Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 09

Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo

Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo

A o a tle o ikutlwe o tlhoka go kaelwa mo botshelong? A o na le dipotso dingwe tsa botlhokwa tse o batlang dikarabo tsa tsone? A o tlhoka go gomodiwa? A o batla go ikutlwa o atamalane thata le Jehofa? Thapelo e ka go thusa ka dilo tseno tsotlhe. Mme gone, ke tsela efe e e siameng ya go rapela? A Modimo o reetsa dithapelo tsa mongwe le mongwe? Ke eng se o ka se dirang gore o tlhatswege pelo gore Modimo o tla reetsa dithapelo tsa gago? Mma re bone.

1. Re tshwanetse go rapela mang, mme gone re tshwanetse go rapelela eng?

Jesu o ne a ruta gore re tshwanetse go rapela Rraagwe yo o kwa legodimong fela. Jesu le ene o ne a rapela Jehofa. O ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong . . . ’” (Mathaio 6:9) Fa re rapela Jehofa, re nonotsha botsala jwa rona le ene.

Re ka rapelela sengwe le sengwe fela. Mme gone, fa re batla gore Modimo a arabe dithapelo tsa rona, se re se rapelelang se tshwanetse go dumalana le thato ya gagwe. “Sepe fela se re se kopang go dumalana le thato ya [Modimo], o a re utlwa.” (1 Johane 5:​14) Jesu o ne a naya dikai tsa dilo tse re ka di rapelelang. (Bala Mathaio 6:​9-13.) Mo godimo ga go rapela ka dilo tse di re tshwenyang, ga re a tshwanela go lebala go leboga Modimo ka ntlha ya se a re diretseng sone, le go rapelela gore a thuse ba bangwe.

2. Re tshwanetse go rapela jang?

Baebele e re kgothaletsa gore ‘re bolelele Modimo se se mo dipelong tsa rona.’ (Pesalema 62:8) Ka jalo, dithapelo tsa rona di tshwanetse go tswa pelong. Re ka rapelela kwa godimo kgotsa mo pelong mme re ntse ka tsela epe fela e e bontshang gore re tlotla Jehofa. Re ka rapela nako nngwe le nngwe e bile re le mo lefelong lengwe le lengwe.

3. Modimo o araba dithapelo tsa rona jang?

O di araba ka ditsela tse di farologaneng. Jehofa o re neile Lefoko la gagwe e leng Baebele, mme re ka bona dikarabo tsa dipotso tse re ipotsang tsone mo go lone. Go bala Lefoko la Modimo go “tlhalefisa yo o se nang maitemogelo.” (Pesalema 19:7; bala Jakobe 1:5.) Jehofa o tla re thusa go nna le kagiso ya mogopolo fa re na le mathata. Gape a ka dirisa batlhanka ba gagwe go re thusa fa re tlhoka thuso.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore o ka rapela jang ka tsela e e tla itumedisang Modimo, le gore thapelo e ka go solegela molemo jang.

4. Go na le dilo tse Modimo a di lebeletseng gore a arabe dithapelo tsa rona

Ke dilo dife tse di dirang gore Modimo a reetse dithapelo tsa rona kgotsa a se ka a di reetsa? Tshameka BIDIO eno.

Jehofa o batla gore re bue le ene ka thapelo. Bala Pesalema 65:​2, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A o akanya gore “Moutlwi wa thapelo” o batla gore o bue le ene ka thapelo? Goreng o akanya jalo?

Fa re batla gore Modimo a reetse dithapelo tsa rona, re tshwanetse go leka go tshela go dumalana le melao ya gagwe. Bala Mika 3:4 le 1 Petere 3:​12, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Re ka tlhatswega pelo jang gore Modimo o tla reetsa dithapelo tsa rona?

Fa masole a dinaga tse pedi a ya ntweng, matlhakore a mabedi a ka rapelela go fenya. A go a utlwala gore re solofele gore Modimo o tla araba dithapelo tseno?

5. Re tshwanetse go rapela go tswa pelong

Batho bangwe ba rutilwe gore ba rapele thapelo e le nngwe gangwe le gape. Mme gone, a ke tsela e Modimo a batlang re mo rapela ka yone? Bala Mathaio 6:​7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O tshwanetse go dira eng gore “o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe” fa o rapela?

Letsatsi le letsatsi, akanya ka sengwe se sentle se o ka lebogang Jehofa ka sone. Dira seno letsatsi le letsatsi go fitlha beke e fela mme fa o dira jalo, o tla bo o rapetse ka dilo di le supa tse di sa tshwaneng mme o sa boaboeletsa dilo di le dingwe fela.

Rre o batla gore ngwana wa gagwe a mmolelele gore o ikutlwa jang. Jehofa le ene o batla gore re mmolelele gore re ikutlwa jang fa re rapela

6. Thapelo ke mpho e e tswang kwa Modimong

Thapelo e ka re naya maatla jang fa re itumetse le fa re sa itumela? Tshameka BIDIO eno.

Baebele e re solofetsa gore go rapela go tla re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo. Bala Bafilipi 4:​6, 7, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Thapelo e ka re thusa jang le fa gone e ka se fedise mathata a rona ka dinako tsotlhe?

  • O ka rata go rapelela eng?

A o ne o itse?

Lefoko “amen” le kaya “a go nne jalo” kgotsa “a go diragale.” Ka nako ya ditiragalo tsa Baebele, lefoko “amen” le ne le buiwa kwa bofelong jwa thapelo.​—1 Ditiragalo 16:36.

7. Iphe nako ya go rapela

Ka dinako tse dingwe re nna re tshwaregile thata mo re ka lebalang go rapela. Jesu o ne a tsaya go rapela go le botlhokwa go le kana kang? Bala Mathaio 14:​23 le Mareko 1:​35, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Jesu o ne a dira eng gore a nne le nako ya go rapela?

  • O ka bona nako ya go rapela leng?

BATHO BANGWE BA RE: “Go rapela ke go senya nako fela ka gonne ga go na ope yo o reeditseng.”

  • Wena o a reng?

O ITHUTILE ENG?

Go rapela go tswa pelong go dira gore re atamalane le Modimo, go dira gore re nne le kagiso ya mogopolo e bile go re naya maatla a re a tlhokang gore re itumedise Jehofa.

Poeletso

  • Re tshwanetse go rapela mang?

  • Re tshwanetse go rapela jang?

  • Go rapela go re thusa ka ditsela dife?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona dikarabo tsa dipotso tse gantsi batho ba ipotsang tsone ka thapelo.

“Dilo di le Supa Tse o Tshwanetseng go di Itse ka Thapelo” (Tora ya Tebelo, October 1, 2010)

Ithute gore ke eng fa o tshwanetse go rapela le gore o ka tokafatsa jang dithapelo tsa gago.

“Goreng ke Tshwanetse go Rapela?” (Setlhogo se se mo website)

Ithute gore Baebele e a re re tshwanetse go rapela mang.

“A ke Tshwanetse go Rapela Baitshepi?” (Setlhogo se se mo website)

Mo bidiong eno ya mmino, ela tlhoko gore a go botlhokwa gore o rapela o le kae kgotsa o rapela leng.

Rapela ka Metlha (1:22)