Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 14

“Ono ke Molao wa Tempele”

“Ono ke Molao wa Tempele”

ESEKIELE 43:12

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Se Bajuda ba mo nakong e e fetileng ba neng ba ithuta sone mo ponatshegelong ya tempele le se re ka e ithutang sone gompieno

1, 2. (a) Re ithutile eng mo kgaolong e e fetileng? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo kgaolong eno?

 MO KGAOLONG e e fetileng, re ile ra ithuta gore Esekiele ga a ka a bona tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso e moaposetoloi Paulo a ileng a bua ka yone dingwaga moragonyana. Gape re ile ra ithuta gore Jehofa o ile a dirisa ponatshegelo eo go ruta batho ba gagwe botlhokwa jwa go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Ba ne ba tla boa ba atamalana le Jehofa fa fela ba ne ba ka boa ba mo obamela ka tsela e a e batlang. Ke gone ka moo Jehofa a ileng a boeletsa mafoko ano mo temaneng e le nngwe: “Ono ke molao wa tempele.”​—Bala Esekiele 43:12.

2 Mo kgaolong eno, re tlile go tlotla ka dipotso tse pedi. Ya ntlha: Bajuda ba mo nakong e e fetileng ba ka tswa ba ile ba ithuta eng mo tempeleng e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong? Karabo ya potso eno e tla re thusa go araba potso eno ya bobedi: Ponatshegelo eno e ka re ruta eng mo metlheng eno ya bofelo e e tletseng mathata?

Bajuda ba mo Nakong e e Fetileng Ba ile ba Ithuta Eng?

3. Ke eng fa go bona ntlo ya ga Jehofa e le mo thabeng e e kwa godimo thata go ka tswa go ile ga dira gore Bajuda ba tlhabiwe ke ditlhong?

3 Gore re kgone go araba potso eno, mma re tlotle ka dilo dingwe tse di tlhomologileng tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong. Thaba e e kwa godimo thata. Gongwe Bajuda ba ka tswa ba ile ba lemoga gore thaba e e kwa godimo e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, e ne e tsamaisana le se Isaia a ileng a se bolelela pele. (Isa. 2:2) Mme go bona ntlo ya ga Jehofa e le mo thabeng e e kwa godimo thata go ile ga ruta Bajuda eng? Go ne go ba ruta gore go obamela Jehofa go tshwanetse ga nna botlhokwa thata mo go bone go feta sengwe le sengwe le gore ba tshwanetse go go tseela kwa godimo. Kobamelo ya ga Jehofa ke ya maemo a a kwa godimo thata ka gonne e rulagantswe ke Modimo yo ‘o tlotlometseng thata go feta medimo e mengwe yotlhe.’ (Pes. 97:9) Le fa go ntse jalo, batho ba ne ba sa tlhole ba e tseela kwa godimo. Go ne ga feta dingwagangwaga ba sa obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, ba kopanya kobamelo ya boammaaruri le kobamelo ya maaka. Ka jalo go bona ntlo ya Modimo e e boitshepo e le mo lefelong le le kwa godimo thata, go ka tswa go ile ga dira gore batho ba ba ratang Jehofa ba tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira.

4, 5. Bajuda ba ka tswa ba ile a ithuta eng mo dikgorong tse di goletseng kwa godimo tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong?

4 Dikgoro tse di goletseng kwa godimo. Kwa tshimologong ya ponatshegelo, Esekiele o ne a bona moengele a meta dikgoro tsa tempele. Di ne di le boleele jwa dimetara di le 30. (Esek. 40:14) Go ne go na le matlwana a bafemedi fa go tsenwang teng mo tempeleng. Seno se ka tswa se ile sa ruta Bajuda eng? Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Ela tlhoko tselana e e tsenang mo tempeleng.” Goreng a ne a re a dire jalo? Ka gonne Bajuda ba ne ba tlisa batho “ba dipelo tsa bone di leng bosula e bile ba sa rupa” mo ntlong ya ga Jehofa e e boitshepo. Jehofa o ne a re batho bao ba dira gore tempele ya gagwe e se ka ya nna boitshepo.​—Esek. 44:5, 7.

