Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 11

“Ke go Tlhomile Gore o Nne Molebeledi”

“Ke go Tlhomile Gore o Nne Molebeledi”

ESEKIELE 33:7

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Jehofa o tlhoma molebeledi, a bo a tlhalosa dilo tse molebeledi yoo a tshwanetseng go di dira

1. Tlhalosa gore balebeledi kgotsa baporofeti ba ga Jehofa ba dira eng le gore Baiseraele ba ile ba tsiboga jang.

 LETSATSI le a phirima, molebeledi o dutse kwa godimo ga dipota tsa Jerusalema. O beile letsogo mo phatleng gore letsatsi le se ka la mo fatlha. O leba kwa le kwa, mme fa a re tha! o bona masole a Babelona a tla. O tsaya lonaka ka bonako a bo a le letsa, gore a tlhagise batho ba mo motseng. Mme gone, ga go na sepe se baagi ba motse oo ba ka tlholang ba se dira. Go fetile dingwagangwaga balebeledi ba ga Jehofa kgotsa baporofeti ba gagwe, ba tlhagisa batho gore motse wa bone o tlile go senngwa, mme ba ne ba sa batle go reetsa. Masole a Babelona a kampa go dikologa motse. Morago ga dikgwedi di le dintsinyana, a thuba dipota tsa Jerusalema, a senya tempele a bo a bolaya kgotsa a tshwara baagi ba motse oo.

2, 3. (a) Batho ba lefatshe leno ba tlile go lebana le maemo afe, mme ba tshwanetse go dira eng gone jaanong? (b) Re tlile go tlotla ka dipotso dife?

2 Gone jaanong, masole a ga Jehofa a kwa legodimong a ipaakanyetsa go itepatepanya le batho ba lefatshe leno ba ba senang tumelo. (Tshen. 17:12-14) Fa a itepatepanya le bone, go tlile go nna le pitlagano e e kgolo e e seng e tsamaye e nne teng mo lefatsheng. (Math. 24:21) Mme gone, batho ba sa ntse ba na le tshono ya go reetsa tlhagiso e Jehofa a ba nayang yone a dirisa molebeledi wa gagwe.

3 Ke eng se se dirileng gore Jehofa a tlhome balebeledi? Molebeledi o bolelela batho molaetsa o o ntseng jang? Ke bomang ba ba ileng ba nna balebeledi mme rona boikarabelo jwa rona ke eng? Mma re tlotle ka dikarabo tsa dipotso tseno.

“O Tshwanetse go ba Tlhagisa”

4. Ke eng fa Jehofa a ile a tlhoma balebeledi? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)

4 Bala Esekiele 33:7. Ka nako ya go kwalwa ga Baebele, balebeledi ba ne ba nna mo dipoteng tsa motse gore ba kgone go o sireletsa. Seno e ne e le bosupi jwa gore kgosi ya motse e rata batho ba yone. Gone ke boammaaruri gore fa molebeledi a letsa lonaka, modumo oo o ne o tla tshosa batho ba ba robetseng, mme gape, one modumo oo, o ne o ka sireletsa matshelo a bone fa ba ne ba ka tsiboga ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a sa tlhoma balebeledi ka gonne a batla go tshosa Baiseraele ka molaetsa wa katlholo. O ile a ba tlhoma ka gonne a rata batho ba gagwe e bile a batla go boloka matshelo a bone.

5, 6. Re itse jang gore Jehofa o tshiamiso?

5 Jehofa o ne a tlhoma Esekiele go nna molebeledi, mme ka go dira jalo, o ile a re thusa go bona dinonofo tsa Gagwe tse di molemo. Mma re tlotle ka dingwe tsa tsone.

6 Tshiamiso: Jehofa o tshiamiso ka gonne o dirisana le batlhanka ba gagwe motho ka bongwe, e bile o dira jalo a sa tlhaole. Ka sekai, le fa gone batho ba le bantsi ba ile ba gana go reetsa molaetsa wa ga Esekiele, Jehofa ga a ka a tsaya gore Baiseraele botlhe fela ke batlhanogi. Go na le moo, o ne a batla go bona gore mongwe le mongwe wa bone o tsibogela jang molaetsa oo. Mo bukeng ya Esekiele, o nna a bua ka “motho yo o bosula” le “motho yo o siameng.” Ka jalo, Jehofa o atlhola mongwe le mongwe go ya ka tsela e a tsibogelang molaetsa wa gagwe ka yone.​—Esek. 33:8, 18-20.

