Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 13

Tlhalosa “Tsela e Tempele e Lebegang ka Yone”

Tlhalosa “Tsela e Tempele e Lebegang ka Yone”

ESEKIELE 43:10

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Bokao jwa tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong

1-3. (a) Ke eng fa Esekiele a ka tswa a ile a gomodiwa ke go bona ponatshegelo ya tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

 AKANYA ka Esekiele a ne le dingwaga di le 50. O na le dingwaga di le 25 a le kwa botshwarwa. Go setse go fetile nako e telele tempele e e kwa Jerusalema e sentswe. Fa e le gore Esekiele o kile a akanya gore o tla direla kwa Jerusalema e le moperesiti, jaanong o lemoga gore seno se ka se kgonege. Go sa ntse go setse dingwaga di le 56 pele ba gololwa kwa botshwarwa. Esekiele o a itse gore go ka direga gore fa batho ba Modimo ba boela kwa Jerusalema, o tla bo a sa tlhole a tshela. Ka jalo, o tla bo a seyo fa tempele e agiwa sesha. (Jer. 25:11) A seno se dira gore a utlwe botlhoko?

2 Jehofa o ile a bontsha Esekiele bopelonomi. O ile a dira gore a bone ponatshegelo e e kgatlhang. Ntle le pelaelo, ponatshegelo eno e ile ya gomotsa motlhanka yono wa ga Jehofa yo o ikanyegang e bile e ile ya dira gore a nne le tsholofelo. Mo ponatshegelong eno, Jehofa o isa Esekiele kwa nageng ya gaabo a bo a mo baya mo godimo ga thaba e e kwa godimo thata. Fa a le mo godimo ga thaba eo, o ne a kopana le “monna yo o neng a phatsima jaaka kopore.” Monna yoo, yo e neng e le moengele o ne a bontsha Esekiele sengwe le sengwe mo tempeleng e e boitshegang. (Bala Esekiele 40:1-4.) Go ne go ntse jaaka e kete ke tempele ya mmatota. Ponatshegelo eno e tshwanetse ya bo e ile ya nonotsha tumelo ya ga Esekiele. Mme gape, gongwe e ile ya mo tlogela a gakgametse e bile a akabetse. Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong e ne e tshwana le e e neng e le kwa Jerusalema ka dilo dingwe. Mme gape, tempele eno e ne e farologane thata le e e kwa Jerusalema.

3 Dikgaolo tse 9 tsa bofelo mo bukeng ya Esekiele di bua ka ponatshegelo eno e e kgatlhang. Mma jaanong re tlotle ka gore re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re sekaseka boporofeti jono e bile re leka go bo tlhaloganya. Go tswa foo, re tla bona gore a se Esekiele a ileng a se bona e ne e le tempele ya tshwantshetso e moaposetoloi Paulo a ileng a bua ka yone dingwaga di le dintsi moragonyana. Sa bofelo, re tla bona gore ponatshegelo eno e ne e kaya eng mo go Esekiele le batho ba a neng a na le bone kwa botshwarwa.

Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Fetoga

4. Mo nakong e e fetileng dikgatiso tsa rona di ne di reng ka tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, mme re ile ra lemoga eng?

4 Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di tlhalosa gore Esekiele o ne a bona tempele ya tshwantshetso ya ga Jehofa e moaposetoloi Paulo a ileng a bua ka yone mo lekwalong la Bahebera. a Ke gone ka moo dikgatiso tsa rona di neng di tlhalosa gore dilo tse Esekiele a ileng a di bona mo tempeleng di ne di tshwantshetsa dilo dingwe, re ikaegile ka tsela e Paulo a ileng a tlhalosa motlaagana ka yone. Le fa go ntse jalo, fa re sena go tlhatlhoba kgang eno sentle le go rapela ka yone, re ile ra lemoga gore re tshwanetse go tlhalosa tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong ka tsela e e motlhofo.

