Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 21

“Motse oo o Tla Bidiwa Jehofa o Gone Koo”

“Motse oo o Tla Bidiwa Jehofa o Gone Koo”

ESEKIELE 48:35

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Bokao jwa Motse le karolo e e ntshiwang e le moneelo

1, 2. (a) Karolo nngwe mo Lefatsheng le le Solofeditsweng e ne e beetswe eng se se kgethegileng? (Bona setshwantsho se se mo khabareng ya buka eno.) (b) Ponatshegelo eno e ne e netefaletsa Bajuda eng?

 MO PONATSHEGELONG ya bofelo e Esekiele a ileng a e bona, o ile a bolelelwa gore go na le karolo nngwe mo Lefatsheng le le Solofeditsweng e e neng e beetswe sengwe se se kgethegileng. Karolo eo ga e a ka ya newa lotso lope lwa Iseraele e le boswa. Go na le moo, e ne e le moneelo o o ntshediwang Jehofa. Gape Esekiele o ile a bolelwa ka motse mongwe o o nang le leina le le kgatlhang. Se Esekiele a ileng a se bona mo karolong eno ya ponatshegelo, se ile sa netefaletsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore Jehofa o tla nna le bone fa ba boela kwa nageng ya bone e ba e ratang.

2 Esekiele o tlhalosa dilo di le dintsi ka karolo eo e e neng e le moneelo o o ntshediwang Jehofa. Mma re tlotle ka pego eno e re ka ithutang dilo di le dintsi mo go yone.

‘Karolo Yotlhe e e Ntshitsweng e le Moneelo Mmogo le Motse’

3. Lefelo le le neng le ntshitswe e le moneelo le ne le na le dikarolo dife tse tlhano, mme dikarolo tseo di ne di dirisediwa eng? (Bona lebokose le le reng “Karolo e lo Tla e Beelang Kwa Thoko e le Moneelo.”)

3 Mo lefelong leo le le neng le ntshitswe e le moneelo, (lebokose 21A A) go ne go na le karolo nngwe (B) e e neng e le boleele jwa dikubita di le 25 000 (dikilometara di le 13) go tswa kwa bokone go ya kwa borwa, le dikubita di le 25 000 go tswa kwa botlhaba go ya kwa bophirima. E ne e bidiwa “karolo yotlhe e e ntshitsweng e le moneelo” mme e ne e kgaogantswe ka dikarolwana di le tharo. Karolwana e e kwa godimo e ne e abetswe Balefi mme e e fa gare e ne e abetswe tempele le baperesiti. Dikarolwana tseno tse pedi di ne di bidiwa “moneelo o o boitshepo” (D). Karolwana e e kwa tlase kgotsa “lefelo le le setseng,” (E) e ne e dirisiwa ke batho botlhe mo motseng.​—Esek. 48:15, 20.

4. Re ka ithuta eng mo pegong e e buang ka karolo e e neng e ntsheditswe Jehofa e le moneelo?

4 Re ka ithuta eng mo pegong eno e e buang ka karolo e e neng e ntsheditswe Jehofa e le moneelo? E re ka Jehofa a ile a laela Esekiele gore fa ba kgaoganya lefatshe ba simolole pele ka go ntsha karolo e e neng e tla nna moneelo, go tswa foo e bo e nna gone ba kgaoganyetsang batho lefatshe, seno se bontsha gore karolo eno e ne e le botlhokwa fela thata. (Esek. 45:1) Ntle le pelaelo, seno se ile sa ruta Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore go obamela Jehofa go tshwanetse ga nna botlhokwa thata mo matshelong a bone. Le rona gompieno re a itse gore dilo tse di jaaka go ithuta Baebele ka metlha, go ya dipokanong le go ya bodireding ke dilo tse di botlhokwa fela thata. Jehofa o re ruta gore go mo obamela e tshwanetse go nna selo se se botlhokwa thata mo matshelong a rona.

“Motse o Tla Nna mo Gare ga Lone”

5, 6. (a) Motse o Esekiele a ileng a o bona o ne o abetswe bomang? (b) Motse ono e ne e se eng mme ke eng fa re rialo?

5 Bala Esekiele 48:15. Motse o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong le mafulo a one di ne di abetswe bomang? (Esek. 48:16-18) Jehofa o ile a mo raya a re motse oo e tla nna wa “batho botlhe ba Iseraele.” (Esek. 45:6, 7) Ka jalo motse oo le mafulo a one, e ne e se karolo ya “moneelo o o boitshepo” o o neng o ntshediwa Jehofa. (Esek. 48:9) Re ntse re akantse ka seo, mma re bone gore re ka ithuta eng mo motseng ono.

