Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 21A

“Karolo e lo Tla e Beelang Kwa Thoko e le Moneelo”

“Karolo e lo Tla e Beelang Kwa Thoko e le Moneelo”

ESEKIELE 48:8

Mma re sekaseke karolo ya lefatshe e e neng ya ntshiwa e le moneelo. E na le dikarolo tse tlhano. Dikarolo tseo ke dife mme di dirisediwa eng?

A. “Moneelo”

Karolo ya lefatshe e e neng e dirisediwa dilo tsa puso

ESEK. 48:8

B. “Karolo Yotlhe e e Ntshitsweng e le Moneelo”

E abetswe baperesiti, Balefi le motse. Gape batho ba ditso tse 12 ba tsena mo karolong eno go obamela Jehofa le go tshegetsa thulaganyo ya ba ba eteletseng pele mo motseng.

ESEK. 48:20

C. “Karolo ya Kgosana”

“Karolo eno ya lefatshe e tla nna ya gagwe mo Iseraele.” “E tla nna ya kgosana.”

ESEK. 45:7, 8; 48:21, 22

D. “Moneelo o o Boitshepo”

Lefelo leno gape le bidiwa “karolo e e boitshepo.” Karolo e e kwa godimo ke ya Balefi. Ke “selo se se boitshepo.” Karolo e e fa gare ke “moneelo o o boitshepo wa baperesiti.” Ke “lefelo la matlo a bone le lefelo le le boitshepo la tempele.”

ESEK. 45:1-5; 48:9-14

E. “Lefelo le le Setseng”

‘Le tla nna la batho botlhe ba Iseraele’ e bile “le tla dirisiwa ke batho botlhe mo motseng, ba tla aga matlo mo go lone e bile ba tla fudisa diphologolo tsa bone mo go lone.”

ESEK. 45:6; 48:15-19