5, 6. (a) Moaposetoloi Paulo o ile a reng ka dilo dingwe tse di mo motlaaganeng, mme o ile a bontsha jang gore o boikokobetso? (b) Re ka etsa Paulo jang fa re leka go tlhaloganya tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong?

5 Go bonala go le botoka gore re se ka ra akanya gore sengwe le sengwe se Esekiele a se boneng mo tempeleng se tshwantshetsa sengwe se se rileng. Ka ntlha yang? Fa Paulo a ne a bua ka motlaagana le tempele ya tshwantshetso, o ile a umaka dilo dingwe tse di mo motlaaganeng oo tse di jaaka leiswana la go fisa maswalo la gauta, letlole la kgolagano le nkgo ya gauta e e neng e na le mana. A o ile a tlhalosa gore dilo tseo di tshwantshetsa eng? Nnyaa, moya o o boitshepo ga o a ka wa mo tlhotlheletsa gore a tlhalose gore dilo tseno di tshwantshetsa eng. Go na le moo, o ile a re: “Ga se nako ya go bua ka dilo tseno ka botlalo.” (Baheb. 9:4, 5) Paulo o ile a itetla go kaelwa ke moya o o boitshepo e bile o ile a leta Jehofa ka boikokobetso.​—Baheb. 9:8.

6 Go ntse fela jalo le ka tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong. Le yone e na le dintlha di le dintsi. Mme re tla nna re letile Jehofa gore a tlhalose dintlha tseo ka botlalo fa e le gore go a tlhokega. (Bala Mika 7:7.) A seno se raya gore Jehofa o re tlogetse fela mo lefifing? A ga a ntsha dintlha dipe fela tse di ka re thusang go tlhaloganya ponatshegelo eno? O di ntshitse.

A Esekiele o Ile a Bona Tempele ya Tshwantshetso?

7, 8. (a) Ke eng se se fetogileng? (b) Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong e farologana jang le e Paulo a ileng a bua ka yone?

7 Jaaka go tlhalositswe pelenyana, go ne ga feta dingwaga di le dintsi dikgatiso tsa rona di tlhalosa gore Esekiele o ile a bona tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso e moaposetoloi Paulo a ileng a bua ka yone mo lekwalong la Bahebera. Le fa go ntse jalo, fa re ntse re tlhatlhoba kgang eno, re ile ra lemoga gore Esekiele ga a ka a bona tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso. Goreng re rialo?

8 Sa ntlha, tempele e Esekiele a ileng a e bona ga e tshwane le e Paulo a ileng a tlhotlhelediwa go kwala ka yone. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore motlaagana wa nako ya ga Moshe o ne o tshwantshetsa sengwe se segolo. Motlaagana o Paulo a neng a bua ka one o ne o na le karolo e e bidiwang “Boitshepo Jwa Maitshepo” fela jaaka tempele e e neng e agilwe ke Solomone le le e neng e agilwe ke Serubabele, tse di neng di agilwe ka go tshwana. Paulo o ne a bitsa karolo eo a re ke ‘lefelo le le boitshepo le le dirilweng ka diatla,’ mme o ne a tlhalosa gore le ‘emela selo sa mmatota.’ Selo sa mmatota e ne e le eng? Paulo o ne a re ke “legodimo ka bolone.” (Baheb. 9:3, 24) A Esekiele o ile a bona legodimo? Nnyaa. Ga go na sepe mo ponatshegelong ya ga Esekiele se se bontshang gore o ne a bona dilo tse di kwa legodimong. b

9, 10. Tempele e Esekiele a ileng a e bona e ne e farologana jang gape le tempele ya tshwantshetso e Paulo a ileng a bua ka yone?