7. Jehofa o lebelela eng fa a atlhola batho?

7 Gape re kgona go bona gore Jehofa o tshiamiso mo tseleng e a atlholang batho ka yone. Ga a atlhole batho go ya ka dilo tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng. Go na le moo, o ba atlhola go ya ka tsela e ba tsibogelang tlhagiso ya gagwe ka gone, gone jaanong. Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Fa ke raya modirabosula ke re: ‘Ruri o tla swa,’ a bo a tlogela boleo jwa gagwe mme a diragatsa tshiamiso e bile a dira se se siameng, . . . ruri o tla tswelela a tshela.” Go tswa foo Jehofa o ne a re: “Ga go na maleo ape a a a dirileng a a tla a atlholelwang.” (Esek. 33:14-16) Mme gone, fa motho a ile a dira dilo tse di siameng mo nakong e e fetileng, a se ka a akanya gore Jehofa ga a kitla a mo otlhaya fa a dira dilo tse di bosula gone jaanong. Jehofa o ne a re fa motho “a ikanya dilo tse di siameng tse a di dirileng a bo a dira se se sa siamang, ga go na ditiro dipe tsa gagwe tse di siameng tse di tla gakologelwang, mme o tla swa ka ntlha ya bosula jo a bo dirileng.”​—Esek. 33:13.

8. Ke eng gape se se bontshang gore Jehofa o tshiamiso?

8 Gape Jehofa o tshiamiso ka gonne pele ga a dira sengwe, o tlhagisa batho go sa ntse go na le nako gore ba kgone go tsaya kgato. Ka sekai, Esekiele o ne a simolola go tlhagisa batho dingwaga di ka nna thataro pele ga masole a Babelona a tlhasela Jerusalema. Mme gone, Esekiele e ne e se ene motho wa ntlha go tlhagisa Baiseraele gore Jehofa o tlile go ba otlhaya. Dingwaga di le dintsintsi pele ga Jerusalema e senngwa, Jehofa o ne a nna a romela baporofeti ba ba jaaka Hosea, Isaia, Mika, Odede, le Jeremia gore ba tlhagise batho ba motse oo. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Jeremia gore a reye Baiseraele a re: “Ke ne ka tlhoma balebeledi ba ba neng ba ba raya ba re, ‘Tlhwaelang modumo wa lonaka tsebe!’” (Jer. 6:17) Fa Bababelona ba ne ba diragatsa katlholo ya ga Jehofa ka go tlhasela Jerusalema, e ne e se molato wa ga Jehofa kgotsa wa balebeledi ba gagwe fa batho ba motse oo ba ne ba bolawa.

9. Jehofa o ne a bontsha jang gore o na le lorato lo logolo?

9 Lorato: Jehofa o ne a bontsha gore o na le lorato lo logolo fa a ne a romela balebeledi ba gagwe gore ba tlhagise e seng fela batho ba ba siameng, mme gape le batho ba ba bosula, bone ba ba neng ba mo utlwisitse botlhoko e bile ba gogile leina la gagwe mo seretseng. Mongwe le mongwe o ne a itse gore Baiseraele ke batho ba ga Jehofa, mme ba ne ba nna fela ba mo tlhanogela ba bo ba obamela medimo ya maaka. Jehofa o ne a tshwantsha setšhaba seno le mosadi wa seaka. Seno se bontsha gore ba ne ba mo utlwisitse botlhoko tota. (Esek. 16:32) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a ba tlhoboga ka bonako. O ne a sa batle go ipusolosetsa mo go bone, go na le moo, o ne a batla gore ba boe ba mo direle gape. O ne a nna a ba naya tshono ya gore ba tlogele go dira dilo tse di bosula. Ka ntlha yang? O ne a raya Esekiele a re: “Ga ke itumedisiwe ke loso lwa modirabosula, go na le moo ke itumedisiwa ke go bona modirabosula a tlogela tsela ya gagwe a bo a tswelela a tshela.” (Esek. 33:11) Jehofa ga a ise a fetoge. O sa ntse a ikutlwa fela jalo le gompieno.​—Mal. 3:6.