5 Batho bao ba ba neng ‘ba sa rupa’ ga ba a ka ba ikobela molao o o utlwalang sentle o Modimo a ileng a o naya batho ba gagwe ka nako ya ga Aborahame. (Gen. 17:9, 10; Lefi. 12:1-3) Mme ba ba nang le dipelo tse di bosula bone, ba ne ba le makgapha le go feta ka gonne ba ne ba le tlhogoethata e bile ba gana go ikobela melao ya ga Jehofa. Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba sa tshwanela go letlelelwa gore ba tsene mo ntlong ya ga Jehofa e e boitshepo. Jehofa o tlhoile batho ba ba itirang e kete ba a mo rata, mme Bajuda ba ne ba letlile batho ba ba ntseng jalo gore ba tsene mo ntlong ya ga Jehofa. Ka jalo, matlwana a bafemedi le dikgoro tsa tempele tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong, di ne di ruta Bajuda gore Jehofa o ne a ka se tlhole a letlelela gore batho ba ba bosula ba tsene mo ntlong ya gagwe. Batho ba ba tsenang mo ntlong ya ga Jehofa ba tshwanetse go tshela ka melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo. Jehofa o ne a tla amogela kobamelo ya bone fa fela ba ne ba ka dira jalo.

6, 7. (a) Jehofa o ile a dirisa lobota lo lo neng lo dikologile tempele go ruta Bajuda eng? (b) Batho ba ne ba dira eng mo ntlong ya ga Jehofa mo nakong e e fetileng? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

6 Lobota lo lo agilweng go dikologa tempele. Sengwe gape se se tlhomologileng se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong, ke lobota lo lo neng lo agilwe go dikologa tempele. Esekiele o ne a re letlhakore lengwe le lengwe la lobota lo lo neng lo agilwe go dikologa tempele le ne le le boleele jwa matlhaka a le 500. Matlhaka a le 500 ke dimetara di le 1 555, mo e ka nnang dikilometara di le 1,6. (Esek. 42:15-20) Le fa go ntse jalo, letlhakore lengwe le lengwe la lobota lwa tempele e ne e le dikubita di le 500 fela. Dikubita di le 500 ke dimetara di le 259. Ka jalo go ne go na le lefelo le legolo le le se nang sepe go dikologa tempele. a Ka ntlha yang?

7 Jehofa o ne a re: “Jaanong a ba tlogele go ntirela boferefere ba bo ba tlose ditopo tsa dikgosi tsa bone ba di ise kgakala le nna, mme ke tla nna mo gare ga bone ka bosakhutleng.” (Esek. 43:9) Fa go buiwa ka “ditopo tsa dikgosi tsa bone,” go ka tswa go buiwa ka medingwana. Ka jalo, Jehofa o ile a dirisa lefelo le legolo le le se nang sepe go dikologa tempele go ruta Bajuda gore ba se ka ba tlisa dilo tseo tse di makgapha mo ntlong ya gagwe, ba di beele kgakala le yone. Fa ba ne ba ka obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, o ne a tla ba segofatsa e bile o ne a tla nna le bone.

8, 9. Bajuda ba ka tswa ba ile ba ithuta eng mo tseleng e Jehofa a neng a kgalemela banna ba ba eteletseng pele ka yone?

8 Esekiele o ne a utlwa banna ba ba eteletseng pele ba kgalemelwa. Gape Jehofa o ne a kgalemela banna ba ba neng ba eteletse pele a tiisitse, mme gone, o ile a dira jalo ka lorato. O ile a kgalemela Balefi ba ba ileng ba mo tlhanogela fa Baiseraele ba ne ba simolola go obamela medingwana, mme o ne a akgola ‘bomorwa Sadoke, ba ba neng ba tlhokomela ditiro tsa mo lefelong la gagwe le le boitshepo fa Baiseraele ba ne ba mo tlhanogela.’ Gape Jehofa o ile a bontsha gore o tshiamiso e bile o kutlwelobotlhoko ka gonne o ne a atlhola batho go ya ka ditiro tsa bone. (Esek. 44:10, 12-16) Mo godimo ga moo, o ile a kgalemela dikgosana tsa Iseraele.​—Esek. 45:9.

9 Jehofa o ile a bontsha gore banna ba ba eteletseng pele ba ikarabelela mo go ene ka tsela e ba dirang dikabelo tsa bone ka yone. Le bone ba ne ba tlhoka go gakololwa, go kgalemelwa le go otlhaiwa. Tota e bile, ba ne ba tshwanetse go tlhomela batho sekao se sentle ka go ikobela melao ya ga Jehofa.

10, 11. Ke eng se se bontshang gore Bajuda ba ba neng ba tswa botshwarwa ba ile ba ithuta sengwe mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona?

10 A Bajuda ba ba neng ba tswa kwa botshwarwa ba ile ba dirisa se ba neng ba se ithutile mo ponatshegelong ya ga Esekiele? Gone boammaaruri ke gore, re ka se itse gore batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba nako eo, ba ne ba akanya eng ka ponatshegelo eno e e kgatlhang. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le re bolelela gore Bajuda ba ba neng ba tswa botshwarwa ba ile ba dira eng, le gore ba ne ba feleletsa ba ikutlwa jang ka go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. A ba ile ba dirisa dilo tse Jehofa a neng a ba ruta tsone a dirisa ponatshegelo e a ileng a e bontsha Esekiele? Ba ile ba dira ka selekanyo se se rileng, segolobogolo fa ba bapisiwa le borraabonemogolo ba ba tlhogoethata ba ba neng ba tshela pele ga Bajuda ba ya botshwarwa kwa Babelona.

11 Banna ba ba ikanyegang ba ba jaaka moporofeti Hagai le Sekarea, moperesiti Esera le mmusi Nehemia, ba ile ba dira ka natla go ruta batho dithuto tsa botlhokwa tse di tshwanang le tse Jehofa a ileng a di ruta batho a dirisa ponatshegelo e a ileng a e bontsha Esekiele. (Esera 5:1, 2) Ba ile ba ruta batho gore ba tshwanetse go tseela kobamelo ya ga Jehofa kwa godimo le gore e tshwanetse go nna botlhokwa thata mo go bone go feta go lelekisa dikhumo le go dira dilo tse di tswelang bone mosola fela. (Hag. 1:3, 4) Banna bano ba ne ba gatelela gore batho ba tshwanetse go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Ka sekai, Esera le Nehemia ba ile ba laela batho gore ba kgaogane le basadi ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba dira gore ba katogele kgakala le Jehofa. (Bala Esera 10:10, 11; Neh. 13:23-27, 30) Gape go lebega Bajuda ba ba ileng ba gololwa kwa botshwarwa ba ile ba feleletsa ba tlhoile kobamelo ya medingwana. Kobamelo ya maaka e ne e le serai se go neng go fetile dingwaga di le dintsi batho ba setšhaba seo ba ntse ba wela mo go sone. Mme gotweng ka baperesiti le dikgosana? Jaaka Esekiele a ile a utlwa mo ponatshegelong, Jehofa o ile a ba kgalemela a bo a ba naya ditaelo. Bontsi jwa bone ba ile ba bontsha gore ba boikokobetso ka gonne ba ile ba ikobela ditaelo tseo.​—Esera 10:7-9, 12-14; Neh. 9:1-3, 38.

Nehemia o ile a ruta batho gore ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang a ntse a bereka le bone (Bona serapa 11)

12. Jehofa o ile a segofatsa jang batho ba ba neng ba tswa kwa botshwarwa?

12 Ka jalo, Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe. Ba ne ba boa ba atamalana le ene, lefatshe la bone le ne la nna lentle e bile le ne la simolola go ungwa thata. Mo godimo ga moo, dilo di ne tsa simolola go dirwa ka thulaganyo gape. (Esera 6:19-22; Neh. 8:9-12; 12:27-30, 43) Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba ile ba simolola go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Batho ba le bantsi ba ba ratang Jehofa ba ile ba ithuta dithuto tsa botlhokwa mo tempeleng e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong. Re ka re tempele e Esekiele a ileng a e bona e ile ya thusa Bajuda ba ba neng ba tswa kwa botshwarwa ka ditsela tse pedi. (1) E ile ya ba ruta gore ba tshwanetse go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. (2) E ile ya ba netefaletsa gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang. Gape e ne e bolelela pele gore Jehofa o tla segofatsa batho ba gagwe fa fela ba tswelela ba mo obamela ka tsela e a e batlang. Mme gone potso ke gore, a ponatshegelo eno e a diragadiwa le gone jaanong?

Ponatshegelo ya ga Esekiele e re Ruta Eng?

13, 14. (a) Re itse jang gore ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e a diragadiwa gone jaanong? (b) Ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e re thusa ka ditsela dife tse pedi gompieno? (Bona lebokoso 13A, “Ditempele Tse Pedi Tse di re Rutang Dithuto Tse di Farologaneng.”)

13 A ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e a diragadiwa le gone jaanong? Ee. Gopola gore tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong e e ne neng e le mo “thabeng e e kwa godimo thata,” e tsamaisana le boporofeti jwa ga Isaia jo bo buang ka “thaba e ntlo ya ga Jehofa e leng mo go yone” e go neng go twe e tla “tia thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba.” Isaia o ile a tlhalosa gore boporofeti jwa gagwe bo ne bo tla diragadiwa “mo metlheng ya bofelo.” (Esek. 40:2; Isa. 2:2-4; bona le Mika 4:1-4.) Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa fa e sale go tloga ka 1919 fa batho ba ne ba simolola go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang e bile ba tseela kobamelo ya gagwe kwa godimo, jaaka e kete ba e baya mo godimo ga thaba e e kwa godimo thata. b

14 Ka jalo, ntle le pelaelo, ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e a diragadiwa le gompieno. Fela jaaka e ile a ya thusa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa, le rona gompieno e re thusa ka ditsela di le pedi. (1) E re ruta gore re tshwanetse go obamela Jehofa jang ka tsela e e mo itumedisang. (2) E re netefaletsa gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang le gore o tla re segofatsa.

Tsela e re Tshwanetseng go Obamela Jehofa ka Yone

15. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re ntse re tlotla ka tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong?

15 Mma re sekaseke dilo dingwe tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong. Ipone o tsamaya le Esekiele fa moengele a ntse a mmontsha tempele eno e e kgatlhang. Gopola gore tempele eno ga e se tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso. Go na le moo, re batla fela go bona gore re ka ithuta eng se se ka re thusang go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Ke dilo dife tse re ka ithutang tsone mo ponatshegelong eno?

16. Re ka ithuta eng mo tseleng e moengele a neng a meta tempele ka yone? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)

16 Ke eng fa moengele a ne a meta sengwe le sengwe? Moengele yo o phatshimang jaaka kopore yo o neng a bontsha Esekiele tempele, o ne a meta sengwe le sengwe se se mo tempeleng, go akaretsa lobota, dikgoro, matlwana a bafemedi, lolwapa lo lo ka fa ntle, lo lo ka fa teng le sebeso. Esekiele o ile a tlhalosa dintlha di le dintsi thata ka tempele e a ileng a e bona. Tsela e dintlha tseo di leng dintsi ka gone, di ka opisa motho tlhogo. (Esek. 40:1–42:20; 43:13, 14) Mme gone, re ka ithuta dilo tsa botlhokwa mo dintlheng tseo tse dintsintsi. Jehofa o ile a dirisa ponatshegelo eno go bontsha gore go botlhokwa gore re mo obamele ka tsela e a e batlang. Ke ene a bayang melao ya gore a obamelwe jang, e seng batho. Batho ba ba reng re ka obamela Modimo ka tsela nngwe le nngwe fela e re e batlang, ba a itsietsa. Mo godimo ga moo, e re ka moengele a ile a meta sengwe le sengwe se se mo tempeleng, seno se bontsha gore eleruri, Jehofa o tla dira gore a boe a obamelwe ka tsela e e mo itumedisang. Ka jalo, Esekiele o ne a tlhomamisa gore mo metlheng ya bofelo, Jehofa o ne a tla obamelwa ka tsela e e mo itumedisang.

Re ithuta eng mo tseleng e moengele a neng a meta tempele ka yone? (Bona serapa 16)

17. Re ka ithuta eng mo loboteng lo lo neng lo agilwe go dikologa tempele?

17 Lobota lo lo agilweng go dikologa tempele. Jaaka re setse re buile, Esekiele o ile a bona lobota lo lo neng lo agilwe go dikologa tempele. Lobota lono lo ne lo gopotsa batho ba Modimo gore ba ne ba sa tshwanela go kopanya kobamelo ya boammaaruri le kobamelo ya maaka, le gore ba se ka ba leswafatsa ntlo ya Modimo. (Bala Esekiele 43:7-9.) Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. Fa batho ba Modimo ba sena go gololwa mo botshwarwa jwa Babelona yo Mogolo, Keresete o ile a tlhoma motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ka 1919. Fa e sale go tloga ka nako eo, batho ba Modimo ba ile ba dira ka natla gore ba kgaogane gotlhelele le bodumedi jwa maaka. Re dira sotlhe se re ka se kgonang gore re se ka ra kopanya kobamelo ya boammaaruri le kobamelo ya maaka. Mo godimo ga moo, ga re direle dilo tsa kgwebo kwa Holong ya Bogosi.​—Mar. 11:15, 16.