9 Sengwe gape se se neng se farologane ka tempele e Esekiele a ileng a e bona le e Paulo a ileng a bua ka yone, ke kgang ya ditlhabelo. Esekiele o ile a utlwa batho, dikgosana le baperesiti ba newa ditaelo tsa gore ba ntshe ditlhabelo. Ba ne ba tshwanetse go di ntsha gore ba itshwarelwe maleo. Gape ba ne ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo tsa go abelana, tse gongwe ba neng ba di jela mo phaposing ya bojelo ya tempele. (Esek. 43:18, 19; 44:11, 15, 27; 45:15-20, 22-25) A ditlhabelo tseno di ne di ntshiwa mo tempeleng ya ga Jehofa ya tshwantshetso?

Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong ga se tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso

10 Karabo e e motlhofo fela ke gore nnyaa. Paulo o ne a re: “Fa Keresete a tla, e ne e le moperesiti yo mogolo wa dilo tse di molemo tse di neng di setse di diragetse. O ne a tsena mo motlaaganeng o o botlhokwa thata, o o sa dirwang ka diatla e bile e se wa lefatshe leno. O ne a tsena mo lefelong le le boitshepo, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe. O ne a tsena gangwe fela a bo a dira gore re gololwe ka bosakhutleng.” (Baheb. 9:11, 12) Mo tempeleng ya ga Jehofa ya tshwantshetso, go ntshiwa setlhabelo se le sengwe fela. Ke setlhabelo sa thekololo mme se ntshiwa ke Moperesiti yo Mogolo go ba Gaisa Botlhe e bong Jesu Keresete. Ka jalo, tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, e go neng go ntshiwa ditlhabelo ka dipodi le dipowana mo go yone, e ne e se tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso.

11. Ke eng fa e ne e ise e nne nako ya gore Jehofa a senole se se diregang mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso?

11 Lebaka la bobedi la go bo re ka re Esekiele ga a ka a bona tempele ya tshwantshetso, ke gore e ne e ise e nne nako ya gore Jehofa a senole se se diregang mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso. O se ka wa lebala gore kwa tshimologong, ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e ne e ama Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa kwa Babelona. Ba ne ba sa ntse ba ikobela Molao wa ga Moshe. Fa ba sena go gololwa kwa botshwarwa, ba ne ba tshwanetse go boela kwa Jerusalema ba bo ba ikobela Molao oo ka go boa ba aga tempele le sebeso. Ba ne ba tshwanetse go ntsha ditlhabelo kwa tempeleng, mme ba ne ba tswelela ba dira jalo dingwaga di ka nna 600. Akanya fela gore Bajuda ba ka bo ba ile ba ikutlwa jang fa Jehofa a ka bo a dirile gore Esekiele a bone tempele ya tshwantshetso. Kana mo tempeleng eo, Moperesiti yo Mogolo o ile a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, mme morago ga moo, go ne go sa tlhole go ntshiwa ditlhabelo gotlhelele. Ponatshegelo eo e ne e ka ama Bajuda jang? A e ne e ka se dire gore ba se ka ba tlhola ba ikobela Molao wa ga Moshe? Ka metlha Jehofa o bolelela batho ba gagwe se ba tlhokang go se itse ka nako e e tshwanetseng.

12-14. Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, emana jang le tempele ya tshwantshetso e Paulo a ileng a bua ka yone? (Bona lebokoso le le reng “Ditempele Tse Pedi Tse di re Rutang Dithuto Tse di Farologaneng.”)

12 Mme gone, tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, e amana jang le tempele ya tshwantshetso e Paulo a ileng a bua ka yone? Nna o gopotse gore fa Paulo a ne a tlhalosa tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso, o ne a sa akanya ka tempele ya ga Esekiele, go na le moo, o ne a akantse ka motlaagana wa nako ya ga Moshe. Ke boammaaruri gore Paulo o ile a umakwa dilo dingwe tse di neng di le teng mo tempeleng ya ga Solomone le ya ga Serubabele tse gape di neng di le teng mo tempeleng e Esekiele a ileng a e bona. Mme gone, Paulo le Esekiele ba ne ba bua ka dilo tse di farologaneng. c Le fa ba ne ba kwala ka dilo tse di sa tshwaneng, se ba ileng ba kwala ka sone se a tsamaisana. Jang?