6 Gore re bone gore re ka ithuta eng mo motseng ono, re tshwanetse go simolola pele ka go tlhaloganya gore motse ono e ne e se eng. E ne e se motse o o agilweng sesha wa Jerusalema o o neng o na le tempele. Ke eng fa re rialo? Ka gonne motse o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong o ne o se na tempele. Gape motse ono e ne e se motse mongwe mo lefatsheng la Iseraele, le Bajuda ba neng ba boetse kwa go lone. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Bajuda ba ba ileng ba boela kwa Iseraele ga ba ise ba tsamaye ba age motse o o tshwanang le o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong. Ditlogolwana tsa bone le tsone ga di ise di tsamaye di age motse o o tshwanang le one. Mo godimo ga moo, motse ono e ne e se motse wa kwa legodimong. Ke eng fa re rialo? Ka gonne o ne o agilwe mo lefelong le go ‘tsenang batho botlhe’ mo go lone. Lefelo le le dirisiwang ke batho botlhe ga le tshwane le lefelo le le dirisediwang kobamelo.​—Esek. 42:20.

7. Motse o Esekiele a ileng a o bona ke eng, mme go lebega o emela eng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)

7 Ka jalo, motse o Esekiele a ileng a bona ke eng? Gopola gore Esekiele o ile a bona motse ono mo ponatshegelong e a ileng a bona lefatshe le le neng le tshwanetse go kgaoganyediwa Baiseraele. (Esek. 40:2; 45:1, 6) Lefoko la Modimo le tlhalosa gore lefatshe le Esekiele a ileng a le bona ke la tshwantshetso. Ka jalo motse oo le one e tshwanetse e a bo e le wa tshwantshetso. Go le gantsi fa go buiwa ka “motse” go buiwa ka eng? Go buiwa ka lefelo le le rulaganeng sentle le batho ba nnang mmogo mo go lone. Ka jalo motse o o rulaganeng sentle o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong go lebega o emela ba ba eteletseng pele ba ba rulagantsweng sentle.

8. Tiro ya ba ba eteletseng pele ke eng mme ba e dira kae?

8 Tiro ya ba ba eteletseng pele bano ke eng? Motse o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong, o ne o le mo teng ga lefatshe la tshwantshetso le Esekiele a ileng a le bona. Ka jalo, ba ba eteletseng pele bano, ba kaela tiro e e diriwang mo phuthegong ya Modimo. E re ka motse ono o agilwe mo lefelong la batho botlhe, seno se kaya eng? Se re gopotsa gore motse ono o emela ba ba eteletseng pele mo lefatsheng e seng kwa legodimong, ba tiro ya bone e solegelang molemo batho botlhe ba ga Jehofa ba ba nnang mo paradaiseng ya tshwantshetso.

9. (a) Ba ba eteletseng pele ke bomang? (b) Ke eng se Jesu a tlileng go se dira ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete?

9 Ba ba eteletseng pele bano ke bomang? Mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona, yo o neng a eteletse pele mo motseng o ne a bidiwa “kgosana.” (Esek. 45:7) E ne e le molebedi mme gone e ne e se moperesiti e bile e ne e se Molefi. Kgosana eno e dira gore re akanye ka balebedi ba phuthego ba mo motlheng ono, segolobogolo ba ba sa tlodiwang ka moya o o boitshepo. Badisa bano ba ba lorato ba e leng ba “dinku tse dingwe,” ke batlhanka ba ba boikokobetso ba ba ikobelang bogosi jwa ga Keresete jo bo kwa legodimong. (Joh. 10:16) Ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu o tla tlhoma bagolwane ba ba nang le bokgoni kgotsa “dikgosana” mo “lefatsheng lotlhe.” (Pes. 45:16) Bagolwane bano ba tlile go tlhokomela batho ba Modimo ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete mme ba dira jalo ba kaelwa ke puso ya ga Keresete e e kwa legodimong.

“Jehofa o Gone Koo”

10. Leina la motse o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong ke eng, mme leina leno le re netefaletsa eng?

10 Bala Esekiele 48:35. Leina la motse o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong ke “Jehofa o Gone Koo.” Leina leno le dira gore re tlhatswege pelo gore batho ba motse oo ba ne ba itse gore Jehofa o na le bone. E re ka Jehofa a ile a bontsha Esekiele motse ono, tota re ka re o ne a raya Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa a re: ‘Ke tla boa ke nna le lona gape.’ Seno se tshwanetse sa bo se ile sa ba kgothatsa fela thata.

