Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 27

Loso Lwa ga Jesu Lo ka Re Boloka Jang?

Loso Lwa ga Jesu Lo ka Re Boloka Jang?

Re a leofa, re a boga e bile re a swa, ka gonne batho ba ntlha e bong Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo. a Mme gone, go na le tsholofelo. Jehofa o re buletse tsela ya go re golola mo boleong le mo losong a dirisa Morwawe e bong Jesu Keresete. Baebele e ruta gore Jesu o ne a re ntshetsa thekololo fa a ne a swa. Thekololo ke tlhwatlhwa e e duelwang gore mongwe a gololwe. Jesu o ne a ntsha tlhwatlhwa eo ka go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng. (Bala Mathaio 20:28.) Fa Jesu a ne a itlhophela go swa go na le go tshelela ruri mo lefatsheng, o ne a re bulela tshono ya gore re boe re nne le dilo tse di neng tsa latlhegela Adame le Efa. Gape Jesu o ne a bontsha gore ene le Jehofa ba re rata fela thata. Thuto eno e tla go thusa gore o lebogele thata go bo Jesu a re swetse.

1. Loso lwa ga Jesu lo re solegela molemo jang gompieno?

E re ka re le baleofi, re dira dilo tse dintsi tse di sa itumediseng Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa re ikwatlhaela maleo a rona e bile re kopa Jehofa gore a re itshwarele ka Jesu Keresete, le fa re leka ka natla gore re se ka ra boeletsa diphoso tseo, re ka kgona go nna ditsala tsa Modimo. (1 Johane 2:1) Baebele e a re: “Keresete, motho yo o siameng o ne a swa gangwe fela a swela batho ba ba sa siamang gore a ba golole mo maleong a bone. O dirile jalo gore a lo ise kwa Modimong.”1 Petere 3:18.

2. Loso lwa ga Jesu lo tla re solegela molemo jang mo nakong e e tlang?

Jehofa o ne a romela Jesu gore a ntshe botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng “gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go [Jesu] a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ka ntlha ya se Jesu a se dirileng, Jehofa o tla tloga a fedisa dilo tsotlhe tse di bosula tse di bakilweng ke botlhokakutlo jwa ga Adame. Seno se raya gore fa re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, re tla nna le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise!—Isaia 65:21-23.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa Jesu a ile a re swela, mme o bone gore seo se go solegela molemo jang.

3. Loso lwa ga Jesu lo re golola mo boleong le mo losong

Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Adame o ne a latlhegelwa ke tshono efe fa a ne a tlhanogela Modimo?

Bala Baroma 5:12, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Boleo jwa ga Adame bo amile botshelo jwa gago jang?

Bala Johane 3:16, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Goreng Jehofa a ne a romela Morwawe mo lefatsheng?

  1. Adame o ne a itekanetse, le fa go ntse jalo ga a ka a ikobela Modimo, mme ka ntlha ya seo batho ba a leofa e bile ba a swa

  2. Jesu o ne a itekanetse e bile o ne a ikobela Modimo, mme ka ntlha ya seo batho ba na le tshono ya go itekanela le go tshelela ruri

4. Loso lwa ga Jesu lo ka solegela batho botlhe molemo

Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Loso lwa motho a le mongwe lo ka solegela batho botlhe molemo jang?

Bala 1 Timotheo 2:5, 6, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Adame e ne e le motho yo o itekanetseng, le fa go ntse jalo o ne a leofa, mme ka ntlha ya seo batho botlhe ba a leofa e bile ba a swa. Jesu le ene o ne a itekanetse fela jaaka Adame. Mme ke eng se a ileng a kgona go se dira?

5. Thekololo ke mpho e Jehofa a go neileng yone

Ditsala tsa ga Jehofa di tsaya thekololo e le mpho e Jehofa a e fileng mongwe le mongwe wa bone. