Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 7A

Ditšhaba Tse di Dikologileng Jerusalema

Mo e ka Nnang Ka 650-300 B.C.E.

Ditšhaba Tse di Dikologileng Jerusalema

NAKO YA DITIRAGALO (B.C.E.)

  1. 620: Babelona e simolola go laola Jerusalema

    Nebukadenesare o dira gore kgosi ya Jerusalema e nne kgosi ya maemo a a kwa tlase

  2. 617: Bababelona ba isa Bajuda bangwe kwa botshwarwa

    Babusi, masole le banna ba ba ditswerere ba isiwa Babelona

  3. 607: Bababelona ba senya motse wa Jerusalema

    Ba fisa motse le tempele

  4. Morago ga 607: Motse wa Ture o o kgakala le lewatle

    Nebukadenesare o kampa go dikologa Ture dingwaga di le 13. O senya motse wa Ture o o kgakala le lewatle a bo a tlogela o o gaufi le lewatle

  5. 602: Amone le Moabe

    Nebukadenesare o tlhasela motse wa Amone le wa Moabe

  6. 588: Babelona e fenya Egepeto

    Ka ngwaga wa bo37 Nebukadenesare a busa, o tlhasela Egepeto

  7. 332: Motse wa Ture o o gaufi le lewatle

    Masole a Gerika a a eteletsweng pele ke Alekesanderia yo Mogolo a tlhasela motse wa Ture o o gaufi le lewatle

  8. 332 kgotsa pelenyana: Filisitia

    Alekesanderia o fenya motsemogolo wa Filisitia o o bidiwang Gasa

Mafelo A a Mo Mmapeng

  • GERIKA

  • LEWATLE LE LEGOLO

  • (LEWATLE LA MEDITERRANEAN)

  • TURE

  • Sidona

  • Ture

  • Samarea

  • Jerusalema

  • Gasa

  • FILISITIA

  • EGEPETO

  • BABELONA

  • AMONE

  • MOABE

  • EDOMA