Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 4A

‘Ke ne Ke Lebile Ditshedi’

‘Ke ne Ke Lebile Ditshedi’

Esekiele o ne a tlhola a bona ditshwantsho tse dikgolo tse di betlilweng tsa dipoo le ditau tse di nang le diphuka le ditlhogo tsa batho tse di neng di bewa fa pele ga matlo a dikgosi le fa pele ga ditempele. Ditshwantsho tseno di ne di le kwa Asiria le kwa Babelona. O tshwanetse a bo a ne a gakgamaletse ditshwantsho tseno tse di betlilweng. Dingwe tsa tsone di ne di le boleele jwa dimetara di ka nna thataro. Le fa gone ditshwantsho tseno di ne di lebega di le maatla, boammaaruri ke gore di ne di sa tshele. E ne e le ditshwantsho fela tse di itiretsweng.

Se Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong, e ne e se ditshwantsho fela, e ne e le dilo tse di tshelang. Ponatshegelo eno e ile ya ama Esekiele mo a ileng a dirisa lefoko “ditshedi” makgetlo a le mantsinyana. (Esek. 1:5-22) E re ka a ne a bona ditshedi tseno tse di ka fa tlase ga setulo sa bogosi sa Modimo di tsamaela gongwe, o ile a lemoga gore Jehofa ke ene a laolang dilo tsotlhe tse a di bopileng. Le rona ponatshegelo eno e re thusa go lemoga gore Jehofa o mogolo e bile o maatla le gore ke ene a laolang sengwe le sengwe.​—1 Ditir. 29:11.