baiseraele ka yone? Batho ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona le bone ba ile ba gatelelwa ke dipuso tse di maatla. Mme rona ga re tshwane le Baiseraele ka gonne re nna re ikanyega mo go Jehofa le fa re bogisiwa. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ka nna ga lebega e kete baba ba ga Jehofa ba a atlega. Ka sekai, ka 1918, puso ya United States e ile ya leka go emisa tiro ya batho ba ga Jehofa. E ile ya atlholela bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong dingwaga di le dintsi kwa kgolegelong. Ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe, puso ya Banasi kwa Jeremane e ile ya leka go fedisa batho ba Modimo. E ile ya isa Basupi ba le diketekete kwa kgolegelong mme ya bolaya ba le makgolokgolo. Morago ga ntwa eo, puso ya Soviet Union e ile ya tswelela e bogisa Basupi ba ga Jehofa ka go ba romela kwa dikampeng tsa pogisetso kgotsa kwa mafelong a a kgakala thata.

17 Dipuso di ka nna tsa tswelela di thibela tiro ya rona ya go rera, di re isa kwa kgolegelong e bile di ka nna tsa bolaya bangwe ba rona. A dilo tseno di tshwanetse go dira gore re ineele kgotsa re felelwe ke tumelo? Nnyaa. Jehofa o tla sireletsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang. (Bala Mathaio 10:28-31.) Jaaka re setse re bone, dipuso tse di ileng tsa bogisa batho ba ga Jehofa di ile tsa phutlhama mme batho ba ga Jehofa bone ba ntse ba oketsega. Go ise go ye kae, dipuso tsotlhe tsa batho di tla diragalelwa ke se se diragaletseng Bafilisitia, di tla patelesega go itse Jehofa. Le tsone di tlile go nyelediwa.

‘Dikhumo Tsa Bone Tse Dintsi’ Ga di A ka Tsa ba Sireletsa

18. Motse wa Ture o ne o itsege ka eng thata?

18 Motse wa bogologolo wa Ture b e ne e le motse o o humileng thata e bile o na le dikgwebo tse di atlegileng thata ka nako eo. Kwa bophirima, motse oo o ne o na le dikepe di le dintsi tsa kgwebo tse di neng di isa dithoto kwa mafelong a le mantsi di dirisa Lewatle la Mediterranean. Ka fa botlhaba, o ne o na le ditsela di le dintsi tse batho ba motse oo ba neng ba di dirisa go dira kgwebo le mafelo a a kgakala. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi motse oo o ntse o humisiwa ke dithoto tse di neng di tswa kwa mafelo ao. Bagwebi le barekisi ba motse wa Ture ba ne ba humile thata mo ba neng ba ipitsa dikgosana.​—Isa. 23:8.

19, 20. Baagi ba Ture ba ne ba farologane jang le baagi ba Gibeone?

19 Ka nako ya ga Kgosi Dafide le Kgosi Solomone, Baiseraele ba ne ba dira kgwebo thata le baagi ba Ture. Batho ba Ture ba ile ba naya Baiseraele banna ba ba ditswerere le dilo tsa go aga ntlo ya segosi ya ga Dafide mme moragonyana ba ne ba ba thusa go aga tempele ya ga Solomone. (2 Ditir. 2:1, 3, 7-16) Batho ba Ture ba ile ba bona kafa Jehofa a neng a segofatsa Baiseraele ka gone e re ka ba ne ba ikanyega mo go ene. (1 Dikg. 3:10-12; 10:4-9) Bontsi jwa bone ba ne ba na le tshono ya go ithuta gore Jehofa o obamelwa jang ka tsela e e mo itumedisang le ya go mo itse botoka. Gape ba ne ba na le tshono ya go bona melemo ya go direla Modimo wa Boammaaruri.

20 Le fa gone batho ba Ture ba ne ba na le tshono ya go direla Jehofa, ba ile ba tswelela ba rata dikhumo. Ga ba a ka ba etsa Bakanana ba motse wa Gibeone. Motse oo o ne o na le sesole se se nonofileng. Le fa go ntse jalo, e rile ba utlwa ka ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa, ba ile ba batla go mo direla. (Josh. 9:2, 3, 22–10:2) Baagi ba Ture ba ile ba feleletsa ba bogisa batho ba Modimo le go rekisa bangwe ba bone gore e nne makgoba.​—Pes. 83:2, 7; Joele 3:4, 6; Amose 1:9.

Ga re a tshwanela go akanya gore madi a ka re sireletsa

21, 22. Go ne ga direga eng ka motse wa Ture, mme ka ntlha yang?