13 Mo go Paulo re ithuta ka thulaganyo e Jehofa a e dirileng gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang, mme mo go Esekiele, re ithuta ka tsela e Jehofa a batlang gore re mo obamele ka yone. Gore re kgone go tlhaloganya thulaganyo e Jehofa a e dirileng ya gore re mo obamele ka tsela e e mo itumedisang, Paulo o tlhalosa gore dilo dingwe mo tempeleng ya tshwantshetso di emela eng. Ka sekai, o tlhalosa gore moperesiti yo mogolo, sebeso, ditlhabelo le Boitshepo Jwa Maitshepo di emela eng. Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong yone e na le dintlha di le dintsi tse di re rutang tsela e Jehofa a batlang go obamelwa ka yone.

14 A tsela e re tlhaloganyang ponatshegelo ya ga Esekiele ka yone gone jaanong e raya gore ponatshegelo eno ga e botlhokwa mo go rona gompieno? Gore re kgone go bona gore ponatshegelo eno e re tswela mosola jang gompieno, mma re simolole ka go bona pele gore e ne ya thusa jang Bajuda ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng.

Ponatshegelo Eno E ne E Kaya Eng mo Bajudeng ba ba Neng ba le Kwa Botshwarwa?

15. (a) Molaetsa wa konokono wa ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e le eng? (b) Se se diregang mo Esekiele kgaolo 8 se farologana jang le se se diregang mo kgaolo 40 go ya go 48?

15 Gore re kgone go bona karabo ya potso eno, mma re tlotle ka dipotso di le mmalwa tse di tla re thusang go tlhaloganya kgang eno ka botlalo. Sa ntlha, molaetsa wa konokono wa ponatshegelo eno e ne e le eng? Ntlha ya konokono e ne e le gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang. Esekiele o ne a tlhatswegile pelo ka seno. O ne a setse a kwadile se se mo go Esekiele kgaolo 8, a tlhalosa dilo tse di maswe tse di neng di dirwa mo tempeleng e e neng e le kwa Jerusalema tse Jehofa a ileng a dira gore a di bone. Ka jalo, o tshwanetse a bo a ile a itumelela go kwala se se mo go kgaolo 40 go ya go 48. Mo dikgaolong tseno, batho ga ba obamele medimo ya maaka, go na le moo ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang go dumalana le Molao wa ga Moshe.

16. Se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong, se dumalana jang le se Isaia a ileng a se bolelela pele dingwaga di le dintsi pelenyana?

16 Gore batho ba boe ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, ba ne ba tshwanetse go tseela kobamelo ya gagwe kwa godimo. Dingwaga di feta 100 pelenyana ga foo, moporofeti Isaia o ne a kwala a re: “Mo metlheng ya bofelo, Thaba e ntlo ya ga Jehofa e leng mo go yone e tla tia thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, e bile e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota.” (Isa. 2:2) Isaia o ne a bolelela pele gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang le gore batho ba Modimo ba ne ba tla tseela kobamelo ya Gagwe kwa godimo. Go ne go tla nna jaaka e kete ba e baya mo godimo ga dithaba tse di kwa godimodimo. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, ntlo ya ga Jehofa e ne e le fa kae? E ne e le mo godimo ga ‘thaba e e kwa godimo thata.’ (Esek. 40:2) Ka jalo, ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e tlhomamisa gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang.