18, 19. (a) Re ka ithuta eng mo dikgorong tse di goletseng kwa godimo tsa tempele? (b) Re tshwanetse go dira eng fa re kopana le batho ba ba sa tsheleng ka melao ya ga Jehofa? Naya sekai.

18 Dikgoro tse di goletseng kwa godimo. Re ka ithuta eng mo dikgorong tse di goletseng kwa godimo tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong? Dikgoro tseo di ne di ruta Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore melao ya ga Jehofa ya boitsholo ke ya maemo a a kwa godimo. Go ne go ntse jalo mo nakong e e fetileng, mme le jaanong go sa ntse go ntse fela jalo. Re obamela Jehofa mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso. Ka jalo, go botlhokwa thata gore re tshele ka melao ya gagwe. (Bar. 12:9; 1 Pet. 1:14, 15) Mo metlheng eno ya bofelo, Jehofa o ntse a thusa batho ba gagwe gore ba tshele ka melao ya gagwe ya boitsholo. c Ka sekai, batho ba ba dirang boleo e bile ba sa batle go fetoga, ba a tlosiwa mo phuthegong. (1 Bakor. 5:11-13) Mo godimo ga moo, matlwana a bafemedi a a neng a le mo dikgorong tsa tempele a re ruta gore ga go na ope yo Jehofa a sa mo amogeleng yo o letlelelwang gore a tsene mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso. Ka sekai, motho yo o sa tsheleng ka melao ya ga Jehofa a ka nna a tsena mo Holong ya Bogosi, mme gone ga a ka ke a nna tsala ya Modimo go fitlha a tshela ka tsela e Modimo a batlang gore a tshele ka yone. (Jak. 4:8) Eleruri, Jehofa o sireletsa kobamelo ya gagwe, gore e se ka ya leswafadiwa ke batho ba ba sa batleng go tshela ka melao ya gagwe.

19 Baebele e ile ya bolelela pele gore maemo a lefatshe a tla nna maswe le go feta fa bokhutlo bo ntse bo atamela. E ne ya re: “Batho ba ba bosula le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.” (2 Tim. 3:13) Batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore melao ya ga Jehofa e gagametse thata, e feletswe ke nako, mme ba bangwe ba re ga e a siama. A o tla dumalana le bone? Ka sekai, fa mongwe a go raya a re molao wa Modimo o o reng batho ba bong jo bo tshwanang ba se ka ba ratana ga o utlwale, a o tla dumalana le ene? Kgotsa a o tla dumalana le Jehofa Modimo? Ene a re batho ba ba dirang dilo tseo “ba dira se se ferosang sebete.” Modimo o re tlhagisa gore re se ka ra amogela boitsholo jo bo maswe. (Bar. 1:24-27, 32) Fa re kopana le batho ba ba amogelang boitsholo jono jo bo sa siamang, re tshwanetse go akanya ka dikgoro tse di goletseng kwa godimo tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong. Re tshwanetse go nna re gopotse gore le fa dikgopolo tsa batho ba lefatshe leno tsa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang di nna di fetoga nako le nako, melao ya ga Jehofa yone ga e fetoge. A re dumalana le Jehofa e bile re emela se se siameng?

Re ntshetsa Modimo ditlhabelo fa re mo obamela ka tsela e e mo itumedisang

20. Ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e ka kgothatsa jang batho ba “boidiidi jo bogolo”?

