Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 10B

Boporofeti jo bo Buang ka “Marapo a a Omeletseng” bo Amana Jang le Jwa ‘Basupi Ba Babedi’?

Boporofeti jo bo Buang ka “Marapo a a Omeletseng” bo Amana Jang le Jwa ‘Basupi Ba Babedi’?

BOPOROFETI jo bo buang ka “marapo a a omeletseng” le jo bo buang ka ‘basupi ba babedi,’ bo ile jwa diragadiwa ka 1919. Ponatshegelo e e buang ka “marapo a a omeletseng,” e bolelela pele nako e e telele thata (e ne ya nna dingwaga di le makgolokgolo). Nako eo e ne ya khutla fa setlhopha se segolo sa batho ba Modimo se ne se tsosiwa ka tsela ya tshwantshetso. (Esek. 37:2-4; Tshen. 11:1-3, 7-13) Boporofeti jo bo buang ka ‘basupi ba babedi,’ bo bolelela pele nako e e khutshwane (e ne e le go tloga kwa bowelong jwa 1914 go fitlha kwa masimologong a 1919). Nako eo e ne ya khutla fa setlhopha se sennye sa batho ba Modimo se ne se tsosiwa ka tsela ya tshwantshetso. Boporofeti jwa “marapo a a omeletseng” le jwa ‘basupi ba babedi’ bo bua ka go tsosiwa ka tsela ya tshwantshetso e bile bo ile jwa diragadiwa ka 1919 fa Jehofa a ne a dira gore batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng ba ‘eme ka dinao,’ ba tswe mo Babelona yo Mogolo mme ba boe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang.​—Esek. 37:10.

Mme gone, ela tlhoko gore boporofeti jwa “marapo a a omeletseng” le jwa ‘basupi ba babedi,’ go na le fa bo farologanang teng. Boporofeti jwa “marapo a a omeletseng” bo ne bo bua ka batlhanka botlhe ba Modimo ba ba tloditsweng. Mme boporofeti jwa ‘basupi ba babedi’ bo ne bo bua ka batlhanka bangwe ba Modimo ba ba tloditsweng. Batlhanka bao, ke ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba ba tlhomilweng gore e nne “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”​—Math. 24:45; Tshen. 11:6. a

“Mokgatšha . . . o Tletse Marapo”​—Esek. 37:1

  1. MORAGO GA 100 C.E.

    Go tloga kwa masimologong a bo100 C.E. go ya pele, fa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e ne e bolailwe, go ne go ntse jaaka e kete “mokgatšha” o tletse “marapo”

  2. MO MASIMOLOGONG A 1919

    1919: “Marapo a a omeletseng” a ile a tshela fa Jehofa a ne a dira gore batlodiwa ba tswe mo Babelona yo Mogolo mme ba boe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang

‘Basupi ba Babedi’​—Tshen. 11:3

  1. KWA BOWELONG JWA 1914

    ba rera “ba apere letsela la kgetsi”

    1914: ‘Basupi ba babedi’ ba ne ba rera dingwaga di le tharo le halofo ba “apere letsela la kgetsi.” Morago ga dingwaga tseo, ba ne ba bolawa ka tsela ya tshwantshetso

  2. ba sule ka tsela ya tshwantshetso

  3. MO MASIMOLOGONG A 1919

    1919: ‘Basupi ba babedi’ ba ile ba tshela fa setlhopha se sennye sa bakau- lengwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba eteletse pele mo phuthegong ba ne ba tlhomiwa gore e nne “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”

a Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 2016.