10, 11. Re ka ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka yone?

10 Re ka ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka yone? Sengwe se re se ithutang ke go re, re tshwanetse go akanyetsa maemo a motho mongwe le mongwe yo re mo rerelang. Tota go tla bo go sa siama gore re se ka ra rerela motho ka ntlha ya dilo tse a neng a di dira mo nakong e e fetileng, tsela e a lebegang ka yone, tsela e a buang ka yone, kwa a tswang teng kgotsa fela ka gonne a na le madi kgotsa a se na one. Jehofa o ne a ruta moaposetoloi Petere thuto nngwe e e sa ntseng e le botlhokwa le gompieno. Petere o ne a re: “Modimo ga a na tlhaolele, mme o amogela motho mongwe le mongwe yo o tswang mo setšhabeng sengwe le sengwe yo o mmoifang e bile a dira se se siameng.”​—Dit. 10:34, 35.

A re leba batho ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone? (Bona serapa 10)

11 Sengwe gape sa botlhokwa se re ithutang sone ke go re, re tshwanetse go ikela tlhoko. Ga re a tshwanela go akanya gore, e re ka re ile ra dira dilo tse di siameng mo nakong e e fetileng, seo se raya gore re ka kgona go tlola melao ya Modimo gone jaanong. Re tshwanetse go nna re gopotse gore le rona re na le boleo fela jaaka batho ba re ba rerelang. Kgakololo e moaposetoloi Paulo a ileng a e naya Bakeresete ba kwa Korintha le rona e a re ama. O ne a re: “A motho yo o akanyang gore o eme a nne kelotlhoko gore a se ka a wa. Diteko tse di lo welang di wela batho botlhe.” (1 Bakor. 10:12, 13) Ga re a tshwanela go “ikanya dilo tse di siameng tse [re] di dirileng.” Gape ga re a tshwanela go ipolelela gore Jehofa o tla tlodisa matlho dilo tse di bosula tse re di dirang fela ka gonne go na le dilo dingwe tse di siameng tse re di dirang. (Esek. 33:13) Le fa re ka tswa re na le nako e e telele re direla Jehofa, re tshwanetse go nna re ikokobeditse e bile re mo ikobela.

12. Fa e le gore re ile ra dira maleo a a masisi mo nakong e e fetileng, re tshwanetse go nna re gopotse eng?

12 Mme go tweng fa e le gore re ile ra dira maleo a a masisi mo nakong e e fetileng mme re sa ntse re ikutlwa molato? Esekiele o ile a tlhalosa gore Jehofa o tla otlhaya batho ba ba dirang dilo tse di bosula ba ba sa ikwatlhayeng. Mo godimo ga moo, re ithutile gore Jehofa ke Modimo yo o lorato. (1 Joh. 4:8) Ka jalo, fa re ikwatlhaya, e bile re bontsha seo ka dilo tse re di dirang, re ka tlhatswega pelo gore Modimo o tla re itshwarela. (Jak. 5:14, 15) Jehofa o ile a itshwarela Baiseraele ba ba neng ba obamela medimo ya maaka, ka jalo, le rona o tla re itshwarela.​—Pes. 86:5.

“Bua le Bomorwa Batho ba Gaeno”

13, 14. (a) Balebeledi ba ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go bolelela batho molaetsa o o ntseng jang? (b) Isaia o ne a bolelela batho molaetsa o o ntseng jang?

13 Bala Esekiele 33:2, 3. Balebeledi ba ga Jehofa ba ne ba bolelela batho molaetsa o o ntseng jang? Tiro ya botlhokwa thata e ba neng ba e dira ene ele go tlhagisa batho. Mme gape, ba ne ba bolelela batho dikgang tse di molemo. Mma re tlotle ka dikai dingwe.

