Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshobokanyo ya Dithuto Tse di Tokafaditsweng

Tshobokanyo ya Dithuto Tse di Tokafaditsweng

Mo dingwageng tse di ntseng di feta, makasine wa Tora ya Tebelo o ile wa tokafatsa tsela e re tlhaloganyang dilo dingwe mo boporofeting jwa ga Esekiele. Buka eno ya Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang! e na le dithuto tse dingwe gape tse di tokafaditsweng. Leka go bona gore a o ka araba dipotso tse di latelang.

Ditshedi tse di nang le difatlhego tse nnê di emela eng?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Sefatlhego sengwe le sengwe sa ditshedi tseno, se emela nonofo nngwe mo dinonofong di le nnê tsa ga Jehofa tsa konokono.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Le fa gone sefatlhego sengwe le sengwe sa ditshedi tseno se emela nonofo nngwe mo dinonofong di le nnê tsa ga Jehofa tsa konokono, fa difatlhego tseno di kopane, di emela dinonofo tsotlhe tsa ga Jehofa. Gape difatlhego tseno di re ruta ka bogolo le kgalalelo ya ga Jehofa.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Go le gantsi mo Baebeleng, palo eno (nnê) e dirisiwa go tlhalosa sengwe se se feletseng. Ka jalo, difatlhego di le nnê fa di le tsotlhe ga di emele fela dinonofo di le nnê tsa ga Jehofa, mme di emela dinonofo tsotlhe tsa gagwe kgotsa botho jwa gagwe. Mo godimo ga moo, sefatlhego sengwe le sengwe ke sa setshedi se se itsegeng ka seriti, maatla le bogolo. Le fa go ntse jalo, ditshedi tseno tse di nang le difatlhego tse nnê, di eme mo tlase ga setulo sa bogosi sa ga Jehofa. Seno se bontsha gore Jehofa ke ene Molaodimogolo wa sengwe le sengwe.

Monna yo o tshotseng lonaka lwa enke ya mokwaledi o emela mang?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Monna yo o tshotseng lonaka lwa enke o emela batlodiwa ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng. Batlodiwa ba baya letshwao la tshwantshetso mo diphatleng tsa batho ba ba tla nnang karolo ya “boidiidi jo bogolo.” Ba dira jalo ka tiro ya go rera le ya go dira batho barutwa.​—Tshen. 7:9.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Monna yo o tshotseng lonaka lwa enke ya mokwaledi o emela Jesu Keresete. O tla tshwaya ba boidiidi jo bogolo fa ba atlholwa gore ke dinku ka nako ya “pitlagano e kgolo.”​—Math. 24:21.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Jehofa o neile Jesu maikarabelo a go atlhola. (Joh. 5:22, 23) Go ya ka Mathaio 25:31-33, Jesu ke ene a tla dirang tshwetso ya gore “dinku” ke bomang le gore “dipodi” ke bomang.

A bana ba motho ba ba gwebang ka mmele e bong Ohola le Oholiba ba emela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng:Ohola (Samarea, motsemogolo wa Iseraele) o emela bodumedi jwa Katoliki; Oholiba (Jerusalema, motsemogolo wa Juda) o emela bodumedi jwa Boporotesetanta.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Bagwebakammele bano ga ba emele Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete. Go na le moo, ba re ruta gore Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba ba neng ba mo obamela ba simolola go obamela medimo ya maaka. O tlhoile madumedi otlhe a maaka.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Ga go na sepe mo Baebeleng se se bontshang gore Ohola le Oholiba ba emela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete. Kwa tshimologong Iseraele le Juda ba ne ba tshwana le basadi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, mme Madumedi a a ipitsang a Bokeresete one ga a ise a tsamaye a nne mosadi wa ga Jehofa ka tsela epe. Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a naya bagwebakammele ba go buiwang ka bone mo kgaolo 16 le 23 tsholofelo ya gore o tla ba itshwarela. Bagwebakammele bano ba ne ba emela batho ba Modimo ba ba sa ikanyegeng. Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete, a e leng karolo ya Babelona yo Mogolo ga a na tsholofelo eo.

A Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a tshwantshetsa Jerusalema?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Jerusalema e tshwantshetsa Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete. Ka jalo, go senngwa ga Jerusalema go tshwantsetsa go senngwa ga Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Dilo tse di neng di direga kwa Jerusalema tse di jaaka kobamelo ya medingwana le bonweenwee, di re gopotsa dilo tse di diregang mo Madumeding a a Ipitsang a Bokeresete. Le fa go ntse jalo, ga re tlhole re re Jerusalema e emela madumedi ano.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Ga go na sepe mo Baebeleng se se bontshang gore Jerusalema e emela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete. Kwa tshimologong baagi ba Jerusalema ba ne ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang, mme Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete one ga a ise a tsamaye a dire jalo. Mo godimo ga moo, nako nngwe Jehofa o ile a itshwarela batho ba Jerusalema ba ba sa ikanyegeng, mme gone, ga a kitla a itshwarela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete.

Ponatshegelo e e ka ga marapo a a omeletseng e ile ya diragadiwa jang?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Batlodiwa ba ile ba nna magolegwa a Babelona yo Mogolo ka 1918. Go ne go ntse jaaka e kete ba sule ka tsela ya tshwantshetso ka gonne ba ne ba sa kgone go diragatsa maikarabelo a bone mo phuthegong. Ba ile ba gololwa mo botshwarwa ka 1919 fa Jehofa a ne a ba thusa gore ba boe ba rere ka Bogosi.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Batho ba Modimo ba nnile magolegwa a Babelona yo Mogolo dingwagangwaga pele ga 1918. Ba ne ba simolola go nna mo botshwarwa mo masimologong a bo100 C.E. go fitlha ka1919. Ba ne ba fetsa dingwaga di le dintsi thata ba le mo botshwarwa fela jaaka Jesu a ile a tlhalosa mo setshwantshong sa gagwe sa korong le mefero.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Baiseraele ba ne ba fetsa nako e e telele ba le kwa botshwarwa, go simolola ka 740 B.C.E. go fitlha ka 537 B.C.E. Boporofeti jwa ga Esekiele bo a re marapo ao a ne a “omeletse thata.” Seno se bontsha gore ke marapo a batho ba e leng kgale ba sule. Gape go tlhalosiwa gore go tsosolosiwa ga marapo ao gore a boe a tshele, go tla direga ka bonya ka bonya.

Go kopanngwa ga dithobane tse pedi go kaya eng?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Go ne ga feta nakwana batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba sa utlwane ka nako ya Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe mme ba ne ba boa ba utlwana gape ka 1919.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Boporofeti jono bo gatelela ntlha ya gore Jehofa o tla dira gore batlhanka ba gagwe ba nne seoposengwe. Morago ga 1919, fa nako e ntse e ya, batlodiwa ba ile ba kopanngwa le batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. Ditlhopha tseno tse pedi di obamela Jehofa di le seoposengwe.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Boporofeti jono ga bo bue ka thobane e e ileng ya robiwa mme moragonyana e bo e kopanngwa. Ka jalo, boporofeti jono ga bo bue ka setlhopha se se ileng sa kgaogana se bo se boa se kopana gape moragonyana. Go na le moo, bo tlhalosa kafa ditlhopha tse pedi di neng di tla kopanngwa ka gone.

Gogo wa Magogo ke mang?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Gogo wa Magogo ke leina la ga Satane fa a sena go ntshiwa kwa legodimong.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Gogo wa Magogo ke ditšhaba tse di kopaneng tse di tla tlhaselang batlhanka ba ga Jehofa ka nako ya pitlagano e kgolo.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: E re ka boporofeti jono bo tlhalosa gore Gogo o tla newa dinonyane tse di jang nama gore di mo je le gore o tla newa lebitla, seno se raya gore Gogo ga e se sebopiwa sa moya. Mo godimo ga moo, tsela e Gogo a tla tlhaselang batho ba Modimo ka yone e tshwana le tsela e ditšhaba di tla tlhaselang batho ba Modimo ka yone jaaka go tlhalosiwa mo bukeng ya Daniele le ya Tshenolo.​—Dan. 11:40, 44, 45; Tshen. 17:14; 19:19.

A Esekiele o ile a bona tempele ya tshwantshetso e moaposetoloi Paulo a ileng a bua ka yone moragonyana?

Tsela e re neng re e tlhaloganya ka yone mo nakong e e fetileng: Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong ke tempele ya tshwantshetso e moaposetoloi Paulo a ileng a bua ka yone.

Tsela e re e tlhaloganyang ka yone gone jaanong: Esekiele ga a ka a bona tempele ya tshwantshetso e e neng ya simolola go nna gone ka 29 C.E., go na le moo, se a ileng a se bona se ne se bontsha kafa Jehofa a tshwanetseng go obamelwa ka gone go ya ka Molao wa ga Moshe. Ponatshegelo eno e ne e bontsha gore batho ba ne ba tla boa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang fa ba gololwa kwa botshwarwa. Tsela e Paulo a neng a tlhalosa tempele ya tshwantshetso ka yone e gatelela tiro e Jesu a ileng a e dira go simolola ka 29 go fitlha ka 33 C.E. e le Moperesiti yo Mogolo go ba Gaisa Botlhe. Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong ga e bue sepe ka moperesiti yo mogolo. Go na le moo, e gatelela thata tsela e Jehofa a ileng a thusa batho ba gagwe gore ba boe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang ka gone ka 1919. Ka jalo, ga re leke go batlisisa gore dilo tsotlhe tse Esekiele a ileng a di bona mo tempeleng di emela eng. Go na le moo, re tlhoma mogopolo thata mo go reng ponatshegelo e Esekiele a ileng a e bona e re ruta eng ka tsela e Jehofa a batlang re mo obamela ka yone.

Lebaka la go bo re tokafaditse tsela e re e tlhaloganyang ka yone: Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong ga e tshwane le tempele ya tshwantshetso ka ditsela dingwe tsa botlhokwa. Mo tempeleng e Esekiele a ileng a e bona, go ntshiwa ditlhabelo di le dintsi ka diphologolo, mme mo tempeleng ya tshwantshetso, go ntshiwa setlhabelo se le sengwe “gangwe fela.” (Baheb. 9:11, 12) Pele Jesu a tla mo lefatsheng, Jehofa ga a ka tlhalosa se se diregang mo tempeleng ya gagwe ya tshwantshetso ka gonne e ne e ise e nne nako ya gore a dire jalo.