Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 15A

Bana ba Motho ba ba Gwebang ka Mmele

Bana ba Motho ba ba Gwebang ka Mmele

Esekiele kgaolo 23 e na le molaetsa o o sa itumediseng wa katlholo kgatlhanong le batho ba Modimo ba ba neng ba sa ikanyege. Bontsi jwa dilo tse go buiwang ka tsone mo go Esekiele kgaolo 23, di tsamaisana le tse go buiwang ka tsone mo go kgaolo 16. Ka sekai, kgaolo 23 le yone e dira sekai ka bagwebakammele. Mo kgaolong eno, Jerusalema o tlhalosiwa e le monnawe Samarea. Dikgaolo tseno tse pedi di tlhalosa kafa Jerusalema a ileng a etsa mogoloe e bong Samarea ka gone. O ile a gweba ka mmele mme o ne a feleletsa a dira boitsholo jo bo sa siamang le dilo tse dingwe tse di bosula go feta Samarea. Mo kgaolo 23, Jehofa o ne a naya Jerusalema le Samarea maina. O ne a re Samarea, motsemogolo wa ditso di le lesome tsa Iseraele, ke Ohola, mme Jerusalema, motsemogolo wa bogosi jwa Juda, ke Oholiba. a​—Esek. 23:1-4.

Dikgaolo tseno di na le dilo dingwe gape tse di tshwanang ka tsone. Gongwe sengwe sa botlhokwa thata se di tshwanang ka sone ke gore, bagwebakammele bano e ne ya simolola e le basadi ba ga Jehofa mme moragonyana ba ne ba mo tlhanogela. Gape, dikgaolo tseno di na le molaetsa wa tsholofelo. Kgaolo 23 ga e bue thata ka gore Jehofa o tla boa a ba itshwarela. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se e tshwanang ka sone le kgaolo 16. Le mo kgaolong eno Jehofa o ile a bua a re: “Ke tla fedisa boitshwaro jwa gago jo bo maswe thata le boaka jwa gago.”​—Esek. 16:16, 20, 21, 37, 38, 41, 42; 23:4, 11, 22, 23, 27, 37.

A ba Emela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete?

Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di re bagwebakammele bano, e bong Ohola le Oholiba ba emela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete segolobogolo a a di gogang kwa pele eleng bodumedi jwa Katoliki le jwa Boporotesetanta. Le fa go ntse jalo, fa re sena go rapela ka kgang eno le go dira dipatlisiso, go ile ga tsoga dipotso dingwe tsa botlhokwa. Ka sekai, a Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a kile a nna mosadi wa ga Jehofa ka tsela nngwe? A a kile a dira kgolagano le ene? Nnyaa, le e seng! Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a ne a ise a nne gone fa Jehofa a ne a dira “kgolagano e ntšha” le Iseraele wa Modimo e Jesu e leng motsereganyi wa yone. Gape madumedi ano ga a ise a tsamaye a nne karolo ya Bakeresete ba ba tloditsweng. (Jer. 31:31; Luke 22:20) Madumedi ano a ile simolola go nna gone fa baaposetoloi ba sena go swa. A ile a simolola go nna gone ka bo400 C.E. Madumedi ano a ile a simololwa ke batlhanogi, Bakeresete ba maaka ba Jesu a ileng a ba bitsa “mefero” mo boporofeting jwa gagwe jwa korong le mefero.​—Math. 13:24-30.

Sengwe gape se bagwebakammele bano ba farologaneng ka sone le Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete ke gore Jehofa o ile a naya bagwebakammele bano tsholofelo ya gore o tla ba itshwarela. (Esek. 16:41, 42, 53-55) A Baebele ya re Jehofa o tla itshwarela Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete? Nnyaa. Fela jaaka Jehofa a ka se itshwarele madumedi a mangwe a maaka, ga a kitla a itshwarela le Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete.

Ka jalo, Ohola le Oholiba ga ba emele Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete. Mme gone, ba re ruta sengwe sa botlhokwa. Ba re ruta gore Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba reng ba a mo obamela mme ba gogagoga leina la gagwe mo seretseng e bile ba sa mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a na le molato o mogolo wa go gogagoga leina la Modimo mo seretseng ka gonne batho ba ba mo go one ba re ba direla Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Gape ba re Jesu Keresete ke moeteledipele wa bone. Mme dilo tse ba di dirang di bontsha gore ga se balatedi ba ga Jesu. Ka sekai, ba re Jesu ke karolo ya modimo o o gararo e bile ga ba ikobele taelo ya gagwe ya gore ba se ka ba nna “karolo ya lefatshe.” (Joh. 15:19) E re ka Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a tswelela a obamela medingwana e bile a tsaya karolo mo dipolotiking, seno se bontsha gore madumedi ano ke karolo ya “seaka se segolo.” (Tshen. 17:1) Ka jalo, ntle le pelaelo, Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete le one a tlile go fedisiwa.

a Maina ano a na le bokao. Ohola e kaya “Tente ya Gagwe [ya Kobamelo].” Go a tshwanela ka gonne Baiseraele ga ba a ka ba dirisa tempele ya ga Jehofa e e kwa Jerusalema fa ba obamela, go na le moo, ba ne ba ikagetse mafelo a bone a kobamelo. Oholiba e kaya “Tente Ya me [ya Kobamelo] E mo Go Ene.” Go a tshwanela ka gonne Jerusalema e ne e le lefelo le tempele ya ga Jehofa e neng e le kwa go lone.