11. Re ka ithuta eng mo boporofeting jono jwa ga Esekiele?

11 Re ka ithuta eng mo boporofeting jono jwa ga Esekiele? Leina la motse ono le netefaletsa batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba mo lefatsheng gore Jehofa o na le bone le gore o tla nna le bone ka metlha. Gape leina leno le le nang le bokao le re ruta thuto nngwe ya botlhokwa. Le re ruta gore motse ono ga o a direlwa go naya batho bangwe taolo, go na le moo, o diretswe go netefatsa gore batho ba tshela ka melao ya ga Jehofa e e lorato le e e utlwalang. Ka sekai, Jehofa ga a naya ba ba eteletseng pelo taolo ya gore ba kgaoganye lefatshe go ya ka tsela e bone ba akanyang gore e siame. Go na le moo, Jehofa o lebeletse gore ba ba eteletseng pele ba neye mongwe le mongwe boswa jwa gagwe jo Jehofa a mo neileng jone, go akaretsa le batho “ba maemo a a kwa tlase.”​—Diane 19:17; Esek. 46:18; 48:29.

12. (a) Ke eng se se tlhomologileng ka motse o Esekiele a ileng a o bona, mme selo se se tlhomologileng seo se kaya eng? (b) Seno se gopotsa balebedi ba Bakeresete eng se se botlhokwa?

12 Ke eng gape se se tlhomologileng ka motse o o bidiwang “Jehofa o Gone Koo”? Metse ya bogologolo e ne e na le dipota tse di sireletsang e bile e ne e na le dikgoro di le mmalwa fela. Mme motse ono one o na le dikgoro di le 12! (Esek. 48:30-34) Dikgoro tseno tse dintsi (di le tharo mo letlhakoreng lengwe le lengwe la motse) di bontsha gore ba ba eteletseng pele mo motseng ono ba a atamelesega le gore ba nna ba le malalaalaotswe go thusa batho ba Modimo. Mo godimo ga moo, e re ka motse oo o na le dikgoro di le 12, seno se bontsha gore “batho botlhe ba Iseraele” ba ka tsena mo go one. (Esek. 45:6) E re ka motse ono o na le dikgoro di le dintsi e bile go le motlhofo gore batho ba tsene mo go one, seno se gopotsa balebedi ba Bakeresete sengwe se se botlhokwa. Jehofa o batla gore ba atamelesege e bile o batla gore ba nne ba le malalaalaotswe go thusa batlhanka ba gagwe ba ba nnang mo paradaiseng ya tshwantshetso.

Balebedi ba Bakeresete ba a atamelesega e bile ba nna ba le malalaalaotswe go thusa ba bangwe (Bona serapa 12)

Batho ba Modimo “ba Tla go Obamela” e Bile ‘ba Direla Motse’

13. Jehofa o ile a re batho ba tla dira ditiro dife tse di farologaneng?

13 Mma re boele kwa ponatshegelong ya go kgaoganngwa ga lefatshe e Esekiele a ileng a e bona mme re bone gore o tlhalosa dintlha dife gape. Mo ponatshegelong eno, Jehofa o bua ka batho bangwe ba ba dirang ditiro tse di farologaneng. “Baperesiti ba ba direlang mo lefelong le le boitshepo,” ba ne ba tshwanetse go ntshetsa Jehofa ditlhabelo le go mo atamela gore ba mo direle. “Balefi, ba ba direlang mo tempeleng” ba ne ba tshwanetse go ‘tlhokomela ditirelo tsa mo tempeleng le dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa mo go yone.’ (Esek. 44:14-16; 45:4, 5) Gape go ne go tla nna le batho bangwe ba ba dirang ditiro dingwe gaufi le motse. Batho bao ke bomang?

14. Tiro e batho ba neng ba e dira gaufi le motse e dira gore re akanye ka eng?

14 Batho ba ba dirang ditiro dingwe gaufi le motse ba tswa mo “ditsong tsotlhe tsa Iseraele.” Ba dira tiro e e botlhokwa ya go jala, mme thobo ya se ba se jadileng “e tla nna dijo tsa ba ba direlang motse.” (Esek. 48:18, 9) Tiro e ba e dirang e dira gore re akanye ka tshono e rotlhe re nang le yone gompieno. Botlhe ba ba nnang mo paradaiseng ya tshwantshetso, ba na le tshono ya go ema nokeng tiro e e dirwang ke bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng le e e dirwang ke ba “boidiidi jo bogolo” ba Jehofa a ba tlhomileng gore ba etelele pele mo phuthegong ya gagwe. (Tshen. 7:9, 10) Tsela ya botlhokwa e re bontshang ka yone gore re ba ema nokeng ke ka go ikobela kaelo ya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.

15, 16. (a) Re ka ithuta eng gape mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona? (b) Re na le tshono ya go dira ditiro dife tse di tshwanang le tse di neng di dirwa mo ponatshegelong ya ga Esekiele?