14 Isaia o ile a direla go simolola mo e ka nnang ka 778 go fitlha ka 732 B.C.E. O ile a tlhagisa batho ba Jerusalema gore Bababelona ba ne ba tlile go tlhasela motse wa bone, ba bo ba isa baagi ba motse oo kwa botshwarwa. (Isa. 39:5-7) Mme gape, Modimo o ile a mo tlhotlheletsa gore a kwale a re: “Reetsa! Balebeledi ba gago ba tsholetsa mantswe a bone. Ba goa mmogo ka boitumelo, Gonne ba tla bona fa Jehofa a phutha Siona gape.” (Isa. 52:8) Isaia o ile a bolelela batho dikgang tse di monate tota. O ile a re Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang.

15. Jeremia o ne a bolelela batho molaetsa o o ntseng jang?

15 Jeremia ene o ile a direla go tloga ka 647 go fitlha ka 580 B.C.E., mme go le ga ntsi ga twe ke motho yo o neng a bua ka masetlapelo fela. Ntle le pelaelo, o ile a dira ka natla go tlhagisa Baiseraele ka masetlapelo a Jehofa a neng a tla ba tlisetsa one. a Mme gape o ile a ba bolelela dikgang tse di itumedisang. O ne a bolelela pele gore batho ba Modimo ba ne ba tla boela kwa nageng ya bone le gore fa ba le koo, ba tla boa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.​—Jer. 29:10-14; 33:10, 11.

16. Molaetsa wa ga Esekiele o ile wa thusa jang batho ba ba neng ba le kwa botshwarwa?

16 Esekiele o ne a tlhomiwa go nna molebeledi ka 613 B.C.E. mme o ne a tswelela a dira tiro eo go fitlha mo e ka nnang ka 591 B.C.E. Jaaka re bone mo Kgaolo 5 le 6 ya buka eno, Esekiele o ile a tlhagisa batho ba Iseraele gore motse wa bone o tlile go tlhaselwa. E re ka a ile a ba tlhagisa, o ne a se kitla a nna le molato ope fa batho ba motse oo ba ne ba ka bolawa. Esekiele o ile a tlhagisa batho ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore Jehofa o tlile go otlhaya batho ba kwa Jerusalema ba ba neng ba mo tlhanogetse. Mme gape, o ile a thusa batho bao ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa ka gonne seo se ne se tla ba thusa go dira tiro e e neng e larile kwa pele. Fa Bajuda ba sena go fetsa dingwaga di le 70 kwa botshwarwa, Jehofa o ne a tla ba busetsa kwa Iseraele. (Esek. 36:7-11) Bontsi jwa bone e ne e tla nna bana le ditlogolo tsa batho ba ba ileng ba reetsa molaetsa wa ga Esekiele. Jaaka re bone mo dikgaolong dingwe mo Karolo 3 ya buka eno, Esekiele o ile a bolelela batho dikgang tse di monate tsa gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang kwa Jerusalema.

17. Jehofa o ne a tlhoma balebeledi mo maemong afe/leng?

17 A baporofeti bano ba ba neng ba tlhagisa batho ba Modimo pele ga Jerusalema e dikaganyediwa e bo e senngwa ka 607 B.C.E., ke bone fela ba Jehofa a ileng a ba tlhoma gore e nne balebeledi? Nnyaa. Nako le nako pele ga go direga sengwe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo, Jehofa o ne a tlhoma balebeledi gore ba tlhagise batho ba ba bosula le gore ba bolelele batho dikgang tse di molemo.

Balebeledi ba mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

18. Johane Mokolobetsi o ne a dira tiro efe?

18 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Johane Mokolobetsi o ne a dira tiro ya molebeledi. O ile a tlhagisa Baiseraele gore go ise go ye kae, Modimo ga a kitla a tlhola a ba amogela. (Math. 3:1, 2, 9-11) Mme e ne e se gone fela. Jesu o ne a re Johane e ne e le “morongwa” yo go neng go boleletswe pele gore o tla baakanyetsa Mesia tsela. (Mal. 3:1; Math. 11:7-10) Gape Johane o ile a bolelela batho dikgang tse di monate. O ne a ba bolelela gore “Kwana ya Modimo” e bong Jesu o ne a gorogile le gore o ne a tla ‘tlosa boleo jwa lefatshe.’​—Joh. 1:29, 30.

19, 20. Jesu le balatedi ba gagwe ba ile ba dira jang tiro ya molebeledi?

19 Jesu Keresete e ne e le ene molebeledi yo o botlhokwa go ba gaisa botlhe. Fela jaaka Esekiele, Jesu le ene o ne a rometswe ke Jehofa kwa ‘setšhabeng sa Iseraele.’ (Esek. 3:17; Math. 15:24) Jesu o ile a tlhagisa batho ba Iseraele gore Modimo ga a kitla a tlhola a ba amogela le gore Jerusalema e ne e tlile go senngwa. (Math. 23:37, 38; 24:1, 2; Luke 21:20-24) Mme gone, tiro ya gagwe ya konokono e ne e le go bolelela batho dikgang tse di molemo.​—Luke 4:17-21.

20 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang lo disitse.” O ne a ba laela gore e nne balebeledi. (Math. 24:42) Ba ile ba ikobela taelo eo ya ga Jesu. Ba ile ba bolelela Baiseraele gore Jehofa ga a tlhole a ba amogela le motse wa bone wa Jerusalema. (Bar. 9:6-8; Bagal. 4:25, 26) Mme fela jaaka balebeledi ba bangwe, barutwa ba ga Jesu le bone ba ile ba bolelela batho le dikgang tse di itumedisang. Molaetsa wa bone o ne o akaretsa dikgang tse di molemo tsa gore batho ba Ditšhaba Tse Dingwe le bone ba ne ba kgona go nna karolo ya Iseraele wa Modimo wa batho ba ba tloditsweng, le gore le bone ba tla nna le tshiamelo ya go thusa Keresete fa a dira gore batho ba boe ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.​—Dit. 15:14; Bagal. 6:15, 16; Tshen. 5:9, 10.

21. Paulo o re tlhometse sekao sefe?

21 Paulo e ne e le mongwe wa balebeledi ba lekgolo la ntlha la dingwaga mme o re tlhometse sekao se sentle. O ne a tsaya kabelo ya gagwe masisi. Fela jaaka Esekiele, Paulo le ene o ne a itse gore fa a sa dire kabelo ya gagwe, o tla nna le molato wa madi. (Dit. 20:26, 27) Le ene o ne a sa tlhagise batho fela, mme gape o ne a ba bolelela dikgang tse di molemo. (Dit. 15:35; Bar. 1:1-4) Tota e bile, moya o o boitshepo o ile wa mo tlhotlheletsa gore a nopole mafoko ano a ga Isaia: “Ruri dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, di dintle mo dithabeng.” Paulo o ile a dirisa mafoko ano fa a ne a bua ka tiro e e dirwang ke balatedi ba ga Jesu ya go rera ka Bogosi Jwa Modimo.​—Isa. 52:7, 8; Bar. 10:13-15.

22. Go ile ga direga eng fa baaposetoloi ba sena go swa?

22 Fa baaposetoloi ba sena go swa, go ile ga nna le batlhanogi ba le bantsi mo phuthegong ya Bakeresete, fela jaaka go ne go boleletswe pele. (Dit. 20:29, 30; 2 Bathes. 2:3-8) Go ne ga feta nako e e telele Bakeresete ba maaka ba ba tshwanang le mefero, ba le bantsi thata go feta Bakeresete ba boammaaruri ba ba tshwanang le korong, mme molaetsa o o utlwalang sentle wa Bogosi Jwa Modimo, o ne o hupeditswe ke dithuto tsa maaka. (Math. 13:36-43) Le fa go ntse jalo, go ile ga tla nako ya gore Jehofa a baakanye dilo. O ile a bontsha gape gore o lorato e bile o tshiamiso ka gonne o ile a tlhoma balebeledi gore ba tlhagise batho e bile ba itsise dikgang tse di molemo. Balebeledi bao e ne e le bomang?

