Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 16

Jesu O ne A Dira Eng Fa a Ne a Le mo Lefatsheng?

Jesu O ne A Dira Eng Fa a Ne a Le mo Lefatsheng?

Batho ba le bantsi ba akanya gore Jesu ke ngwana, moporofeti yo o botlhale kgotsa monna yo o tlogang a swa. Mme gone, a re ka kgona go ithuta ka ene ka go tlhatlhoba botshelo jwa gagwe fa a ne a le mo lefatsheng? Mo thutong eno, re tla ithuta ka dilo tse di botlhokwa tse Jesu a neng a di dira le kafa di ka go thusang ka gone.

1. Tiro ya botlhokwa e Jesu a neng a e dira e ne e le efe?

Tiro ya botlhokwa ya ga Jesu e ne e le go “rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.” (Bala Luke 4:​43.) O ne a rera dikgang tse di molemo tsa gore Modimo o tla tlhoma bogosi kgotsa puso e e neng e tla rarabolola mathata otlhe a batho ba nang le one. a Jesu o feditse dingwaga di le tharo le halofo a bolelela batho molaetsa ono o o kgothatsang.​—Mathaio 9:35.

2. Ke ka ntlha ya eng fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso?

Baebele e tlhalosa “ditiro tse di maatla le dikgakgamatso le ditshupo tse Modimo a neng a di dira ka [Jesu].” (Ditiro 2:​22) Modimo o ne a naya Jesu maatla a go laola maemo a bosa, go fepa batho, go fodisa ba ba lwalang le go tsosa batho ba ba suleng. (Mathaio 8:​23-27; 14:​15-21; Mareko 6:​56; Luke 7:​11-17) Dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di ne di bontsha gore o ne a romilwe ke Modimo. Gape di ne di bontsha gore Jehofa o na le maatla a go rarabolola mathata otlhe a re nang le one.

3. Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshela ka yone?

Jesu o ne a ikobela Jehofa mo maemong otlhe. (Bala Johane 8:​29.) O ne a dira sengwe le sengwe se Rraagwe a neng a mo kopa gore a se dire. O dirile seno botshelo jwa gagwe jotlhe le fa gone batho ba ne ba batla go mo thibela. O bontshitse gore batho ba ka kgona go direla Modimo le fa ba lebana le maemo a a thata. Ka go dira jalo, o ne a re “tlhomela sekao gore [re] se latele gaufiufi.”​—1 Petere 2:​21.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore Jesu o ile a ruta batho jang dikgang tse di molemo le go dira dikgakgamatso.

4. Jesu o ne a ruta batho dikgang tse di molemo

Jesu o ne a tsamaya sekgala se seleele a rerela batho ba le bantsi dikgang tse di molemo ka mo go ka kgonegang ka gone. Bala Luke 8:​1, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A Jesu o ne a rerela batho ba ba neng ba tla go mo reetsa fela?

  • Jesu o ne a dira maiteko afe gore a kgone go rerela batho?

Modimo o ne a bolelela pele gore Mesia o ne a tla rerela batho dikgang tse di molemo. Bala Isaia 61:​1, 2, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Jesu o ile a diragatsa jang boporofeti jono?

  • A o akanya gore gompieno batho ba tlhoka go utlwa dikgang tseno tse di molemo?

5. Jesu o ne a ruta dithuto tse di botlhokwa

Jesu o ne a sa rute fela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo, gape o ne a ruta dithuto tse di mosola. Bona dingwe tsa dithuto tseo mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. Bala Mathaio 6:​14, 34 le 7:12, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke kgakololo efe e Jesu a ileng a e bua mo ditemaneng tseno?

  • A o akanya gore kgakololo eno e sa ntse e ka re thusa le gompieno?

6. Jesu o ne a dira dikgakgamatso

Jehofa o neile Jesu maatla a gore a dire dikgakgamatso. Go bona sekai, bala Mareko 5:​25-​34 kgotsa tshameka BIDIO eno. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, mosadi yo o neng a lwala o ne a dumela eng?

  • Ke eng se o se ratang ka kgakgamatso eno?

Bala Johane 5:​36, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di re ruta eng?

A o ne o itse?

Dilo tse dintsi tse re di itseng ka Jesu di tswa mo dibukeng tse nnê tse di bidiwang Diefangele. Dibuka tseno ke Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Mokwadi mongwe le mongwe o tlhalosa dintlha tse di sa tshwaneng ka Jesu. Fa re bala dibuka tseno tsotlhe, re ithuta ka botshelo jo a neng a bo tshela.

  • MATHAIO

    o ne a kwala buka ya ntlha ya Diefangele. E bua thata ka dithuto tse Jesu a neng a di ruta, segolobogolo tse di buang ka Bogosi Jwa Modimo.

  • MAREKO

    o ne a kwala Efangele e khutshwane go di gaisa. E bua ka ditiragalo di le dintsi tse di kgatlhang.

  • LUKE

    e re bolelela gore Jesu o ne a tsaya thapelo e le botlhokwa le gore o ne a tshwara basadi jang.

  • JOHANE

    e re bolelela dilo tse dintsi tse Jesu a neng a di bua le ditsala tsa gagwe le batho ba bangwe. Seno se re thusa go bona gore Jesu e ne e le motho yo o ntseng jang.

BATHO BANGWE BA RE: “Jesu e ne le monna yo o siameng mme e ne e se Mesia.”

  • Wena o akanya eng?

O ITHUTILE ENG?

Jesu o ne a rera ka Bogosi Jwa Modimo, a dira dikgakgamatso e bile a ikobela Jehofa mo maemong otlhe.

Poeletso

  • Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a dira tiro efe e e botlhokwa?

  • Dikgakgamatso tsa ga Jesu di re ruta eng?

  • Jesu o ne a ruta dilo dife tse di ka re thusang?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke eng se Jesu a neng a bua thata ka sone fa a ne a rerela batho?

“Bogosi Jwa Modimo​—Se bo Se Kayang mo go Jesu” (Tora ya Tebelo, October 1, 2014)

Bona gore ke eng fa re ka dumela gore dikgakgamatso tse Jesu a di dirileng di diragetse.

“Dikgakgamatso Tsa ga Jesu​—O ka Ithuta Eng mo go Tsone?” (Tora ya Tebelo, July 15, 2004)

Bona gore monna mongwe o ile a fetola botshelo jwa gagwe jang fa a sena go ithuta gore Jesu o kgathalela batho.

“Ke ne Ke Ikakanyetsa ke le Nosi” (Tora ya Tebelo, October 1, 2014)

a Thuto 31-​33 di tla tlotla mo go oketsegileng ka Bogosi Jwa Modimo.