Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSO LA GO RUTA 13A

Ditempele Tse Pedi Tse di re Rutang Dithuto Tse di Farologaneng

Ditempele Tse Pedi Tse di re Rutang Dithuto Tse di Farologaneng

Tempele e Esekiele a Ileng a e Bona mo Ponatshegelong:

  • Esekiele o ne a e tlhalosetsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa

  • E na le sebeso se go ntshediwang ditlhabelo di le dintsi mo go sone

  • E gatelela tsela e e siameng e Jehofa a batlang go obamelwa ka yone

  • E dira gore re akanye kafa batho ba neng ba simolola go obamela Jehofa ka gone ka tsela e e mo itumedisang ka 1919

Tempele ya ga Jehofa ya Tshwantshetso:

  • E tlhalosiwa ke Paulo mo lekwalong le a neng a le kwaletse Bahebera

  • E na le sebeso se go ntshiwang setlhabelo se le sengwe mo go sone “gangwe fela” (Baheb. 10:10)

  • E tlhalosa dilo tsa kwa legodimong tse di neng di emelwa ke motlaagana le tempele ya kwa Jerusalema, e leng thulaganyo ya gore Jehofa a obamelwe ka tsela e e mo itumedisang ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu

  • E dira gore re akanye ka tiro e Moperesiti yo Mogolo go ba Feta Botlhe e bong Keresete a ileng a e dira go tloga ka 29 go fitlha ka 33 C.E.