Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 3

Dirisa Dipotso

Dirisa Dipotso

Mathaio 16:13-16

KGANGKGOLO: Botsa dipotso tse di tsosang kgatlhego, tse di tla go thusang go bontsha bareetsi mabaka le go gatelela dintlha tsa botlhokwa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dira gore bareetsi ba kgatlhegele se o se buang. Dira gore ba akanye ka ntlha e o e buang kgotsa gore ba batle go itse karabo ya potso e o e botsang.

  • Ntsha mabaka. Thusa bareetsi gore ba se ka ba latlhega ka go botsa dipotso tse di tla dirang gore ba tlhaloganye se o se buang.

  • Gatelela dintlha tsa botlhokwa. Botsa potso e e kgatlhang pele o bua kgang nngwe e e botlhokwa. Dirisa dipotso tsa poeletso fa o fetsa go bua ntlha ya botlhokwa kgotsa fa o konela puo ya gago.