Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

‘Lo tshwanetse go nna barutisi.’ (Baheb. 5:12) Akanya fela! Morutisi yo o nang le bokgoni mo lobopong lotlhe e bong Jehofa, o re naya tshono ya go ruta batho ba bangwe ka ene! Kabelo ya go ruta ba bangwe ka Jehofa mo lelapeng, mo phuthegong kgotsa kwa bodireding, ke tshiamelo e e molemo e bile ke boikarabelo jwa botlhokwa. Re ka kgona go dira tiro eno jang?

Se moaposetoloi Paulo a ileng a se bolelela Timotheo se re fa karabo: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng.” Gape o ne a re: “Ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Tim. 4:13, 16) O na le molaetsa wa botlhokwa o o tshwanetseng go o bolelela batho ba bangwe. Ka jalo, go botlhokwa gore o tokafatse bokgoni jwa gago jwa go bala le go ruta. Boroutšhara jono bo tla go thusa go dira jalo. Akanya ka dilo dingwe tse di mo go jone.

Tsebe nngwe le nngwe e na le temana ya Baebele e e nang le molaomotheo o o amanang le dintlha kgotsa dikai tsa setlhogo

Jehofa ke “Motlhatlheledi yo Mogolo.” (Isa. 30:20) Gone boroutšhara jono bo tla go thusa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go bala le go ruta, mme gone, o se ka wa lebala gore Jehofa ke ene Motswedi wa molaetsa wa rona le gore ke ene a gogelang batho mo phuthegong. (Joh. 6:44) Ka jalo, nna o rapelela moya o o boitshepo. Dirisa Lefoko la Modimo ka metlha. Isa kgalalelo yotlhe kwa go Jehofa e seng mo go wena. Thusa bareetsi ba gago gore ba mo rate thata.

O neilwe tshiamelo ya go ruta batho ba bangwe molaetsa wa botlhokwatlhokwa. Re a itse gore fa o ntse o “ikaegile ka nonofo e Modimo a e nayang,” o tla atlega.—1 Pet. 4:11.

Barutisimmogo le lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa