Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 26

Goreng go Direga Dilo Tse di Bosula e Bile Batho ba Boga?

Goreng go Direga Dilo Tse di Bosula e Bile Batho ba Boga?

Fa sengwe se se bosula se direga, ka tlwaelo fela re ipotsa gore, “Ke eng fa selo seno se direga?” Re itumelela gore Baebele e na le karabo ya potso eno.

1. Satane o ile a dira eng gore dilo tse di bosula di simolole go direga mo lefatsheng?

Satane Diabolo o ile a tlhanogela Modimo. Satane o ne a batla go laola ba bangwe, ka jalo o ne a tlhotlheletsa batho ba ntlha, e bong Adame le Efa, gore le bone ba tlhanogele Modimo. O ne a dira seo ka go bolelela Efa maaka. (Genesise 3:1-5) O ile a dira gore Efa a akanye gore Jehofa o mo tima sengwe se se molemo. Tota o ne a re batho ba ka kgona go itumela le fa ba sa ikobele Modimo. Satane o ne a bua maaka a ntlha fa a raya Efa a re ga a kitla a swa. Ke gone ka moo Baebele e bitsang Satane e re “ke moaki e bile ke rramaaka.”Johane 8:44.

2. Adame le Efa ba ile ba tlhopha go dira eng?

Jehofa o ne a neile Adame le Efa sengwe le sengwe. O ne a ba reile a re ba ka nna ba ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana ya Edene mme ba se ka ba ja mo setlhareng se le sengwe fela. (Genesise 2:15-17) Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhopha go ja leungo la setlhare seo. Efa “o ne a tsaya leungo la sone mme a le ja.” Morago ga moo, Adame ‘le ene o ne a le ja.’ (Genesise 3:6) Fa ba ne ba dira jalo, ba ne ba tlola taelo ya Modimo. E re ka Adame le Efa ba ne ba itekanetse, go ne go le motlhofo mo go bone gore ba dire se se siameng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tlhopha go se ikobele Modimo. Ka jalo, ba ne ba leofa e bile ba ne ba bontsha gore ga ba batle go busiwa ke Modimo. Tshwetso eo e ba neng ba e dira e ne ya dira gore ba boge.—Genesise 3:16-19.

3. Tshwetso ya ga Adame le Efa e ne ya re ama jang?

Fa Adame le Efa ba sena go leofa, ga ba a ka ba tlhola ba itekanetse, ka jalo ba ne ba fetisetsa bosaitekanelang joo mo baneng botlhe ba bone. Baebele e bua jaana ka Adame: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe, mme boleo bo ne jwa tlisa loso. Ka jalo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe.”Baroma 5:12.

Go na le dilo tse di farologaneng tse di dirang gore re boge. Ka dinako tse dingwe re boga ka ntlha ya ditshwetso tse di sa siamang tse re di dirang. Ka dinako tse dingwe re boga ka ntlha ya ditshwetso tse di sa siamang tse batho ba bangwe ba di dirang. Mme ka dinako tse dingwe re boga ka ntlha ya dilo tse di diragalang re sa di lebelela.—Bala Moreri 9:11.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa re sa tshwanela go pega Modimo molato ka ntlha ya go bo go tletse bosula mo lefatsheng e bile batho ba boga, le gore Modimo o ikutlwa jang fa re boga.

4. Ke mang yo o dirang gore re boge?

Batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo ke ene a busang lefatshe. A seo ke boammaaruri? Tshameka BIDIO eno.

Bala Jakobe 1:13 le 1 Johane 5:19, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • A ke molato wa Modimo go bo re boga e bile go tletse bosula?

5. Bona ditlamorago tsa puso ya ga Satane

Bala Genesise 3:1-6, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Satane o ne a bua maaka afe?—Bona temana 4 le 5.

  • Satane o ne a dira jang gore go lebege e kete Jehofa o tima batho sengwe se se molemo?

  • Go ya ka Satane, a batho ba tlhoka go busiwa ke Jehofa gore ba itumele?

Bala Moreri 8:9, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Go diragetse eng mo nakong yotlhe e Jehofa a ntseng a sa buse batho?

  1. Adame le Efa ba ne ba itekanetse e bile ba nna mo Paradaiseng. Le fa go ntse jalo, ba ile ba reetsa Satane mme ba tlhanogela Jehofa

  2. Fa ba sena go tlhanogela Jehofa, go ne ga nna le boleo, go boga le loso mo lefatsheng

  3. Jehofa o tla fedisa boleo, go boga le loso. Batho ba tla boa ba itekanela ba bo ba tshela mo Paradaiseng

6. Jehofa o a kgathala fa re boga

A Modimo o a kgathala fa re boga? Ela tlhoko se Kgosi Dafide le moaposetoloi Petere ba ileng ba se kwala. Bala Pesalema 31:7 le 1 Petere 5:7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Go itse gore Jehofa o a kgathala fa re boga go dira gore o ikutlwe jang?

7. Modimo o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re bogisang

Bala Isaia 65:17 le Tshenolo 21:3, 4, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke eng fa go gomotsa go itse gore Jehofa o tlile go fedisa ditlamorago tsotlhe tse di bakilweng ke bosula jo batho ba lebanang le jone?

A o ne o itse?

Fa Satane a ne a bua maaka a ntlha, o ne a senya Jehofa leina. Ka mafoko a mangwe, o ne a dira gore batho ba akanye gore Jehofa ga a buse sentle e bile ga a lorato. Go ise go ye kae, Jehofa o tla itlhatswa leina fa a fedisa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge. Seo se raya gore o tla itshupa gore ke ene fela a kgonang go busa batho sentle. Go itshepisiwa ga leina la Modimo ke kgang ya botlhokwa thata mo lobopong lotlhe.—Mathaio 6:9, 10.

BATHO BANGWE BA RE: “Modimo o ne a ntse a ikaeletse gore batho ba boge.”

  • O ka mo raya o reng?

O ITHUTILE ENG?

Bontsi jwa bosula jo bo tletseng mo lefatsheng bo bakilwe ke Satane Diabolo le batho ba ntlha ba babedi. Jehofa o a kgathala fa re boga, e bile go ise go ye kae, o tla fedisa dilo tsotlhe tse di re bogisang.

Poeletso

  • Satane Diabolo o ne a bolelela Efa maaka afe?

  • Go sa ikanyegeng ga ga Adame le Efa go ne ga re ama jang?

  • Re itse jang gore Jehofa o a kgathala fa re boga?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore Baebele e tlhalosa boleo jang.

“Boleo ke Eng?” (Setlhogo se se mo website)

Bala mo go oketsegileng ka kgang e Satane Diabolo a ileng a e tsosa kwa tshimong ya Edene.

“Ke Eng fa Modimo a Letleletse Pogo?” (Tora ya Tebelo, January 1, 2014)

Utlwa se monna mongwe a ileng a se ithuta ka lebaka la go bo re boga.

Ga ke Tlhole ke Ikutlwa ke Latlhegile (5:09)