21 Jehofa o ne a laela Esekiele gore a ba reye a re: “Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Ture, mme ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di go tlhasele, fela jaaka lewatle le tlhatlosa makhubu a lone. Ba tla senya dipota tsa Ture ba bo ba diga ditora tsa gagwe, mme ke tla gopa mmu wa gagwe ke bo ke dira gore a nne lefika le le se nang mmu, le le phatsimang.” (Esek. 26:1-5) Baagi ba Ture ba ne ba tshepa dikhumo tsa bone thata. Ba ne ba akanya gore di tla ba sireletsa fela jaaka lobota lwa motse wa bone lwa dimetara di le 46 lo ne lo ba sireleditse. Ba ka bo ba ile ba reetsa mafoko a ga Solomone a a reng: “Dikhumo tsa mohumi di tshwana le motse wa gagwe o o sireletsegileng; mo mogopolong wa gagwe, di ntse jaaka lobota lo lo sireletsang.”​—Diane 18:11.

22 Fa Bababelona le Bagerika ba ne ba diragatsa boporofeti jwa ga Esekiele, baagi ba Ture ba ile ba lemoga gore dikhumo tsa bone le dipota tsa bone ga di ka ke tsa ba sireletsa. Fa Bababelona ba sena go senya Jerusalema, ba ile ba tlhasela motse wa Ture. Ba ile ba kampa go dikologa motse oo dingwaga di le 13 mme morago ga moo, ba ne ba o senya. (Esek. 29:17, 18) Go tswa foo, ka ngwaga wa 332 B.C.E., Alekesanderia yo Mogolo o ile a diragatsa boporofeti jwa ga Esekiele ka tsela e e gakgamatsang. c Masole a gagwe a ile a tsaya matlotla a motse wa Ture o o neng o le kgakalanyana le lewatle a bo a latlhela maje, dilo tse di dirilweng ka logong le mmu mo metsing go dira tsela gore a kgone go ya kwa motseng wa Ture o o neng o le gaufi le lewatle. (Esek. 26:4, 12) Alekesanderia o ile a thuba dipota tsa motse oo, a gapa dilo tsa one, a bolaya masole le baagi ba le diketekete a bo a rekisa baagi ba bangwe ba le diketekete gore e nne makgoba. Baagi ba Ture ba ile ba patelesega go itse Jehofa e bile ba ile ba utlwa ka letlalo gore ‘dikhumo tsa bone tse dintsi’ ga di ka ke tsa ba sireletsa.​—Esek. 27:33, 34.

Le fa motse wa Ture o ne o lebega o sireletsegile, o ile wa senngwa fela jaaka Esekiele a ne a buile (Bona serapa 22)

23. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng baagi ba Ture?

23 Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng baagi ba Ture? Ga re a tshwanela go letla “dikhumo tse di tsietsang ba le bantsi” di dira gore re tshepe madi mo re ka akanyang gore a ka re sireletsa. (Math. 13:22) Ga re ka ke ra “direla Modimo le Dikhumo.” (Bala Mathaio 6:24.) Batho ba ba direlang Jehofa ka pelo yotlhe ke bone fela ba sireletsegileng. (Math. 6:31-33; Joh. 10:27-29) Boporofeti jwa gore lefatshe leno le tlile go senngwa bo tla diragadiwa ka botlalo fela jaaka boporofeti jo bo ka ga go senngwa ga motse wa Ture bo ile jwa diragadiwa. Ka nako eo, batho ba ba ikantseng dikhumo ba tla patelesega go itse Jehofa fa a tla bo a fedisa batho ba dikgwebo ba ba pelotshetlha e bile ba ikakanyetsa fela ba le nosi.

Dipuso Tsa Batho Di ne Di Tshwana le “Thobane e e Dirilweng ka Lotlhaka”

24-26. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a re Egepeto ke “thobane e e dirilweng ka lotlhaka”? (b) Kgosi Sedekia o ile a itlhokomolosa jang taelo ya ga Jehofa, mme go ne ga direga eng?

24 Puso ya Egepeto e ne e na le tlhotlheletso e ntsi mo kgaolong ya Lefatshe le le Solofeditsweng pele ga motlha wa ga Josefa go fitlha ka nako ya fa Bababelona ba ne ba tlhasela Jerusalema. E re ka Egepeto e ne e na le lobaka lo loleele e le gone, go ne go lebega e kete e tlhomame jaaka setlhare se segolo se se sa bolong go nna teng. Mme fa Egepeto e bapisiwa le Jehofa, e ne e le bokoa thata, e tshwana fela le “thobane e e dirilweng ka lotlhaka.”​—Esek. 29:6.

25 Kgosi Sedekia yo o ileng a tlhanogela Jehofa o ne a sa lemoge gore Egepeto e bokoa. Jehofa o ile a laela moporofeti Esekiele gore a bolelele Sedekia gore a ikobele kgosi ya Babelona. (Jer. 27:12) Tota e bile Sedekia o ile a ikana a dirisa leina la Modimo gore ga a kitla a tlhanogela Nebukadenesare. Mme gone, moragonyana, o ile a itlhokomolosa taelo ya ga Jehofa, a tlhanogela Nebukadenesare a bo a kopa Baegepeto gore ba mo thuse go lwa le Bababelona. (2 Ditir. 36:13; Esek. 17:12-20) Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ba ileng ba tshepa puso ya Egepeto ba ile ba ipiletsa matlhotlhapelo. (Esek. 29:7) Puso ya Egepeto e ka tswa e ne e lebega e le maatla thata jaaka “setshedi se setona sa lewatle.” (Esek. 29:3, 4) Mme Jehofa o ne a re o tla dira puso ya Egepeto se batho ba se dirang fa ba tsoma dikwena kwa nokeng ya Nile. O ne a re o tla tsenya dihuku mo ditlhaeng tsa puso eo a bo a e senya. Seo se ile sa direga fa a ne a romela Bababelona gore ba ye go tlhasela Egepeto.​—Esek. 29:9-12, 19.

26 Go ile ga direga eng ka Sedekia? E re ka a ile a tlhanogela Jehofa, Esekiele o ile a bolelela pele gore kgosana eno e e bosula e ne ka se tlhole e nna kgosi e bile bogosi jwa yone bo ne bo tla senngwa. Mme gape Esekiele o ile a bua sengwe se se itumedisang. (Esek. 21:25-27) Jehofa o ne a mo raya a re a bolelele pele gore kgosi nngwe e e nang le “tshwanelo ya semolao” go tswa mo lotsong lwa segosi lwa ga Dafide ke yone e neng e tla busa. Mo kgaolong e e latelang ya buka eno, re tla bona gore kgosi eo ke mang.

27. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Baiseraele fa ba ne ba ikaega ka Egepeto?

27 Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Baiseraele fa ba ne ba ikaega ka puso ya Egepeto? Ga re a tshwanela go ikaega ka mekgatlho ya dipolotiki re akanya gore e ka kgona go re sireletsa. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tsaya karolo mo dipolotiking, tota le mo megopolong ya rona. Ga re a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe.” (Joh. 15:19; Jak. 4:4) Mekgatlho ya dipolotiki e ka lebega e le maatla, mme e tshwana fela le puso ya bogologolo ya Egepeto. E bokoa fela jaaka lotlhaka. Tota e tla bo e le boeleele go ikanya batho ba ba swang fela jaaka rona go na le gore re ikanye Molaodimogolo wa lobopo lotlhe.​—Bala Pesalema 146:3-6.

Ga re a tshwanela go tsaya letlhakore mo dipolotiking tota le fa go se na ope yo o re bonang (Bona serapa 27)

Ditšhaba di “Tla Tshwanelwa ke go Itse”

28-30. Go na le pharologano efe magareng ga tsela e ditšhaba di tla ‘tshwanelwang ke go itse’ Jehofa ka yone le tsela e rona re mo itseng ka yone?

28 Mo bukeng ya Esekiele, Jehofa o bua makgetlo a le mantsinyana a re ditšhaba di “tla tshwanelwa ke go itse gore ke [ene] Jehofa.” (Esek. 25:17) Mafoko ao a ile a diragadiwa mo nakong e e fetileng fa Jehofa a ne a otlhaya batho ba ba neng ba bogisa batlhanka ba gagwe. Mme a tla boa gape a diragadiwa mo nakong e e tlang. Re raya jang?

29 Fela jaaka batho ba Modimo ba bogologolo, le rona re dikologilwe ke ditšhaba tse di akanyang gore ga re a sireletsega fela jaaka nku e e nnang e le nosi. (Esek. 38:10-13) Jaaka re tla bona mo Kgaolo 17 le 18, go ise go ye kae, dipuso di tla tlhasela batho ba Modimo. Mme fa batho ba dipuso tseo ba dira jalo, ba tla itse sentle gore fa go buiwa ka maatla go buiwa ka eng. Ba tla tshwanelwa ke go itse Jehofa, ba rata kgotsa ba sa rate. Fa a ba nyeletsa kwa ntweng ya Aramagedona, ba tla itse gore ke ene molaodimogolo.​—Tshen. 16:16; 19:17-21.

30 Rona Jehofa o tla re sireletsa a bo a re segofatsa. Goreng a tlile go dira jalo? Ka gonne re bontsha gore re a mo itse gone jaanong ka go mo tshepa, go mo ikobela le go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang.​—Bala Esekiele 28:26.

a Ka sekai, Bafilisitia ba ne ba sa letle ope mo Iseraele go bereka ka tshipi. Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ya kwa Bafilisitieng go ya go lootsa dilo tse ba neng ba di dirisa fa ba lema, mme ba ne ba duedisiwa madi a mantsi thata.​—1 Sam. 13:19-22.

b Go lebega motse wa ntlha wa Ture o ne o agilwe mo lefelong le le matlapa gaufi le lewatle, mo e ka nnang dikilometara di le 50 go tswa kwa Thabeng ya Karemele. Moragonyana motse oo o ne wa okediwa kwa karolong e e kgakalanyana le lewatle. Leina la Sehebera la motse oo e leng Sur le kaya “Letlapa.”

c Isaia, Jeremia, Joele, Amose le Sekarea le bone ba ile ba bolelela pele se se neng se tla diragalela motse wa Ture mme boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa ka botlalo.​—Isa. 23:1-8; Jer. 25:15, 22, 27; Joele 3:4; Amose 1:10; Seka. 9:3, 4.