Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 8

Ditshwantsho Tse di Rutang

Ditshwantsho Tse di Rutang

Mathaio 13:34, 35

KGANGKGOLO: Tokafatsa tsela e o rutang ka yone ka go dirisa ditshwantsho tse di motlhofo, tse di kgatlhang le tse di tla thusang bareetsi.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dirisa ditshwantsho tse di motlhofo. Fela jaaka Jesu, dirisa dilo tse di nnye go tlhalosa dilo tse dikgolo e bile o dirise tse di motlhofo go tlhalosa tse di thata. O se ka wa bua dilo tse dintsi tse di tla dirang gore go nne thata gore bareetsi ba tlhaloganye setshwantsho sa gago. Tlhomamisa gore setshwantsho sa gago se tsamaisana sentle le se o se rutang gore bareetsi ba gago ba se ka ba tlhakana tlhogo ka gonne ba sa tlhaloganye dilo dingwe mo setshwantshong sa gago.

  • Akanya ka se se tla thusang bareetsi. Dirisa ditshwantsho tse di amang bareetsi e bile di ba kgatlha. O se ka wa dirisa ditshwantsho tse di tla ba tlhabisang ditlhong kgotsa tse di tla ba kgopisang.

  • Ruta dintlha tsa botlhokwa. Dirisa ditshwantsho fa o tlhalosa dintlha tsa botlhokwa, e seng dintlha tse di sa reng sepe. Dira gore bareetsi ba se ka ba gopola setshwantsho fela mme ba gopole le dintlha tsa botlhokwa tse ba di ithutileng mo go sone.