Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 10C

Re Thusiwa Gore re Boe re Eme

Re Thusiwa Gore re Boe re Eme

GO AKANYA ka se re se ithutang mo ponatshegelong e e kgatlhang e e mo go Esekiele 37:1-14, go a kgothatsa. Gape se re se ithutang mo ponatshegelong eno, re ka se dirisa mo matshelong a rona. Re ka ithuta eng mo go yone?

Ka dinako tse dingwe, re ka ikutlwa re imetswe ke mathata a rona mo re feleletsang re lapile e bile go le thata gore re tswelele re direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, go akanya ka dilo tse di tlhalosiwang mo ponatshegelong ya ga Esekiele go ka re kgothatsa. Goreng re rialo? Boporofeti jono, bo re thusa go bona gore Modimo o na le maatla a go dira gore marapo a a suleng a boe a tshele. Ka jalo, seno se re tlhatswa pelo gore le rona a ka re fa maatla a gore re itshokele diteko dingwe le dingwe tota le tse go lebegang re ka se kgone go di itshokela.​—Bala Pesalema 18:29; Bafil. 4:13.

Ponatshegelo eno, gape e re gopotsa gore dingwaga di le dintsi pele ga motlha wa ga Esekiele, moporofeti Moshe o ile a re Jehofa o na le maatla e bile o eletsa go a dirisa go thusa batho ba gagwe. Moshe o ne a re: “Modimo ke botshabelo go tswa metlheng ya bogologolo, mabogo a gagwe a a nnang ka bosakhutleng a ka fa tlase ga gago.” (Dute. 33:27) Re tlhatswegile pelo gore fa re na le mathata re bo re ikaega ka Jehofa, o tla re tsholetsa a bo a re thusa gore re eme.​—Esek. 37:10.