Tempele e Esekiele a ileng a e bona e ne e le mo lefelong le le kwa godimo thata (Bona serapa 16)

17. Tlhalosa Esekiele kgaolo 40 go ya go 48 ka bokhutshwane.

17 Mma re tlotle ka bokhutshwane ka dilo tse Esekiele a ileng a di bona le tse a ileng a di utlwa jaaka di tlhalosiwa mo go Esekiele 40 go ya go 48. O ne a bona moengele a meta dikgoro, lobota, lolwapa lo lo ka fa ntle le lo lo ka fa teng le lefelo le le boitshepo la tempele. (Esek. 40–42) Go tswa foo, o ne a bona sengwe se se kgatlhang tota. O ne a bona Jehofa a tsena mo tempeleng ka kgalalelo ya gagwe e kgolo. Jehofa o ne a kgalemela batho, baperesiti le dikgosana a bo a ba bolelela gore ba dire eng. (Esek. 43:1-12; 44:10-31; 45:9-12) Go tswa foo Esekiele o ne a bona noka e elela go tswa kwa lefelong le le boitshepo la tempele go ya go fitlha kwa Lewatleng le le Suleng. Fa metsi a noka eo a tsena mo lewatleng, a ne a dira gore ditshedi tse di mo go lone di tshele. (Esek. 47:1-12) Gape o ne a bona lefatshe le kgaoganngwa ka dikarolo tse di lekanang e bile batho ba obamela Jehofa mo lefelong le le fa gare. (Esek. 45:1-8; 47:13–48:35) Ponatshegelo eno e ne e kaya eng? Jehofa o ne a dirisa ponatshegelo eno go netefaletsa batho ba gagwe gore ba tla boa ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. O ne a tla segofatsa ntlo e ba mo obamelang mo go yone ka go nna mo go yone. Gape o ne a tla dira gore ba tshele, ba nne le botsogo jo bo siameng le kagiso mo lefatsheng la bone.

Tempele e Esekiele a ileng a e bona e ne e tshwantshetsa kafa Jehofa a neng a tla dira gore a boe a obamelwe ka tsela e e mo itumedisang (Bona serapa 17)

18. A batho ba ne ba tshwanetse go tsaya se Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong fela jaaka se ntse? Tlhalosa.

18 Sa bobedi, a batho ba ne ba tshwanetse go tsaya se Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong fela jaaka se ntse? Nnyaa. Esekiele le batho ba a neng a na le bone kwa botshwarwa ba ka tswa ba ile ba lemoga gore dilo tse a ileng a di bona mo ponatshegelong e ne e se tsa mmatota. Ke eng fa re rialo? Gopola gore tempele e Esekiele a ileng a e bona e ne e le “mo thabeng e e kwa godimo thata.” Le fa seno se ne se tsamaisana le boporofeti jwa ga Isaia, se ne se sa tsamaisane le lefelo le tempele e neng e le mo go lone. Tempele ya ga Solomone e ne e le mo Thabeng ya Moria kwa Jerusalema mme e ne e tla boa e agiwa teng gape. A Thaba ya Moria e ne e le ‘thaba e e kwa godimo thata’? Nnyaa. E ne e lekana le dithaba tse dingwe tse di neng di le gaufi le yone. Mo godimo ga moo, tempele e Esekiele a ileng a e bona, e ne e agilwe mo jarateng e e boitshegang tota, e e ageletsweng ka lobota. E ne e ka se lekane mo thabeng ya Moria. Tota e bile, jarata eo e ne e ka se lekane le mo motseng wa Jerusalema wa nako ya ga Solomone. Gape batho ba ba neng ba le kwa botshwarwa, ba ne ba sa lebelela gore go nne le noka ya mmatota e e elelang go tswa mo lefelong le le boitshepo la tempele go ya go fitlha kwa Lewatleng le le Suleng, e bo e dira gore ditshedi tse di mo lewatleng leo di boe di tshele. Selo se sengwe gape ke gore, Lefatshe le le Solofeditsweng le ne le na le dithaba, ka jalo go ne go sa kgonege gore lefatshe le kgaoganngwe ka tsela e e lekalekanang jaaka go tlhalositswe mo ponatshegelong. Ka jalo, se Esekiele a ileng a se bona, se ne se sa tshwanela go tsewa fela jaaka se ntse.