20 Lolwapa lo lo ka fa ntle le lo lo ka fa teng. Fa Esekiele a ne a bona lolwapa lo lo ka fa ntle lo lo neng lo bulegile, a ka tswa a ile a itumela fa a akanya ka batho ba ga Jehofa ba le bantsi ba ba neng ba kgona go kopanela mo go lone. Gompieno Bakeresete ba obamela Jehofa mo tempeleng e e di gaisang tsotlhe. Se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong, se kgothatsa ba “boidiidi jo bogolo” ba ba obamelang Jehofa mo lolwapeng lo lo ka fa ntle lwa tempele ya gagwe ya tshwantshetso. (Tshen. 7:9, 10, 14, 15) Mo malwapeng a Esekiele a ileng a a bona, go ne go na le diphaposi tsa bojelo tse batho ba neng ba kgona go jela ditlhabelo tsa go abelana mo go tsone. (Esek. 40:17) Go ne go ntse jaaka e kete ba ja le Jehofa, e leng sengwe se se supang gore ke ditsala tsa gagwe le gore ba mo kagisong le ene. Gompieno ga re ntshe ditlhabelo jaaka Bajuda ba ba neng ba ikobela Molao wa ga Moshe. Go na le moo, re bontsha tumelo ya rona ka go arabela fa re le kwa dipokanong le ka yo ya bodireding. Dilo tseno di “tshwana le setlhabelo se re se ntshetsang Modimo.” (Baheb. 13:15) Gape Jehofa o re ruta dithuto tsa boammaaruri tse re ka di tshwantshang le dijo tse di nang le dikotla. Ke gone ka moo re ikutlwang jaaka bomorwa Kora ba ba neng ba opelela Jehofa ba re: “Gonne letsatsi le le lengwe fela mo malwapeng a gago le gaisa a le sekete go sele.”​—Pes. 84:10.

21. Batlodiwa ba ka ithuta eng mo baperesiting ba Esekiele a ileng a ba bona mo ponatshegelong?

21 Baperesiti. Esekiele o ne a bona gore dikgoro tse di dirisiwang ke baperesiti le Balefi fa ba tsena mo lolwapeng lo lo ka fa teng, di ne di tshwana le dikgoro tse di neng di dirisiwa ke batho ba e seng baperesiti fa ba tsena mo lolwapeng lo lo ka fa ntle. Eno ke tsela e Jehofa a neng a e dirisa go bontsha baperesiti gore le bone ba tshwanetse go mo obamela ka tsela e a e batlang. Gompieno ga go na batlhanka ba Modimo ba ba tsholelwang mo lelapeng la baperesiti. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba tloditsweng ke “lotso lo lo tlhophilweng; setlhopha sa dikgosi tse e leng baperesiti.” (1 Pet. 2:9) Baperesiti ba Baiseraele ba ne ba obamela Jehofa mo lolwapeng lo lo ka fa teng, mme batho ba e seng baperesiti bone ba ne ba obamela mo lolwapeng lo lo ka fa ntle. Gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng ba obamela Jehofa mmogo le Bakeresete ba ba sa tlodiwang. Mme gone batlodiwa ba atamalane le Jehofa ka tsela e e kgethegileng ka gonne Jehofa o ba itseetse gore e nne bana ba gagwe. (Bagal. 4:4-6) Batlodiwa le bone ba ka ithuta sengwe mo ponatshegelong ya ga Esekiele. Ka sekai, ba ithuta gore fela jaaka baperesiti ba mo nakong e e fetileng ba ne ba kgalemelwa e bile ba gakololwa, go ntse fela jalo le ka bone. Rotlhe fela re tshwanetse go nna re gopotse gore re “letsomane le le lengwe” le le nang le “modisa a le mongwe.”​—Bala Johane 10:16.

22, 23. (a) Bagolwane ba ka ithuta eng mo kgosaneng e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong? (b) Go ka nna ga direga eng mo nakong e e tlang?

22 Kgosana. Mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona, kgosana e ne e na le maemo a a kwa godimonyana. O ne a sa tswe mo lotsong lwa baperesiti, e bile fa a le mo tempeleng, o ne a ikobela ditaelo tsa baperesiti. Le fa go ntse jalo, e ne e le molebedi e bile o ne a thusa batho fa ba ntsha ditlhabelo. (Esek. 44:2, 3; 45:16, 17; 46:2) Re ka tshwantsha kgosana le banna ba Bakeresete ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong gompieno. Bagolwane botlhe, go akaretsa le balebedi ba ba etang, ba tshwanetse go ikobela kaelo ya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. (Baheb. 13:17) Bagolwane ba dira ka natla go thusa batho ba ga Jehofa kwa dipokanong le mo bodireding. (Baef. 4:11, 12) Bagolwane ba a itse gore Jehofa o ne a kgalemela dikgosana tsa Iseraele tse di neng di gatelela batho ba gagwe. (Esek. 45:9) Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ga ba tseye gore ga ba tlhoke go gakololwa le go kgalemelwa. Tota e bile, ba a itumela fa Jehofa a ba gakolola ka gonne seno se ba thusa gore e nne badisa ba ba molemo.​—Bala 1 Petere 5:1-3.

