Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 19

A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba Boammaaruri?

A Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba Boammaaruri?

Re Bakeresete ba boammaaruri. Goreng re rialo? Ithute gore dilo tse re di dumelang di tswa kae, ithute ka leina le re bidiwang ka lone le ka tsela e re ratanang ka yone.

1. Dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang di tswa kae?

Jesu o ne a re: “Mafoko a [Modimo] a boammaaruri.” (Johane 17:17) Fela jaaka Jesu, sengwe le sengwe se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang se tswa mo Lefokong la Modimo. Ithute ka hisitori ya Basupi ba ga Jehofa ba mo motlheng wa rona. Ka bo1870, setlhopha sa batho ba tota ba neng ba batla go itse Modimo se ne sa simolola go ithuta Baebele mmogo gore ba bone gore e ruta eng. Sengwe le sengwe se ba neng ba se dumela se ne se tswa mo Baebeleng, tota le fa dikereke di ne di bua se se farologaneng. Go tswa foo, ba ne ba simolola go bolelela batho se ba se ithutileng mo Baebeleng. a

2. Ke eng fa re ipitsa Basupi ba ga Jehofa?

Jehofa o bitsa batho ba ba mo obamelang a re ke basupi ba gagwe ka gore ba bolelela batho boammaaruri ka ene. (Bahebera 11:4–12:1) Ka sekai, Modimo o ne a raya batho ba gagwe ba bogologolo a re: “Lo basupi ba me.” (Bala Isaia 43:10.) Jesu o bidiwa, “Mosupi yo o Ikanyegang.” (Tshenolo 1:5) Ka ntlha ya seno, ka 1931 re ne ra simolola go bidiwa Basupi ba ga Jehofa. Re itumelela go bidiwa ka leina leno.

3. Basupi ba ga Jehofa ba etsa Jesu jang ka go rata ba bangwe?

Jesu o ne a rata barutwa ba gagwe thata mo a neng a ba tsaya e le ba lelapa la ga bone. (Bala Mareko 3:35.) Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ke bana ba motho. Ke sone se re bitsanang bakaulengwe le bokgaitsadi. (Filemone 1, 2) Gape re ikobela taelo e e reng: “Ratang bakaulengwe botlhe.” (1 Petere 2:17) Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba bontsha ka ditsela tse di farologaneng gore ba a ratana, ka sekai fa Basupi ba bangwe ba tlhoka thuso ba a ba thusa.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute mo go oketsegileng ka hisitori ya Basupi ba ga Jehofa, mme o bone bosupi jo bongwe jwa gore re Bakeresete ba boammaaruri.

Bakeresete ba boammaaruri ba dumela se Baebele e se buang e bile ba se bolelela ba bangwe

4. Sengwe le sengwe se re se dumelang se tswa mo Baebeleng

Jehofa o ne a bolelela pele gore tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone e ne e tla nna e tokafala. Bala Daniele 12:4 le ntlha e e kwa tlase ya bobedi, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng se se neng se tla oketsega mo bathong ba Modimo fa ba ntse ba tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko?

Bona gore setlhopha sa baithuti ba Baebele go akaretsa le Charles Russell, ba ne ba ithuta Lefoko la Modimo jang. Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, Charles Russell le baithuti ba bangwe ba Baebele ba ne ba ithuta Baebele jang?

A o ne o itse?

Ka dinako tse dingwe, re ne ra tshwanelwa ke go tokafatsa se re se dumelang. Goreng? Fa letsatsi le tlhaba le nna le senola se se mo tikologong ka iketlo, ka tsela e e tshwanang Modimo le ene o re thusa go tlhaloganya Lefoko la gagwe ka iketlo. (Bala Diane 4:18.) Baebele ga e fetoge mme fa re ntse re e tlhaloganya botoka, re tokafatsa se re se rutang.

5. Re tshelela leina la rona

Goreng re ile ra simolola go bidiwa Basupi ba ga Jehofa? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Goreng go tshwanela go bo re bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

Goreng Jehofa a tlhophile batho gore e nne Basupi ba gagwe? Ka gonne ba tla mo supela gore ke Modimo wa boammaaruri e re ka go builwe maaka a le mantsi ka ene. Bona maaka a mabedi a a builweng ka ene.

Dikereke tse dingwe di ruta batho gore Modimo o batla gore batho ba mo obamele ba dirisa ditshwantsho. Bala Lefitiko 26:1, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Temana eno e re ruta ntlha efe ya boammaaruri? Modimo o ikutlwa jang ka ditshwantsho?

Baeteledipele bangwe ba dikereke ba ruta batho gore Jesu ke Modimo. Bala Johane 20:17, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Temana eno e re ruta ntlha efe ya boammaaruri? A Modimo le Jesu ke motho a le mongwe?

  • Go itse gore Jehofa o ile a romela Basupi ba gagwe gore ba rere boammaaruri ka ga gagwe le ka Morwawe, go dira gore o ikutlwe jang?

6. Re a ratana

Baebele e a re Bakeresete ba tshwanetse go dirisana fela jaaka dikarolo tsa mmele di dirisana. Bala 1 Bakorintha 12:25, 26, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go dira eng fa Bakeresete ba bangwe ba na le mathata?

  • Ke eng se o se lemogileng ka tsela e Basupi ba ga Jehofa ba ratanang ka yone?

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang mo lefelong lengwe ba welwa ke mathata, Basupi ba bangwe ba ba mo lefatsheng lotlhe ba leka go ba thusa ka bonako. Go bona sekai, tshameka BIDIO eno. Go tswa foo, tlotlang ka potso e e latelang.

  • Tsela e Basupi ba thusanang ka yone ka dinako tsa mathata e bontsha jang gore ba a ratana?

Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha ba bangwe gore ba a ba rata ka go ba thusa

BATHO BANGWE BA RE: “Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jwa bosheng.”

  • Jehofa o simolotse leng go bitsa baobamedi ba gagwe a re ke Basupi ba gagwe?

O ITHUTILE ENG?

Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri. Ke lelapa la batho ba ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe e bile sengwe le sengwe se ba se dumelang se tswa mo Baebeleng, gape ba itsise boammaaruri ka Jehofa.

Poeletso

  • Goreng re bidiwa Basupi ba ga Jehofa?

  • Re dirisana jang?

  • A o akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke Bakeresete ba boammaaruri?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona sekai sa kafa Basupi ba ga Jehofa ba senotseng dithuto tse di seng boammaaruri ka gone.

Batho ba Modimo ba Galaletsa Leina la Gagwe (7:08)

Bona dikarabo tsa dipotso tse o ka tswang o na le tsone ka Basupi ba ga Jehofa.

“Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang ka Basupi ba ga Jehofa” (mo jw.org)

Stephen o ne a sa rate batho ba ditso tse dingwe mme seo se ne se dira gore a ba tlhasele. Bona gore ke eng se se dirileng gore a fetoge fa a sena go kopana le Basupi ba ga Jehofa.

“Botshelo Jwa Me bo Ne bo Nna Maswe le go Feta” (Tora ya Tebelo, July 1, 2015)

a Go simologa ka 1879 batho ba ga Jehofa ba ntse ba gatisa makasine wa Tora ya Tebelo gore ba tlhalose se Baebele e se buang.