19-21. Jehofa o ne a batla gore ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e ame batho ba gagwe jang, mme ke eng fa e ne e ka ama dipelo tsa bone?

19 Sa boraro, Jehofa o ne a batla gore ponatshegelo eo e ame batho ba gagwe jang? Jehofa o ne a batla gore fa batho ba akanya ka tsela ya maemo a a kwa godimo e ba neng ba tshwanetse go mo obamela ka yone, ba tlhabiwe ke ditlhong. O ne a raya Esekiele a re a ‘tlhalosetse batho ba Iseraele tsela e tempele e lebegang ka yone.’ Esekiele o ne a tshwanetse go tlhalosa ntlha nngwe le nngwe ka tempele eo mo e leng gore go ne go tshwanetse ga nna jaaka e kete Baiseraele ba ‘ithuta polane ya yone.’ Ke eng fa batho ba ne ba tshwanetse go itse gore tempele eo e ntse jang? Jaaka re bone, e ne se ka gonne ba tshwanetse go e aga. Go na le moo Jehofa o ne a re, e ne e le gore ba ‘tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba di dirileng.’​—Bala Esekiele 43:10-12.

20 Ke eng fa ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e ka ama dipelo tsa batho ba ba siameng, e bo e dira gore ba tlhabiwe ke ditlhong? Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Morwa motho, ela tlhoko, leba o bo o reetse ka tlhoafalo sengwe le sengwe se ke tla go bolelelang sone se se amanang le ditaelo le melao ya tempele ya ga Jehofa.” (Esek. 44:5) Esekiele o ile a utlwa Jehofa a bua ka ditaelo le melao gangwe le gape. (Esek. 43:11, 12; 44:24; 46:14) Gape Jehofa o ne a nna a gakolola Esekiele gore o batla gore dilo di dirwe jang. Ka sekai, o ile a tlhalosa gore kubita e tshwanetswe go lekanngwa jang le gore dilo tse di kalang di tshwanetse go nna jang. (Esek. 40:5; 45:10-12; bapisa Diane 16:11.) Tota e bile, mo ponatshegelong eno, Esekiele o ile a dirisa mafoko a Sehebera a a kayang “go lekanya” le “selekanyo” makgetlo a feta 50.

21 Ke eng fa Jehofa a ile a bua le batho ba gagwe ka dilo tse di lekanyang, dikale, melao le ditaelo? Go bonala a ne a batla go ba gopotsa gore ke ene fela a nang le tshwanelo ya go tlhalosa gore o batla go obamelwa jang. Ba ba neng ba sa tlhole ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang, ba ne ba tshwanetse go tlhabiwa ke ditlhong. Ponatshegelo ya ga Esekiele e ile ya ba ruta jang thuto eno ya botlhokwa? Re tla bua ka dikai dingwe mo kgaolong e e latelang. Seno se tla re thusa go bona gore ponatshegelo eo e e kgatlhang, e re ama jang gompieno.

Ke eng fa tempele e Esekiele a ileng a bona e ne e ka dira gore batho ba ba siameng ba tlhabiwe ke ditlhong? (Bona serapa 19-21)

a Tempele ya tshwantshetso ke thulaganyo e Jehofa a e dirileng gore batho ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu ke sone se dirang gore thulaganyo eno e nne gone. E ne ya simolola ka 29 C.E.

b Bona gore ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e farologana jang le e Daniele a eileng a e bona, e mo go yone a neng a bona legodimo ka bolone.​—Bapisa Daniele 7:9, 10, 13, 14.

c Ka sekai, Paulo o ne a bua ka se moperesiti yo mogolo a neng a se dira ka Letsatsi la Tetlanyo ngwaga le ngwaga. (Baheb. 2:17; 3:1; 4:14-16; 5:1-10; 7:1-17, 26-28; 8:1-6; 9:6-28) Mme mo ponatshegelong ya ga Esekiele, ga go buiwe sepe ka moperesiti yo mogolo kgotsa Letsatsi la Tetlanyo.