Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 08

O ka Kgona go Nna Tsala ya ga Jehofa

O ka Kgona go Nna Tsala ya ga Jehofa

Jehofa o batla gore o mo itse. Goreng? O lebeletse gore fa o ntse o ithuta ka botho jwa gagwe, ka tsela e a tshwarang batho ka yone le ka se a batlang gore o se dire, o tla batla go nna tsala ya gagwe. A o a dumela gore o ka kgona go nna tsala ya Modimo? (Bala Pesalema 25:14.) Ke eng se o ka se dirang gore o nne tsala ya Modimo? Baebele e araba dipotso tseno e bile e tlhalosa gore ke eng fa go nna tsala ya ga Jehofa go le botlhokwa thata.

1. Jehofa o go laletsa gore o dire eng?

“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Seno se kaya eng? Jehofa o go laletsa gore o nne tsala ya gagwe. Batho bangwe ba ka bona go le thata go dumela gore ba ka kgona go nna ditsala tsa Modimo ka gonne ga ba mmone. Mme gone, mo Lefokong la gagwe e leng Baebele, Jehofa o re bolelela sengwe le sengwe se re tlhokang go se itse ka botho jwa gagwe e le gore re kgone go nna ditsala tsa gagwe. Fa re bala molaetsa o Modimo a re kwaletseng one mo Baebeleng, botsala jwa rona le ene bo a gola le fa gone re ise re ko re mmone.

2. Goreng Jehofa e le Tsala e e di gaisang tsotlhe e o ka nnang le yone?

Ga go na motho ope yo o go ratang go gaisa Jehofa. O batla gore o itumele e bile o batla gore o bue le ene nako nngwe le nngwe fela fa o tlhoka thuso. O ka kgona ‘go latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Ka metlha Jehofa o iketleeleditse go ema ditsala tsa gagwe nôkeng, go di gomotsa le go di reetsa.​—Bala Pesalema 94:18, 19.

3. Jehofa o batla gore re dire eng gore re nne ditsala tsa gagwe?

Jehofa o rata batho botlhe, “mme ke tsala e kgolo ya batho ba ba siameng.” (Diane 3:32) Jehofa o lebeletse gore ditsala tsa gagwe di leke go dira dilo tse a di tsayang di siame mme di se ka tsa dira dilo tse a di tsayang di le bosula. Batho bangwe ba akanya gore ga ba ka ke ba kgona go dira dilo tsotlhe tse Jehofa a batlang gore ba di dire e bile ba akanya gore ga ba ka ke ba kgona go tlogela dilo tse di bosula. Le fa go ntse jalo, Jehofa o kutlwelobotlhoko. O amogela mongwe le mongwe yo o mo ratang le yo o lekang ka natla go mo itumedisa.​—Pesalema 147:11; Ditiro 10:34, 35.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka nna jang tsala ya ga Jehofa le gore ke eng fa e le Tsala e e di gaisang tsotlhe e o ka nnang le yone.

4. Aborahame e ne e le tsala ya ga Jehofa

Pego ya Baebele e e buang ka Aborahame (yo gape a bidiwang Aberame) e re thusa go tlhaloganya gore go nna tsala ya Modimo go kaya eng. Bala ka Aborahame mo go Genesise 12:​1-4. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Jehofa o ne a kopa Aborahame gore a dire eng?

  • Jehofa o ne a mo solofetsa eng?

  • Aborahame o ne a dira eng?

5. Se Jehofa a se lebeletseng mo ditsaleng tsa gagwe

Gantsi re lebeletse gore ditsala tsa rona di dire dilo dingwe.

  • Ke dilo dife tse o ratang ditsala tsa gago di go direla tsone?

Bala 1 Johane 5:​3, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jehofa o lebeletse gore ditsala tsa gagwe di dire eng?

Re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola boitshwaro jwa rona kgotsa botho jwa rona gore re ikobele Jehofa. Bala Isaia 48:17, 18, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng Jehofa a lebeletse gore ditsala tsa gagwe di dire diphetogo?

Tsala e e siameng e re bolelela gore re dire dilo tse di ka re sireletsang le tse di ka re tswelang mosola. Jehofa o dira se se tshwanang ka ditsala tsa gagwe

6. Se Jehofa a se direlang ditsala tsa gagwe

Jehofa o thusa ditsala tsa gagwe gore di itshokele mathata. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Jehofa o ne a thusa jang mosadi yo o tlhagang mo bidiong eno gore a kgone go lwantsha maikutlo a a sa siamang?

Bala Isaia 41:10, 13, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng se Jehofa a solofetsang go se direla ditsala tsotlhe tsa gagwe?

  • A o akanya gore Jehofa a ka nna tsala e e molemo? Goreng o akanya jalo?

Ditsala tse di molemo di a go thusa fa o tlhoka thuso. Jehofa le ene o tla go thusa

7. Fa re batla go nna ditsala tsa ga Jehofa re tshwanetse go bua le ene le go mo reetsa

Fa ditsala di nna di buisana, seo se dira gore ba kgone go atamalana thata. Bala Pesalema 86:6, 11, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Re ka bua le Jehofa jang?

  • Jehofa o bua le rona jang?

Re bua le Jehofa ka thapelo; mme ene o bua le rona a dirisa Baebele

BATHO BANGWE BA RE: “Re ka se kgone go nna ditsala tsa Modimo.”

  • Ke temana efe e o ka e dirisang go bontsha motho gore re ka kgona go nna ditsala tsa Modimo?

O ITHUTILE ENG

Jehofa o batla go nna tsala ya gago, mme o tla go thusa gore o kgone go nna tsala ya gagwe.

Poeletso

  • Jehofa o thusa ditsala tsa gagwe jang?

  • Goreng Jehofa a lebeletse gore ditsala tsa gagwe di dire diphetogo?

  • A o akanya gore go nna tsala ya ga Jehofa go thata? Goreng o akanya jalo?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Go nna tsala ya Modimo go ka fetola botshelo jwa gago jang?

“Jehofa​—Modimo yo re Tshwanetseng go mo Itse” (Tora ya Tebelo, February 15, 2003)

Bona gore ke eng fa mosadi mongwe a dumela gore go nna tsala le Jehofa go tokafaditse botshelo jwa gagwe.

“Ke ne Ke sa Batle go Swa” (Tora ya Tebelo No. 1 2017)

Utlwa gore basha bangwe ba ikutlwa jang ka Jehofa.

Go Nna Tsala ya Modimo go Kaya Eng? (1:46)