Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 02

Baebele e re Naya Tsholofelo

Baebele e re Naya Tsholofelo

Batho ba le bantsi ba na le mathata a a dirang gore ba hutsafale, ba tshwenyege ba bo ba utlwe botlhoko. A o kile wa diragalelwa ke sengwe se se neng sa dira gore o ikutlwe jalo? Gongwe o a boga ka gonne o a lwala (kgotsa o a bobola) kgotsa motho yo o mo ratang o tlhokafetse. Gongwe o ipotsa gore ‘A dilo di tla tsamaya di tokafala mo botshelong?’ Baebele e na le karabo e e kgotsofatsang ya potso eo.

1. Baebele e re naya tsholofelo efe ka bokamoso?

Baebele e tlhalosa gore ke eng fa re na le mathata a le mantsi. Gape e re bolelela dikgang tse di molemo tsa gore mathata ano otlhe a tlile go fela. Ditsholofetso tse di mo Baebeleng di ka go “naya bokamoso le tsholofelo.” (Bala Jeremia 29:11, 12.) Tsholofelo eno e re thusa gore re kgone go itshokela mathata le gore re itumele gone jaanong. Gape ditsholofetso tseo di re tlhomamisetsa gore re tla itumela ka bosakhutleng.

2. Baebele e a re go tla bo go ntse jang mo nakong e e tlang?

Baebele e a re mo nakong e e tlang “loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko.” (Bala Tshenolo 21:4.) Mathata a a dirang gore batho ba felelwe ke tsholofelo gompieno, a a jaaka khumanego, tlhaolele, bolwetse le loso, a tla bo a sa tlhole a le teng. Baebele e solofetsa gore batho ba tlile go itumelela go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise.

3. O ka tlhatswega pelo jang gore ditsholofetso tse di mo Baebeleng di tla direga?

Batho ba le bantsi ba eletsa gore go direge dilo tse di molemo, mme gone ga ba tlhomamisege gore a dilo tse ba di eletsang di tla tsamaya di direga. Ditsholofetso tse di mo Baebeleng tsone di tla direga. Go “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko” go ka re thusa gore re kgone go ikanya se e se buang. (Ditiro 17:11) Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla kgona go dira tshwetso ya gore a o tla dumela se e se buang ka bokamoso.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ela tlhoko dilo dingwe tse Baebele e solofetsang gore di tla direga mo nakong e e tlang. Bona gore Baebele e thusa batho jang go nna le tsholofelo gompieno.

4. Baebele e re solofetsa gore re ka kgona go tshelela ruri re se na mathata

Ela tlhoko ditsholofetso tse di fa tlase tse Baebele e buang ka tsone. Ke tsholofetso efe e o e ratang thata mo go tsone? Goreng o e rata?

Bala ditemana tse di tlhagang go bapa le ditsholofetso tseo lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A o akanya gore ditemana tseno di go naya tsholofelo? A o akanya gore di ka naya ba lelapa la gago le ditsala tsa gago tsholofelo?

Akanya fela o tshela mo lefatsheng

LE GO SE NANG OPE . . .

LE MO GO LONE BATHO BOTLHE . . .

  • yo o utlwang botlhoko, yo o tsofalang kgotsa yo o swang.—Isaia 25:8.

  • ba tla bonang baratiwa ba bone ba tsosiwa mo baswing ba bo ba tshela gape mo lefatsheng.​—Johane 5:28, 29.

  • ba tla nnang le botsogo jo bo siameng e bile ba le matlhagatlhaga.—Jobe 33:25.

  • yo o bogang ka gonne a akanya ka dilo tse di utlwisang botlhoko tsa nako e e fetileng.—Isaia 65:17.

  • ba tla bong ba tshelela ruri mo maemong a a itumedisang.—Pesalema 37:29.

5. Ditsholofetso tsa Baebele di ka fetola matshelo a rona

Batho ba le bantsi ba kgobegile marapo e bile ba galefisitswe ke mathata a a diregang. Ba bangwe ba leka ka natla go tokafatsa dilo. Bona gore tsholofetso ya Baebele ya gore dilo di tla siama, e thusa batho jang gompieno. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Ke eng se se neng se direga mo bidiong eno se Rafika a neng a sa se rate?

  • Le fa gone tlhaolele e e neng e direga e ile ya se ka ya fela, Baebele e ile ya mo thusa jang?

Fa re ikanya se Baebele e se solofetsang ka bokamoso, re ka kgona go fenya go kgobega marapo e bile re ka itumela le fa re na le mathata. Bala Diane 17:22 le Baroma 12:12, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A o akanya gore se Baebele e se buang ka bokamoso se ka tokafatsa botshelo jwa gago gone jaanong? Goreng o akanya jalo?

BATHO BANGWE BA RE: “Se Baebele e se solofetsang ka bokamoso ke go ijesa dijo tsa ditoro fela.”

  • Goreng go le botlhokwa go itirela dipatlisiso?

O ITHUTILE ENG?

Baebele e na le ditsholofetso tse dintsi tse di buang ka bokamoso jo bo itumedisang. Ditsholofetso tseno di re naya tsholofelo e bile di dira gore re nne le botshelo jo bo botoka gone jaanong.

Poeletso

  • Goreng batho ba tlhoka go itse dilo tse Modimo a di solofetsang?

  • Baebele ya reng ka bokamoso?

  • Go nna le tsholofelo ka bokamoso go ka go thusa jang gone jaanong?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore tsholofelo e ka go thusa jang fa o na le mathata.

“A go Nna le Tsholofelo Tota go ka Ama Botshelo Jwa Gago?” (Tsogang! May 8, 2004)

Bona gore go nna le tsholofelo ka bokamoso go ka thusa jang batho ba ba nang le bolwetse jo bo sa foleng.

“Fa o Tshwerwe ke Bolwetse Jo bo Sa Foleng​—A Baebele e ka Thusa?” (Setlhogo se se mo website)

Fa o lebelela bidio eno ya mmino, ipone o na le ba lelapa la gago lo itumelela botshelo mo Paradaiseng e Baebele e solofetsang gore e tlile go nna gone.

Ka Nako Eo (3:37)

Bona gore monna mongwe yo o neng a lwela gore go nne le diphetogo, o ile a fetola botshelo jwa gagwe jang fa a ne a ithuta gore Baebele e a reng ka bokamoso.

“Ga ke Tlhole ke Akanya Gore ke Tshwanetse go Fetola Lefatshe” (Tora ya Tebelo, July 1, 2013)