Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 07

Jehofa o Ntse Jang?

Jehofa o Ntse Jang?

Ke eng se se tlang mo mogopolong wa gago fa o akanya ka Jehofa? A o akanya gore ke Modimo yo mogolo thata yo o ka se kang wa kgona go nna tsala ya gagwe? Kgotsa a o akanya gore ke Modimo yo o maatla yo o sa amegeng ka batho? Tota Jehofa o ntse jang? Baebele e re bolelela ka dikarolo dingwe tsa botho jwa ga Jehofa. Gape e re bolelela gore o a re kgathalela.

1. Goreng re sa kgone go bona Modimo?

“Modimo ke moya.” (Johane 4:​24) Modimo ga a na mmele o o tshwanang le wa rona. Ke moya mme o nna kwa legodimong, kwa lefelong le re sa kgoneng go le bona.

2. Dikarolo dingwe tsa botho jwa ga Jehofa ke dife?

Ga re kgone go bona Jehofa mme fa re ithuta ka ene, re ka mo rata ka gonne e le motho wa mmatota yo o nang le botho jo bo kgatlhang. Baebele e a re “Jehofa o rata tshiamiso, mme ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Pesalema 37:​28) Gape “o pelotlhomogi thata e bile o kutlwelobotlhoko,” segolobogolo mo bathong ba ba bogang. (Jakobe 5:​11) “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; o boloka ba ba kgobegileng marapo.” (Pesalema 34:​18) A o ne o itse gore o ka kgona go itumedisa Jehofa kgotsa go mo utlwisa botlhoko? Motho yo o dirang dilo tse di bosula o a mo swabisa e bile o mo utlwisa botlhoko. (Pesalema 78:​40, 41) Mme motho yo o dirang dilo tse di siameng o a mo itumedisa.​—Bala Diane 27:11.

3. Jehofa o bontsha jang gore o a re rata?

Karolo e e tlhomologileng thata ya botho jwa ga Jehofa ke lorato. Tota e bile, “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Jehofa o re senolela lorato lwa gagwe mo Baebeleng le ka dilo tse a di bopileng. (Bala Ditiro 14:​17.) Ka sekai, akanya ka tsela e a re bopileng ka yone. O re dirile re na le bokgoni jwa go bona mebala e e kgatlhang, go utlwa mmino o o itumedisang le go itumelela go ja dijo tse di monate. O batla gore re itumelele botshelo.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore Jehofa o dirisa eng go dira dilo tse di kgatlhang. Go tswa foo, o bone gore Jehofa o re bontsha jang botho jwa gagwe jo bo kgatlhang.

4. Moya o o boitshepo ke maatla a Modimo

Fela jaaka re dirisa diatla go bereka, Jehofa le ene o dirisa moya o o boitshepo. Baebele e tlhalosa gore moya o o boitshepo ga se motho mme ke maatla a Modimo a a dirisang go dira dilo. Bala Luke 11:​13 le Ditiro 2:​17, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Modimo o tla “tshololela moya” wa gagwe o o boitshepo mo go ba ba o kopang. Jaanong, a o akanya gore moya o o boitshepo ke motho kgotsa ke maatla a Modimo? Goreng o bua jalo?

Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go dira dilo tse di kgatlhang. Bala Pesalema 33:6 le 2 Petere 1:​20, 21, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jehofa o dirisitse moya wa gagwe o o boitshepo ka ditsela dife?

5. Jehofa o na le botho jo bo kgatlhang

Moshe e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, le fa go ntse jalo o ne a batla go itse Mmopi wa gagwe botoka. Ka jalo, o ne a raya Modimo a re: “Dira gore ke itse ditsela tsa gago, gore ke tle ke go itse.” (Ekesodo 33:​13) Jehofa o ne a araba Moshe ka go mmontsha dikarolo dingwe tsa botho jwa gagwe. Bala Ekesodo 34:​4-6, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Jehofa o ne a senolela Moshe dikarolo dife tsa botho jwa gagwe?

  • Ke karolo efe ya botho jwa ga Jehofa e o e ratang thata?

6. Jehofa o kgathalela batho

Batho ba Modimo e leng Baiseraele, e ne e le makgoba kwa Egepeto. Jehofa o ile a ikutlwa jang fa ba ne ba bogisiwa? Tshameka TERAMA YA MMALO WA BAEBELE lo bo lo tsamaisana le yone, kgotsa bala Ekesodo 3:1-10. Go tswa foo lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Pego eno e bontsha gore Jehofa o ikutlwa jang fa batho ba boga?​—Bona temana 7 le 8.

  • A o akanya gore Jehofa o batla go thusa batho le gore a ka kgona go dira jalo? Goreng o bua jalo?

7. Re ka ithuta ka Jehofa mo dilong tse a di bopileng

Dilo tse Jehofa a di bopileng di bontsha gore o na le botho jo bo ntseng jang. Tshameka BIDIO eno. Go tswa foo bala Baroma 1:​20, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • O bona dikarolo dife tsa botho jwa ga Jehofa mo dilong tse a di bopileng?

BATHO BANGWE BA RE: “Modimo ga se motho. Ke maatla a a nnang gongwe le gongwe fela.”

  • Wena o akanya eng?

  • Goreng o bua jalo?

O ITHUTILE ENG?

Ga re kgone go bona Jehofa. Le fa go ntse jalo, o na le botho jo bo kgatlhang, segolobogolo lorato.

Poeletso

  • Goreng re sa kgone go bona Jehofa?

  • Moya o o boitshepo ke eng?

  • Dikarolo dingwe tsa botho jwa ga Jehofa ke dife?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute mo go oketsegileng ka dikarolo tsa konokono tsa botho jwa ga Jehofa.

“Modimo o Ntse Jang?” (Tora ya Tebelo No. 1 2019)

Bona bosupi jwa gore Jehofa ga a gongwe le gongwe.

“A Modimo o Gongwe le Gongwe?” (Setlhogo se se mo website)

Bona gore ke eng fa Baebele e tshwantsha moya o o boitshepo le seatla sa Modimo.

“Moya o o Boitshepo ke Eng?” (Setlhogo se se mo website)

Monna mongwe yo o sa boneng o ne a sa kgone go dumela gore Modimo o a mo rata. Utlwa gore ke eng se se mo thusitseng go fetola mogopolo.

“Jaanong ke Kgona go Thusa Batho ba Bangwe” (Tora ya Tebelo, October 1, 2015)