Jehofa o Boa a Tlhoma Balebeledi Gore ba Tlhagise Batho ba ba Bosula

23. C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ile ba dira tiro efe?

23 Dingwaga di le dintsinyana pele ga 1914, Charles Taze Russell le ditsala tsa gagwe ba ile ba dira tiro ya “morongwa” yo a neng a tla bula tsela pele Bogosi Jwa ga Mesia bo tlhomiwa. b (Mal. 3:1) Gape banna bao ba ile ba dira tiro ya molebeledi ba dirisa makasine wa Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence go tlhagisa batho ka katlholo ya Modimo le go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.

24. (a) Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o dira tiro ya molebedi ka tsela efe? (b) O ithutile eng mo balebeleding ba mo nakong e e fetileng? (Bona tšhate e e reng “Balebeledi Ba ba re Tlhometseng Sekao.”)

24 Fa Bogosi bo sena go tlhomiwa, Jesu o ile a tlhoma setlhopha se sennye sa banna gore ba direge e ile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. (Math. 24:45-47) Fa e sale go tlhoga ka nako eo, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, yo gape a itsiweng e le Setlhopha se se Laolang, o ntse a dira tiro ya molebeledi. Motlhanka yono, o etelela pele mo tirong ya go tlhagisa batho ka “letsatsi la pusoloso la Modimo.” Mme gape o ba bolelela ka “ngwaga wa fa Jehofa a tla bo a amogela batho.”​—Isa. 61:2; bona gape le 2 Bakorintha 6:1, 2.

25, 26. (a) Balatedi botlhe ba ga Keresete ba tshwanetse go dira tiro efe mme tiro eo e dirwa jang? (b) Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?

25 Gone ke boammaaruri gore motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke ene a etelelang pele mo tirong ya molebeledi. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a laela balatedi “botlhe” ba gagwe gore ba ‘nne ba disitse.’ (Mar. 13:33-37) Re ikobela taelo eno fa re tswelela re na le tumelo e e nonofileng e bile re ema nokeng molebeledi wa mo motlheng ono wa rona. Re bontsha gore re na le tumelo e e nonofileng fa re diragatsa boikarabelo jwa rona jwa go rerela batho. (2 Tim. 4:2) Ke eng se se re tlhotlheletsang gore re rerele batho? Lebaka lengwe ke gore, re batla gore batho ba bolokiwe. (1 Tim. 4:16) Go ise go ye kae, batho ba le bantsi ba tlile go nyelediwa ka gonne ba ganne go reetsa tlhagiso ya molebeledi wa motlha wa gompieno. (Esek. 3:19) Mme lebaka la konokono la go bo re rerela batho ke gore re batla go ba bolelela dikgang tse di monate, tsa gore Jehofa o obamelwa ka tsela e e mo itumedisang. Gone jaanong mo ngwageng ono ‘wa fa Jehofa a amogela batho,’ batho ba sa ntse ba na le tshono ya gore ba obamele Modimo wa rona yo o tshiamiso le yo o re ratang e bong Jehofa. Go ise go ye kae, batho ba ba tla falolang fa go fedisiwa lefatshe leno le le bosula, ba tla itumelela go busiwa ke Morwa Modimo yo o kutlwelobotlhoko e bong Jesu Keresete. A go na le mongwe yo a ka reng ene ga a batle go thusa molebeledi wa mo motlheng wa rona go bolelela batho dikgang tseno tse di molemo?​—Math. 24:14.

Re ema nokeng molebeledi wa motlha wa rona ka go rera dikgang tse di molemo (Bona serapa 25)

26 Tota le gone jaanong mo lefatsheng leno le le bosula, Jehofa o thusitse batho ba gagwe gore ba nne seoposengwe. Mo kgaolong e e latelang, re tla tlotla ka boporofeti jwa dithobane tse pedi, jo bo bontshang gore Jehofa o dirile seno jang.

a Lefoko “masetlapelo” le tlhaga makgetlo a ka nna 60 mo bukeng ya Jeremia.

b Go ithuta mo go oketsegileng ka boporofeti jono le gore bo ile jwa diragadiwa jang, bona kgaolo 2 ya setlhogo se se reng “Bogosi bo Tlhomiwa Kwa Legodimong” mo bukeng ya Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!