Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 5

Bala Sentle

Bala Sentle

1 Timotheo 4:13

KGANGKGOLO: Bala ka tsela e e utlwalang, o bala se se kwadilweng fela jaaka se ntse.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Baakanyetsa sentle. Akanya ka lebaka la go bo kgang eo e kwadilwe. Itlwaetse go bala mafoko mmogo go na le go bala lefoko ka lefoko. O se ka wa tlola mafoko kgotsa wa itsenyetsa mafoko. Ela tlhoko matshwao a puiso.

  • Bitsa mafoko sentle. Fa o sa itse gore lefoko lengwe le bidiwa jang, le lebelele mo dikishinaring, le reetse mo kgatisong e e rekotilweng kgotsa kopa mongwe yo o itseng go bala sentle gore a go thuse.

  • Bua ka tsela e e utlwalang sentle. Bitsa mafoko sentle, tsholetsa tlhogo mme o bule molomo. Leka go bitsa noko nngwe le nngwe ka tsela e e siameng.