Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopano ya 1919 e ne e bontsha sentle gore batho ba Modimo ba golotswe mo Babelona yo Mogolo

LEBOKOSO LA GO RUTA 9B

A Mme E ne E le Ka 1919?

A Mme E ne E le Ka 1919?

Ke eng fa re re batho ba Modimo ba ile ba gololwa mo Babelona yo Mogolo ka 1919? Boporofeti jwa Baebele le dilo tse di diragetseng mo hisitoring ke tsone tse di re nayang bosupi jwa seno.

Boporofeti jwa Baebele le dilo tse di diragetseng mo hisitoring, di re thusa go bona gore Jesu o ile a tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong ka 1914. Seno e ne e le tshimologo ya malatsi a bofelo a lefatshe leno la ga Satane. Jesu o ile a dira eng fa a sena go tlhomiwa go nna Kgosi? A o ile a golola batho ba gagwe mo Babelona yo Mogolo ka yone nako eo? A o ile a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ka 1914 a bo a simolola tiro e kgolo ya thobo?​—Math. 24:45.

Ga go a nna jalo. Gopola gore moaposetoloi Petere o ile a tlhalosa gore katlholo e ne e tla “[simolola] ka batho ba Modimo.” (1 Pet. 4:17) Ka tsela e e tshwanang, moporofeti Malaki o ile a bolelela pele gore Jehofa o ne a tla tla mo bathong ba Gagwe a na le “morongwa wa kgolagano” e bong Morwa Modimo. (Mal. 3:1-5) E ne e tla nna nako ya gore ba tlhatlhobiwe le gore ba dire diphetogo. A dilo tse di diragetseng mo hisitoring, di dumalana le boporofeti jono?

Ee, go ntse jalo. Go simolola ka 1914 go fitlha kwa masimologong a 1919, e ne e le nako ya gore Baithuti ba Baebele (ba gone jaanong ba itsiweng e le Basupi ba ga Jehofa) ba tlhatlhobiwe le gore ba dire diphetogo. Ka 1914, batho ba Modimo ba le bantsi ba ile ba kgobega marapo fa lefatshe leno la ga Satane le ne le sa senngwe jaaka ba ne ba solofetse. Ka 1916, ba ile ba kgobega marapo le go feta ka gonne Charles T. Russell, yo a neng a eteletse batho ba Modimo pele, o ile a tlhokafala. Batho bangwe ba ne ba rata Mokaulengwe Russell fela thata mme ba ne ba sa batle go reetsa Joseph F. Rutherford, yo a neng a eteletse pele ka nako eo. Batho ba ne ba sa tlhole ba utlwana e bile go ne go batlile go nna le makoko mo phuthegong ka 1917. Mme ka 1918, baruti ba dikereke ba ile ba tlhotlheletsa puso gore e tshware Mokaulengwe Rutherford le badirimmogo le ene ba le supa. Ba ile ba sekisiwa, ba atlholwa, ba bo ba isiwa kgolegelong. Ntlokgolo ya kwa Brooklyn e ne ya tswalwa. Go ne go le mo pepeneneng gore batho ba Modimo ba ne ba ise ba gololwe mo Babelona yo Mogolo.

Mme gone go ile ga direga eng ka 1919? Dilo di ile tsa fetoga ka ponyo ya leitlho. Mo masimologong a 1919, Rutherford le badirimmogo le ene ba ile ba gololwa kwa kgolegelong. Ba ne ba tswelela ka tiro e ba neng ba e dira. Ka bonako fela, ba ne ba rulaganya gore go nne le kopano le gore go nne le kgatiso e ntšha e e bidiwang The Golden Age, (gone jaanong e bidiwa Tsogang!). Kgatiso eo e ne e diretswe gore e tsamaisiwe mo tshimong. Mo godimo ga moo, go ne ga tlhomiwa molebedi mo phuthegong nngwe le nngwe gore a rulaganye tiro ya go rera. Mo go one ngwaga oo, kgatiso ya, Bulletin (e gone jaanong e bidiwang Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona) e ile ya gatisiwa go thusa bakaulengwe go rulaganya tiro ya go rera.

Dilo tseno di ne di bontsha gore Keresete o ne a golotse batho ba gagwe mo Babelona yo Mogolo. O ne a tlhomile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Tiro ya thobo e ne e setse e simolotse. Fa e sa le go tloga ka 1919, tiro ya go rera e ntse e tsweletse ka lobelo lo lo kwa godimo.