Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 24

Baengele ke Bomang Mme Tiro ya Bone ke Eng?

Baengele ke Bomang Mme Tiro ya Bone ke Eng?

Jehofa o batla gore re ithute ka lelapa la gagwe le le kwa legodimong. Lelapa leo le akaretsa baengele, ba ba bidiwang “bomorwa Modimo.” (Jobe 38:7) Ke eng se Baebele e se buang ka baengele? Ba tlhotlheletsa batho jang? Mme gone, a baengele botlhe ke karolo ya lelapa la Modimo?

1. Baengele ke bomang?

Jehofa o ne a bopa baengele pele ga a bopa lefatshe. Fela jaaka re sa kgone go mmona, le bone ga re kgone go ba bona ka gonne ba nna kwa legodimong. (Bahebera 1:14) Go na le baengele ba le dimilione tse dintsi, e bile ba na le botho jo bo sa tshwaneng. (Tshenolo 5:11) Ba ‘diragatsa lefoko la ga Jehofa, ba ikobela lentswe la gagwe.’ (Pesalema 103:20) Bogologolo, Jehofa o ne a tle a rome baengele gore ba ise melaetsa kwa bathong ba gagwe, ba ba thuse le go ba golola. Gompieno, baengele ba kaela Bakeresete kwa bathong ba ba batlang go ithuta ka Modimo.

2. Satane le madimona a gagwe ke bomang?

Baengele bangwe ga ba a ka ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa. Moengele wa ntlha yo o ileng a tlhanoga ke ‘yo o bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe.’ (Tshenolo 12:9) Satane o ne a batla go laola ba bangwe, ka jalo o ne a tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba se ka ba ikobela Jehofa, mme moragonyana baengele ba bangwe le bone ba ne ba se ka ba ikobela Jehofa. Baengele bao ba ba sa ikanyegeng ba bidiwa madimona. Jehofa o ne a laela gore ba lelekwe kwa legodimong ba latlhelwe mo lefatsheng, mme ba tlile go senngwa.—Bala Tshenolo 12:9, 12.

3. Satane le madimona ba leka jang go re tsietsa?

Satane le madimona a gagwe ba tsietsa batho ba le bantsi ka go dira gore ba dirise bodimona, e leng mokgwa o o sa siamang wa go leka go bua le meya ya batho ba ba suleng. Ka sekai, batho bangwe ba ya go kopa thuso kwa balepadinaleding, kwa bathong ba ba bolelelang ditiragalo pele, kwa bathong ba ba dirisang dikarata, dinomoro le mela ya seatla go bolelela bokamoso pele le kwa dingakeng tsa setso. Ba bangwe ba batla dikalafi tse di amanang le bodimona. Gape batho ba wela mo seraing sa go dumela gore ba ka kgona go bua le batho ba ba suleng. Mme gone, Jehofa o re tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa ya kwa go ba ba buang le badimo e bile lo se ka lwa kopa kgakololo mo go ba ba bolelelang ditiragalo pele.” (Lefitiko 19:31) O re tlhagisa jaana ka gonne a batla go re sireletsa gore Satane le madimona a gagwe ba se ka ba re tsietsa. Ke baba ba Modimo, e bile ba batla go re utlwisa botlhoko.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute dilo tse di molemo tse baengele ba di dirang, dikotsi tsa go dirisa bodimona, le gore re ka itshireletsa jang gore Satane le madimona a gagwe ba se ka ba re tsietsa.

4. Baengele ba thusa batho gore ba ithute ka Jehofa

Baengele ba Modimo ga ba rerele batho ka tlhamalalo. Go na le moo, ba ka nna ba kaela batlhanka ba Modimo kwa bathong ba ba batlang go ithuta ka ene. Bala Tshenolo 14:6, 7, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Goreng re tlhoka thuso ya baengele gore re kgone go rera?

  • A go itse gore baengele ba ka kgona go go kaela kwa bathong ba ba batlang go ithuta Baebele go a go kgothatsa? Goreng o rialo?

5. O se ka wa dirisa bodimona

Satane le madimona ke baba ba ga Jehofa. Le rona ke baba ba rona. Bala Luke 9:38-42, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng se madimona a se dirang batho?

Ga re batle go letla madimona gore a re dirise. Bala Duteronome 18:10-12, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Madimona a batla go re dirisa le go bua le rona ka ditsela dife? Ke mekgwa efe e e umakilweng mo ditemaneng tseno e e tlwaelegileng mo lefelong la lona?

  • A o akanya gore go siame go bo Jehofa a re thibela go dirisa bodimona? Goreng o rialo?

Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • A o akanya gore sebaga se ngwana wa ga Tumi a neng a se rwele se ne se le kotsi? Goreng o akanya jalo?

  • Tumi o ne a tlhoka go dira eng go itshireletsa gore a se ka a tlhaselwa ke madimona?

Bakeresete ba boammaaruri ga ba bolo go nna ba ganetsa Diabolo. Bala Ditiro 19:19 le 1 Bakorintha 10:21, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng fa go le botlhokwa gore o senye sengwe le sengwe se se amanang le bodimona?

6. O ka kgona go fenya Satane le madimona a gagwe

Madimona a laolwa ke Satane. Mme baengele ba ba ikanyegang bone ba kaelwa ke moengele yo mogolo e bong Mikaele, e leng leina le lengwe la ga Jesu. Mikaele o maatla go le kana kang? Bala Tshenolo 12:7-9, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke mang yo o maatla thata, Mikaele le baengele ba gagwe kgotsa Satane le madimona a gagwe?

  • A o akanya gore balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go boifa Satane le madimona a gagwe?

O ka kgona go fenya Satane le madimona a gagwe. Bala Jakobe 4:7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ka itshireletsa jang gore Satane le madimona a gagwe ba se ka ba go tlhasela?

BATHO BANGWE BA RE: “Ga go phoso go tshameka metshameko kgotsa go lebelela difilimi tse di nang le bodimona. Ke go itlosa bodutu fela.”

  • Goreng go akanya jalo go le kotsi?

O ITHUTILE ENG?

Baengele ba ba ikanyegang ba a re thusa. Satane le madimona a gagwe ke baba ba ga Jehofa, e bile ba tsietsa batho ka go dira gore ba dirise bodimona.

Poeletso

  • Baengele ba ga Jehofa ba thusa batho jang gore ba ithute ka ene?

  • Satane le madimona a gagwe ke bomang?

  • Goreng o sa tshwanela go dirisa bodimona?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore ke eng fa re dumela gore Jesu ke ene Mikaele, moengele yo mogolo.

“Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?” (Setlhogo se se mo website)

Bona bosupi jo bo bontshang gore Diabolo ke sebopiwa sa mmatota.

“A Tota Diabolo o Teng?” (Setlhogo se se mo website)

Utlwa gore ke eng se mosadi mongwe a ileng a se dira gore a se ka a tlhola a dirisa bodimona.

“O ne A Bona Boikaelelo mo Botshelong” (Tora ya Tebelo, July 1, 1993)