Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 18

O ka Lemoga Jang Bakeresete ba Boammaaruri

O ka Lemoga Jang Bakeresete ba Boammaaruri

Batho ba le bantsi ba re ke Bakeresete. Mme ga ba dumele dilo di le dingwe e bile ga ba tshele ka melao e e tshwanang. Ka jalo, re ka lemoga jang Bakeresete ba boammaaruri?

1. Mokeresete ke eng?

Bakeresete ke barutwa kgotsa balatedi ba ga Jesu Keresete. (Bala Ditiro 11:​26.) Ba bontsha jang gore ke barutwa ba ga Jesu? Jesu o ne a re: “Fa lo ikobela mafoko a me ka metlha, ruri lo barutwa ba me.” (Johane 8:​31) Seno se raya gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ikobela dithuto tsa ga Jesu. Ka metlha o ne a ruta se Baebele e se buang. Balatedi ba gagwe le bone ba dira se se tshwanang.​—Bala Luke 24:27.

2. Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha jang gore ba a ratana?

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lo ratane fela jaaka ke lo ratile.” (Johane 15:​12) O ile a bontsha jang gore o rata barutwa ba gagwe? O ne a fetsa nako le bone, a ba kgothatsa e bile a ba thusa. O ile a bo a ba swela. (1 Johane 3:​16) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba boammaaruri ga ba bue fela ka lorato. Ba bontsha ka se ba se buang le se ba se dirang gore ba a ratana.

3. Bakeresete ba boammaaruri ba dira tiro efe?

Jesu o neile barutwa ba gagwe tiro. “O ne a ba romela gore ba ye go rera ka Bogosi Jwa Modimo.” (Luke 9:2) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa rere fela kwa mafelong a bone a kobamelo, mme gape ba ne ba rera kwa mafelong a mangwe le kwa magaeng a batho. (Bala Ditiro 5:​42; 17:​17.) Le gompieno, Bakeresete ba boammaaruri ba rera boammaaruri jo bo mo Baebeleng gongwe le gongwe kwa batho ba leng gone. E re ka ba rata batho ba bangwe, ba itumelela go dirisa nako ya bone le maatla a bone go ba bolelela molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo le kgomotso.​—Mareko 12:​31.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore Bakeresetse ba boammaaruri ba farologana jang le batho ba ba sa lateleng dithuto tsa ga Jesu le sekao sa gagwe.

4. Ba batla go tlhaloganya se Baebele e se rutang

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya Lefoko la Modimo le le botlhokwa, ba rerela batho ba bangwe e bile ba ratana

Batho bangwe ba ba reng ke Bakeresete ga ba bone go le botlhokwa go tlhaloganya se Baebele e se rutang kgotsa go se dirisa. Tshameka BIDIO eno, go tswa foo lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Dikereke tse di reng ke tsa Bokeresete di thibetse batho jang gore ba se ka ba ithuta dithuto tsa ga Jesu?

Jesu o ne a ruta dithuto tsa boammaaruri tse di tswang mo Lefokong la Modimo. Bala Johane 18:​37, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jesu a re re ka lemoga jang Bakeresete ba ba “mo letlhakoreng la boammaaruri”?

5. Ba rera se Baebele e se rutang

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya Lefoko la Modimo le le botlhokwa, ba rerela batho ba bangwe e bile ba ratana

Pele Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a naya balatedi ba gagwe tiro e e sa ntseng e tsweletse pele le gone jaanong. Bala Mathaio 28:​19, 20 le Ditiro 1:​8, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Tiro ya go rera e ne e tla fitlha bokgakaleng jo bo kana kang?

6. Ba tshela go dumalana le se ba se rerang

Ke eng se se tlhatswitseng Tom pelo gore o bone bodumedi jwa boammaaruri? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, ke eng se se swabisitseng Tom ka bodumedi?

  • Ke eng se se mo tlhatswitseng pelo gore o bone batho ba tota e leng balatedi ba ga Jesu?

Se o se dirang se botlhokwa thata go feta se o se buang. Bala Mathaio 7:​21, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Jesu a re ke eng se se botlhokwa​—se re reng re a se dumela kgotsa se re se bontshang ka ditiro?

7. Ba a ratana

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya Lefoko la Modimo le le botlhokwa, ba rerela batho ba bangwe e bile ba ratana

A tota Bakeresetse ba kile ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba sireletse Bakeresete ba bangwe? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Mo bidiong eno, ke eng se se dirileng gore Lloyd a tsenye botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse Mokaulengwe Johansson?

  • A o akanya gore se a ileng a se dira se bontsha gore ke Mokeresete wa boammaaruri?

Bala Johane 13:​34, 35, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla tshwara jang batho ba ba tswang mo ditsong kgotsa mo ditšhabeng tse dingwe?

  • Ba ne ba tla dira jang fa go na le ntwa?

BATHO BANGWE BA RE: “Bakeresete ba dirile dilo tse di bosula, ka jalo ga go ka ke ga nna le bodumedi jwa boammaaruri.”

  • O ka balela motho temana efe e e bontshang gore re ka bona jang Bakeresete ba boammaaruri?

O ITHUTILE ENG?

Bakeresete ba boammaaruri ba ikobela se Baebele e se buang, ba rata ba bangwe e bile ba ruta se Baebele e se rutang.

Poeletso

  • Dilo tse Bakeresete ba boammaaruri ba di dumelang di tswa kae?

  • Ke eng se se tlhaolang Bakere- sete ba boammaaruri?

  • Bakeresete ba boammaaruri ba dira tiro efe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute ka setlhopha sa batho ba ba lekang ka natla go etsa sekao sa ga Jesu Keresete le go latela dithuto tsa gagwe.

Basupi ba ga Jehofa ke Bomang? (1:13)

Bona gore ke eng se se dirileng gore moitlami wa Mokatoloki a bone ‘lelapa la baobamedi ba boammaaruri.’

“Ba Dirisitse Baebele go Araba Potso Nngwe le Nngwe!” (Tora ya Tebelo, April 1, 2014)

Bona gore Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha jang gore ba rata Bakeresete ba bangwe ba ba tlhokang thuso.

Go Thusa Bakaulengwe ba Rona fa ba Wetswe ke Masetlapelo​—Bidio e e Khutswafaditsweng (3:57)

Bona gore balatedi ba ga Jesu ba gompieno ba dira eng se Bakeresete ba bogologolo ba neng ba se dira, se Jesu a ileng a re se tla tlhaola balatedi ba gagwe.

“Matshwao a Bokeresete Jwa Boammaaruri ke Afe?” (Tora ya Tebelo, March 1, 2012)