Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 19

Leka go Fitlhelela Pelo

Leka go Fitlhelela Pelo

Diane 3:1

KGANGKGOLO: Thusa bareetsi go tlhaloganya se o se rutang le gore ba se dirise.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Thusa bareetsi go itlhatlhoba. Botsa bareetsi dipotso tse di tla ba thusang go itlhatlhoba.

  • Ba thuse gore ba nne le maitlhomo a a siameng. Rotloetsa bareetsi go itlhatlhoba, gore ba bone gore ke eng fa ba dira ditiro tse di molemo. Ba thuse gore ba dire dilo tse di molemo ka ntlha ya go bo ba rata Jehofa, ba rata batho le dithuto tsa Baebele. Ba thuse go bona gore Baebele ya reng. O se ka wa ba kgala. Go na le go ba tlhabisa ditlhong kgotsa go dira gore ba ikutlwe molato, ba kgothatse le go ba thusa gore ba dire ka natla.

  • Dirisa Baebele. Thusa bareetsi go tlhaloganya gore dithuto tsa Baebele, melaometheo le ditaelo tsa Modimo di bontsha dinonofo tsa gagwe le gore o a re rata. Dira gore bareetsi ba eletse go leba dilo jaaka Jehofa le go batla go mo itumedisa.