Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 13

Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang

Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang

Diane 3:21

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tlhaloganya gore se o se buang se ba ama jang le kafa ba ka se dirisang ka gone.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Akanya ka bareetsi. Akanya ka lebaka la go bo ba tlhoka tshedimosetso eo le gore ke ntlha efe mo puong ya gago e e tla ba thusang thata.

  • Thusa bareetsi go lemoga se ba tshwanetseng go se dira. Mo puong ya gago, thusa moreetsi mongwe le mongwe gore a nne le boikutlo jwa gore, ‘Kgang eno e bua le nna.’ Fa o bua ka ntlha nngwe ya botlhokwa, thusa bareetsi go bona gore ba ka e dirisa jang. Se potologe, tlhamalatsa dintlha tsa gago.