Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 2A

Re Tshwanetse go Tlhaloganya Jang Boporofeti Jwa ga Esekiele?

Re Tshwanetse go Tlhaloganya Jang Boporofeti Jwa ga Esekiele?

BOPOROFETI KE ENG?

Mo Baebeleng, lefoko boporofeti le kaya go bolelela batho molaetsa, katlholo, kgakololo kgotsa taelo e e tswang kwa Modimong. Gape le ka kaya go bolelela batho ka sengwe se se tla diregang mo nakong e e tlang. Boporofeti jwa ga Esekiele bo akaretsa dilo tseno tsotlhe.​—Esek. 3:10, 11; 11:4-8; 14:6, 7; 37:9, 10; 38:1-4.

ESEKIELE O NE A BOLELELA BATHO MOLAETSA JANG?

  • DIPONATSHEGELO

  • DIKAI

  • DILO TSE A NENG A BA SUPETSA TSONE

O ne a bolelela batho se a neng a se bone mo diponatshegelong. Ka dinako tse dingwe o ne a ba bolelela molaetsa o o tswang kwa Modimong a dirisa dikai kgotsa a ba supetsa se se tla diregang.

BOPOROFETI JWA GA ESEKIELE BO DIRAGADIWA JANG?

Ka dinako tse dingwe, boporofeti jo bo mo go Esekiele ga bo diragadiwe gangwe fela. Ka sekai, boporofeti jo bo buang ka nako ya fa batho ba tla bong ba obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang, ga bo a ka jwa diragadiwa ka botlalo fa batho ba gagwe ba ne ba boela kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Jaaka re tla bona mo Kgaolo 9, bontsi jwa boporofeti joo bo a diragadiwa gompieno mme gape bo tla diragadiwa mo nakong e e tlang.

Mo nakong e e fetileng, re ne re tsaya gore dilo di le dintsi mo boporofeting jwa ga Esekiele di tshwantshetsa dilo dingwe. Mo bukeng eno, ga re leke go tlhalosa gore batho, dilo, mafelo kgotsa ditiragalo tse go buiwang ka tsone mo boporofeting di ka tswa di emela eng ntle le fa go na le mabaka a a utlwalang a Dikwalo. a Go na le moo, buka eno e tlhalosa tsela e bontsi jwa boporofeti jwa ga Esekiele bo tla diragadiwang ka yone. Gape e tla re thusa go bona gore re ka ithuta eng mo bukeng ya Esekiele, mo bathong, mo mafelong le mo ditiragalong tse a buang ka tsone.

a Go utlwa mo go oketsegileng ka dilo tse di tshwantshetsang le tse di tshwantshediwang, bona makasine wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2015, ts. 5-7, ser. 7-12 le “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo ts. 15-16.