Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 19A

Melatswana e e Tlisang Masego a a Tswang Kwa go Jehofa

Melatswana e e Tlisang Masego a a Tswang Kwa go Jehofa

Ela tlhoko dipego dingwe tse di dirisang lefoko “melatswana” le “metsi” go tlhalosa masego a a tswang kwa go Jehofa. Dipego tseno di a re kgothatsa ka gonne di re ruta gore Jehofa o a re segofatsa. Jang?

JOELE 3:18 Boporofeti jono bo bua ka molatswana o o elelang go tswa kwa lefelong le le boitshepo. Molatswana ono o nosetsa “Mokgatšha wa Ditlhare Tsa Mokala.” Ka jalo, Joele le Esekiele ba bona molatswana o dira gore go nne le dijalo mo lefelong le le omeletseng. Mo dipegong tseno ka bobedi, molatswana o tswa kwa tempeleng ya ga Jehofa.

SEKAREA 14:8 Moporofeti Sekarea o bona ‘metsi a botshelo a elela’ go tswa kwa motseng wa Jerusalema. Halofo ya metsi ao e ya kwa lewatleng le le kwa botlhaba, kgotsa Lewatle le le Suleng. Halofo e nngwe e ya kwa lewatleng le le kwa bophirima, kgotsa Lewatle la Mediterranean. Jerusalema e ne e le “motse wa Kgosi e kgolo” e bong Jehofa Modimo. (Math. 5:35) E re ka Sekarea a ile a umaka motse ono, seno se re gopotsa gore Jehofa o tla busa lefatshe lotlhe mo nakong e e tlang. Boporofeti jwa ga Sekarea jo bo buang ka metsi bo bontsha gore Jehofa o tla segofatsa ditlhopha tse pedi tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang kwa Paradaiseng. O tlile go segofatsa ba ba tlileng go falola pitlagano e kgolo le ba ba tlileng go tsosiwa mo baswing moragonyana.

TSHENOLO 22:1, 2 Moaposetoloi Johane o bona molatswana wa tshwantshetso o o tshwanang le o Esekiele a ileng a o bona. Le fa go ntse jalo, molatswana o Johane a ileng a o bona, o elela go tswa kwa setulong sa bogosi sa ga Jehofa, e seng go tswa kwa tempeleng. Ka jalo, fela jaaka ponatshegelo ya ga Sekarea, ponatshegelo ya ga Johane le yone e emela masego a re tla nnang le one ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete.

Gone ke boammaaruri gore go na le pharologanyo e se kae mo masegong a a tla nnang gone fa Jehofa a busa, le masego a a emelwang ke molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong. Le fa go ntse jalo, masego ano otlhe a tswa kwa go Jehofa e bile a ya kwa bathong ba gagwe ba ba ikanyegang.

PESALEMA 46:4 Temana eno e bua ka kobamelo le ka bolaodi. Mo temaneng eno go buiwa ka molatswana o o itumedisang “motse wa Modimo.” Molatswana ono o emela Bogosi le bolaodi. Gape go buiwa ka “motlaagana o mogolo o o boitshepo wa Mogodimodimo.” Motlaagana ono o emela kobamelo e e itumedisang Modimo.

Dipego tseno di re netefaletsa gore Jehofa o tla segofatsa batho ba ba ikanyegang ka ditsela di le pedi. Sa ntlha, bolaodi jwa ga Jehofa bo tla re solegela molemo. Sa bobedi, re tla solegelwa molemo ke go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. Ka jalo, a re nneng re ikemiseditse go nna re kopa Jehofa le Morwawe gore ba re neye ‘metsi a botshelo,’ e leng tshiamelo ya go tshelela ruri.​—Jer. 2:13; Joh. 4:10.