15 Go na le sengwe gape mo ponatshegelong ya ga Esekiele se re ka ithutang sengwe sa botlhokwa mo go sone. Jehofa o ile a tlhalosa gore batho ba ditso di le 12 ba e seng Balefi ba tla direla kwa tempeleng le kwa mafulong a motse. Kwa tempeleng, batho ba ditso tsotlhe ‘ba ya go obamela Modimo’ ka go mo ntshetsa ditlhabelo. (Esek. 46:9, 24) Gape batho ba ditso di le 12 ba tshegetsa tiro e e dirwang mo motseng ka go lema. Re ka ithuta eng mo go bone?

16 Gompieno ba boidiidi jo bogolo le bone ba na le tshono ya go dira ditiro tse di tshwanang le tse Esekiele a ileng a bona di dirwa mo ponatshegelong. Ba obamela Jehofa “mo tempeleng ya gagwe” ka go mmaka. Seno se tshwana le setlhabelo se se ntshediwang Modimo. (Tshen. 7:9-15) Ba dira jalo ka go nna le seabe mo tirong ya go rera le ka go arabela le go opela dipina tsa pako kwa dipokanong. Ba a itse gore selo sa botlhokwa thata mo botshelong ke go obamela Jehofa. (1 Ditir. 16:29) Mo godimo ga moo, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba tshegetsa tiro e e dirwang mo phuthegong ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, ba thusa mo tirong ya go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le diofisi tsa makala. Gape ba thusa mo diporojekeng tse dingwe tse di dirwang mo phuthegong ya Modimo. Ba bangwe ba tshegetsa diporojeke tseno ka go ntsha meneelo. Ba dira dilo tseno tsotlhe “gore Modimo a galalediwe.” Tiro eno re ka e tshwantsha le tiro ya go lema e e neng e dirwa mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona. (1 Bakor. 10:31) Ba boidiidi jo bogolo ba dira tiro ya bone ka matlhagatlhaga e bile ba itumetse ka gonne ba a itse gore “seo se itumedisa Modimo.” (Baheb. 13:16) A le wena o tsaya karolo mo ditirong tse di dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa?

Re ka ithuta eng mo ditirong tse di neng di dirwa mo motseng le tse di neng di dirwa gaufi le motse? (Bona serapa 14-16)

“Re Letetse Magodimo a Masha le Lefatshe le Lesha”

17. (a) Ponatshegelo ya ga Esekiele e tla diragadiwa ka tsela efe gape mo nakong e e tlang? (b) Ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, thulaganyo ya ba ba eteletseng pele e tlile go tswela bomang mosola?

17 A karolo eno ya ponatshegelo ya ga Esekiele e tla diragadiwa ka tsela e nngwe gape mo nakong e e tlang? Ee. Akanya ka seno: Karolo e e bidiwang “moneelo o o boitshepo” e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong, e ne e le mo lefelong le le fa gare. (Esek. 48:10) Seno se re netefaletsa gore morago ga ntwa ya Aramagedona, Jehofa o tla nna le rona le fa re ka tswa re nna kae mo lefatsheng. (Tshen. 21:3) Ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, ba ba eteletseng pele ba ba tla bong ba tlhomilwe gore ba tlhokomele batho ba Modimo, ba tla dira jalo mo lefatsheng lotlhe. Ba tla kaela batho botlhe ba e tla bong e le karolo ya “lefatshe le lesha,” e leng batho ba ba amogelwang ke Modimo.​—2 Pet. 3:13.

18. (a) Re itse jang gore ba ba eteletseng pele ba tla ikobela bolaodi jwa Modimo? (b) Leina la motse o Esekiele a ileng a o bona le re netefaletsa eng?

18 Re itse jang gore ba ba eteletseng pele ba tla tswelela ba ikobela bolaodi jwa Modimo? Ka gonne Lefoko la Modimo le a re motse wa tshwantshetso wa mo lefatsheng o o nang le dikgoro di le 12, o tshwana le motse wa kwa legodimong o le one o nang le dikgoro di le 12. Motse oo wa kwa legodimong ke Jerusalema o Mosha, e leng ba le 144 000 ba ba tla busang le Keresete. (Tshen. 21:2, 12, 21-27) Seno se bontsha gore ba ba eteletseng pele mo lefatsheng, ba tla dumalana le ditshwetso tse di dirwang ke Bogosi Jwa Modimo e bile ba tla di diragatsa. Eleruri, motse o o bidiwang “Jehofa o Gone Koo” o re netefaletsa gore Jehofa o tla obamelwa ka tsela e e mo itumedisang mme go tla nna jalo go ya go ile. Go tla bo go le monate tota ka nako eo!