Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tshedimosetso ya Batlakopanong

Tshedimosetso ya Batlakopanong

POKANO E E KGETHEGILENG

SEKOLO SA BABOLEDI BA BOGOSI Babulatsela ba dingwaga tse di magareng ga 23 le 65 ba ba kgatlhegelang go oketsa bodiredi jwa bone, ba lalediwa go nna teng mo pokanong ya ba ba batlang go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi, e e tla tshwarwang ka Sontaga thapama. Go tla itsisiwe nako le lefelo le pokano eno e tla tshwarelwang kwa go lone.

TSHEDIMOSETSO YA BATLAKOPANONG

BATLHOKOMEDI Batlhokomedi ba neilwe maikarabelo a gore ba go thuse. Tsweetswee dirisana le bone fa ba go kaela gore o phake kae, o tsene le go tswa kae le gore o tshwanetse go dirang fa go tla mo kgannyeng ya go beela batho manno le dilo tse dingwe.

KOLOBETSO Batho ba ba yang go kolobediwa ba tla bo ba beetswe manno fa pele ga serala ntle le fa go tlhalositswe ka tsela nngwe. Ba tshwanetse ba bo ba le mo lefelong le ba le rulaganyeditsweng pele ga puo ya kolobetso e simologa ka Matlhatso mo mosong. Mongwe le mongwe o tshwanetse go itlela ka toulo le diaparo tse di lebegang sentle tsa kolobetso.

MENEELO Go dirisitswe madi a mantsi go rulaganyetsa gore go nne le manno a a lekaneng, gore go nne le dibuelagodimo, dibidio le ditirelo tse dingwe tse dintsi tse di tla thusang gore kopano eno e itumedise e bo e re thuse go atamalana le Jehofa. Meneelo e lo e ntshang e thusa go duelela ditshenyegelo tseno le go ema nokeng tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Gore lo kgone go ntsha meneelo, go beilwe mabokose a a tshwailweng mo lefelong leno. Re lebogela meneelo e lo e ntshang. Setlhopha se se Laolang se lebogela matsapa a lo a tsayang go tshegetsa tiro ya Bogosi.

THUSO YA POTLAKO Tsweetswee gakologelwang gore lefapha leno ke la MAEMO A TSHOGANYETSO FELA.

LEFAPHA LA DILO TSE DI LATLHEGILENG Fa o latlhegetswe ke sengwe, o ka ya go se senka kwa lefapheng leno. Bana ba ba timetseng ba tshwanetse go isiwa kwa lefapheng leno. Le fa go ntse jalo, lefapha leno ga le a tshwanela go tsewa e le la go tlhokomela bana. Tsweetswee tlhokomelang bana ba lona.

MANNO Tsweetswee akanyetsa batho ba bangwe. Gakologelwa gore manno a tshwanetse go beelwa fela ba lelapa, batho ba o tsamayang le bone ka koloi kgotsa ba o ithutang Baebele le bone. Tsweetswee o se ka wa baya sepe mo ditulong tse di se nang ope.

TIRELO YA BOITHAOPO Fa o rata go ithaopela go thusa ka tiro nngwe mo kopanong, tsweetswee ya go ikwadisa kwa Lefapheng la Tshedimosetso le la Tirelo ya Boithaopo.

E rulagantswe ke Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa