Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 16A

A Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a Tshwantshetsa Jerusalema?

A Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a Tshwantshetsa Jerusalema?

Mo nakong e e fetileng, dikgatiso tsa rona di ne di re Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a tshwantshetsa Jerusalema. Dilo tse di neng di direga kwa motseng wa Jerusalema, go akaretsa kobamelo ya medingwana le bonweenwee, di tshwana kgo! le tse di diregang mo Madumeding a a Ipitsang a Bokeresete. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana dikgatiso tsa rona, go akaretsa le eno ga di bue thata ka gore dilo tse di rileng di tshwantshetsa eng, ntle le fa go na le lebaka le le utlwalang mo Baebeleng. A go na le lebaka le le utlwalang la gore re re Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a tshwantshetsa Jerusalema? Nnyaa.

Ke eng fa re rialo? Kwa tshimologong, baagi ba Jerusalema ba ne ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang mme moragonyana ba ne ba mo tlhanogela. Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete one ga a ise a tsamaye a obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Madumedi ano ga a bolo go ruta dithuto tsa maaka go tloga fela fa a ne a simolola go nna gone ka bo400C.E.

Mo godimo ga moo, fa Bababelona ba sena go senya motse wa Jerusalema, Jehofa o ile a dira gore o boe o agiwe sesha. Batho ba motse oo ba ne ba boa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang mme o ne a boa a ba amogela. Go farologana le seo, Modimo ga a ise a tsamaye a amogele Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete e bile fa madumedi ano a sena go senngwa ka nako ya pitlagano e kgolo, ga a kitla a nna teng gape.

Ka jalo, re ka fetsa ka goreng? Fa re sekaseka boporofeti jwa Baebele jo bo ileng jwa diragadiwa mo baaging ba Jerusalema ba ba sa ikanyegeng, re ka nna ra re: ‘Seno se tshwana le se re bonang se direga mo Madumeding a a Ipitsang a Bokeresete.’ Mme gone, go lebega go se na lebaka lepe mo Baebeleng le le dirang gore re dumele gore madumedi ano a tshwantshetsa Jerusalema.