23 Mo lefatsheng la Paradaise, Jehofa o tla tswelela a tlhoma balebedi ba ba lorato. Gompieno bagolwane ba amogela katiso e e tla ba thusang gore e nne badisa ba ba molemo kwa Paradaiseng. (Pes. 45:16) Go nna le badisa ba ba ntseng jalo kwa lefatsheng le lesha e tla nna tshegofatso e bile e tla nna selo se se itumedisang. Gongwe fa nako e ntse e ya, Jehofa o tla re thusa gore re tlhaloganye ponatshegelo ya ga Esekiele botoka le boporofeti jo bongwe jo bo buang ka nako ya fa a tla bo a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang. Gongwe go na le dilo dingwe tse re sa ntseng re tla ithuta tsone mo ponatshegelong eno e bile e ka nna ya diragadiwa ka tsela e nngwe gape mo nakong e e tlang. Ga re itse, re tla bona.

Dikgoro tse di goletseng kwa godimo le lolwapa lo lo ka fa ntle le lo lo ka fa teng di re ruta eng? (Bona serapa 18-21)

Jehofa o Segofatsa Batho ba Gagwe

24, 25. Esekiele o ile a bona eng se se neng se emela tsela e Jehofa a neng a tla segofatsa batho ba ba mo obamelang ka tsela e e mo itumedisang?

24 Mma jaanong re tlotle ka sengwe se se itumedisang thata se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong. O ne a bona Jehofa a tsena mo tempeleng a bo a solofetsa batho ba gagwe gore o tla nna mo go yone fa fela ba ka tswelela ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. (Esek. 43:4-9) Seno se ne se tla tlisetsa batho masego afe?

25 Esekiele o ne a bona dilo dingwe tse di neng di emela tsela e Jehofa a neng a tla segofatsa batho ba gagwe ka yone. O ne a bona (1) Noka e elela go tswa kwa lefelong le le boitshepo la tempele e bo e dira gore lefatshe le ungwe; (2) lefatshe le kgaoganngwa ka tsela e e rulaganeng sentle le e e lekalekanang mme tempele e le mo lefelong le le fa gare. Dintlha tseno tse pedi di kaya eng gompieno? Mo motlheng o re tshelang mo go one, Jehofa o ile a tsena mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso, a iitshekisa a bo a tlhomamisa gore o obamelwa ka tsela e e mo itumedisang. (Mal. 3:1-4) Re tla tlotla mo go oketsegileng ka dintlha tseno tse pedi mo Kgaolo 19 go ya go 21.

a Fano Jehofa o ne a bontsha gore batho ba ne ba se kitla ba tlhola ba dira dilo tse ba neng ba di dira mo ntlong ya gagwe e e boitshepo. O ne a re: “Ba ne ba leswafatsa leina la me le le boitshepo ka dilo tse di makgapha tse ba neng ba di dira, ka go dira gore matseno a tempele ya bone a nne fa thoko ga matseno a tempele ya me le kgoro ya bone fa thoko ga kgoro ya me mme re kgaoganngwa ke lobota fela.” (Esek. 43:8) Kwa Jerusalema, tempele ya ga Jehofa e ne e bapile thata le dikago tse dingwe. Fa batho ba ne ba tlhanogela Jehofa, ba ne ba simolola go tlisa dilo tse di makgapha mo ntlong ya ga Jehofa e bile ba obamela medingwana mo go yone. Go ne go le maswe tota!

b Ponatshegelo ya tempele e Esekiele a ileng a e bona, e tsamaisana le boporofeti jo bongwe jo bo buang ka nako ya fa Jehofa a tla bo a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang jo bo ileng jwa diragadiwa mo metlheng ya bofelo. Ka sekai, ela tlhoko dilo dingwe tse di tshwanang mo ditemaneng tse di latelang: Esekiele 43:1-9 le Malaki 3:1-5; Esekiele 47:1-12 le Joele 3:18.

c Tempele ya ga Jehofa ya tshwantshetso e ne ya simolola go nna teng ka 29 C.E. fa Jesu a ne a kolobediwa a bo a simolola go direla e le Moperesiti yo Mogolo. Le fa go ntse jalo, fa baaposetoloi ba ga Jesu ba sena go swa, go ne ga feta dingwagangwaga batho ba le bantsi ba sa obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Mme go tloga ka 1919, batho ba ne ba simolola go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.