Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 12

Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi

Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi

1 Bathesalonika 2:7, 8

KGANGKGOLO: Bua le bareetsi ka tsela e e lorato e bile o bontshe gore o batla go ba thusa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Akanya ka bareetsi. Akanya ka mathata a ba nang le one. Ipotse gore ba ka tswa ba ikutlwa jang.

  • Tlhopha mafoko a gago sentle. Leka go kgothatsa bareetsi ba gago, go ba gomotsa le go ba nonotsha. O se ka wa kgopisa batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa kgotsa wa kgala dilo tse ba di dumelang.

  • Bontsha gore o kgatlhegela bareetsi. O ka dira seo ka go bua ka lentswe le le bonolo le ka go tshikinyang mmele ka tsela e e tshwanelang. Nna o etse tlhoko gore tsela e o ikutlwang ka yone e bonala mo sefatlhegong sa gago mme o nne o nyenya.