Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 18A

Jehofa o Tlhagisa Batho ka Ntwa ya Gagwe ya Makgaolakgang

Jehofa o Tlhagisa Batho ka Ntwa ya Gagwe ya Makgaolakgang

Baebele e na le boporofeti bo le bontsi jo bo tlhagisang batho ka ntwa ya ga Jehofa e a tlileng go e dirisa go fedisa batho botlhe ba ba bogisang batho ba gagwe. Mo boporofeting jo bo latelang, ela tlhoko dilo dingwe tse di tshwanang mo tlhagisong e Jehofa a ileng a e ntsha. Gape ela tlhoko gore Jehofa o ile a netefatsa gore batho botlhe ba utlwa tlhagiso eo e bile ba nna le tshono ya go dira diphetogo.

MOTLHA WA BAISERAELE

ESEKIELE: “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Ke tla romela tšhaka gore e tlhasele [Gogo] mo dithabeng tsotlhe tsa me.’”​—Esek. 38:18-23.

JEREMIA: “[Jehofa] o tla atlhola batho botlhe ka boene. Mme ba ba bosula o tla ba bolaya ka tšhaka.”​—Jer. 25:31-33.

DANIELE: “Modimo yo o kwa legodimong o tla tlhoma bogosi jo bo . . . tla [thubaganyang] bo bo bo fedisa magosi ano otlhe.”​—Dan. 2:44.

LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA C.E.

JESU: “Go tla nna le pitlagano e kgolo e e iseng e tsamaye e nne teng fa e sa le lefatshe le nna teng.”​—Math. 24:21, 22.

PAULO: “Jesu . . . a na le baengele ba gagwe ba ba maatla [o tla] otlhaya ba ba sa itseng Modimo.”​—2 Bathes. 1:6-9.

PETERE: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, . . . e bile lefatshe le dilo tse di mo go lone tse di dirilweng ke motho di tla senolwa.”​—2 Pet. 3:10.

JOHANE: “Mo molomong wa [ga Jesu] go tswa tšhaka e e bogale e telele, e a tla otlhayang ditšhaba ka yone.” ​—Tshen. 19:11-18.

MOTLHA WA RONA

Baebele e ranolelwa mo dipuong tse dintsi e bile batho ba le bantsi ba na le yone

BATLHANKA BA GA JEHOFA BA MO MOTLHENG WA RONA . . .

  • Ba ranolela Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mo dipuong di le dintsi e bile ba di naya batho ba le bantsintsi

  • Ba dirisa diura di le dintsintsi ngwaga le ngwaga ba rerela batho