Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 04

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

Batho ga ba bolo go obamela medimo e mentsintsi. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka Modimo a le mongwe ‘yo mogolo go feta medimo e mengwe yotlhe.’ (2 Ditiragalo 2:5) Modimo yoo ke mang? Mme ke eng se se dirang gore a nne mogolo go feta medimo e mengwe yotlhe e batho ba e obamelang? Mo thutong eno, ithute gore ke eng se Modimo yono a batlang gore o se itse ka ene.

1. Leina la Modimo ke mang, mme ke eng se se bontshang gore o batla gore re itse leina la gagwe?

Modimo o dirisa Baebele go re ikitsise. A re: “Ke nna Jehofa. Leo ke lone leina la me.” (Bala Isaia 42:5, 8.) Leina “Jehofa” le ranotswe go tswa mo leineng la Sehebera le le kayang “O Dira Gore go Diragale.” Jehofa o batla gore re itse leina la gagwe. (Ekesodo 3:15) Re itse seo jang? Leina la gagwe le tlhaga makgetlo a feta 7 000 mo Baebeleng! a Go na le ‘Modimo wa boammaaruri yo o kwa magodimong kwa godimo le mo lefatsheng fa tlase,’ mme leina la gagwe ke Jehofa.—Duteronome 4:39.

2. Baebele e re bolelela eng ka Jehofa?

Baebele e a re mo medimong yotlhe e batho ba e obamelang, Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri. Goreng? Go na le mabaka a le mantsi. Jehofa o na le taolo e kgolo, e bile ke ene fela ‘Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.’ (Bala Pesalema 83:18.) Ke “Mothatayotlhe” ka gonne o na le maatla a go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira. “O bopile dilo tsotlhe,” lobopo le sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng. (Tshenolo 4:8, 11) Gape Jehofa ke ene fela yo o sa leng a ntse a le teng e bile o tla tswelela a le teng ka bosakhutleng.—Pesalema 90:2.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore leina la Modimo le farologana jang le direto tsa gagwe. Go tswa foo ithute gore o go itsise leina la gagwe jang le gore ke eng fa a le go itsise.

3. Modimo o na le direto di le dintsi, mme o na le leina le le lengwe

Fa o batla go bona gore leina la motho le farologana jang le sereto sa gagwe, tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Sereto se se jaaka “Morena,” se farologana jang le leina?

Baebele e a re batho ba obamela medimo le barena ba le bantsi. Bala Pesalema 136:1-3, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • “Modimo wa medimo” le “Morena wa barena” ke mang?

4. Jehofa o batla gore o itse leina la gagwe o bo o le dirise

Ke eng se se bontshang gore Jehofa o batla gore o itse leina la gagwe? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • A o akanya gore Jehofa o batla gore batho ba itse leina la gagwe? Goreng o akanya jalo?

Jehofa o batla gore batho ba dirise leina la gagwe. Bala Baroma 10:13, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go botlhokwa go le kana kang go dirisa leina la Modimo e leng Jehofa?

  • O ikutlwa jang fa motho a gopola leina la gago a bo a go bitsa ka lone?

  • O akanya gore Jehofa o ikutlwa jang fa o dirisa leina la gagwe?

5. Jehofa o batla gore o nne tsala ya gagwe

Mosadi mongwe yo o tswang kwa Cambodia yo o bidiwang Soten a re go ithuta leina la Modimo go ne ga dira gore a itumele mo botshelong. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, go ithuta leina la Modimo go ne ga ama Soten jang?

Pele ga o nna tsala ya mongwe, gantsi o simolola ka go itse leina la gagwe. Bala Jakobe 4:8a, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Jehofa o go laletsa gore o dire eng?

  • Go itse leina la Modimo le go le dirisa go ka go thusa jang gore o nne tsala ya gagwe?

BATHO BANGWE BA RE: “Go na le Modimo a le mongwe, mme gone ga go kgathalesege gore o mmitsa ka leina lefe.”

  • A o dumela gore leina la Modimo ke Jehofa?

  • O ka tlhalosa jang gore Modimo o batla gore re dirise leina la gagwe?

O ITHUTILE ENG?

Jehofa ke leina la Modimo yo esi wa boammaaruri. O batla gore re itse leina la gagwe e bile re le dirise gore re kgone go nna ditsala tsa gagwe.

Poeletso

  • Ke eng se se dirang gore Jehofa a farologane le medimo e mengwe yotlhe e batho ba e obamelang?

  • Goreng re tshwanetse go dirisa leina la Modimo?

  • Ke eng se se bontshang gore Jehofa o batla gore o nne tsala ya gagwe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona mabaka a matlhano a a re tlhomamisetsang gore Modimo o teng.

“A Modimo o Teng?” (Setlhogo se se mo website)

Ke eng fa go utlwala gore re dumele gore Modimo o sa le a ntse a le teng?

“Modimo o Bopilwe ke Mang?” (Tora ya Tebelo, August 1, 2014)

Ithute gore ke eng fa re tshwanetse go dirisa leina la Modimo, le fa gone re sa itse gore le ne le bidiwa jang kwa tshimologong.

“Jehofa ke Mang?” (Setlhogo se se mo website)

A go botlhokwa gore re bitsa Modimo ka leina lefe? Bona lebaka la go bo re ka re o na le leina le le lengwe fela.

“Modimo O na Le Maina a Makae?” (Setlhogo se se mo website)

a Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka bokao jwa leina la Modimo le gore ke eng fa Dibaebele tse dingwe di le ntshitse, bona Dintlha A4 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.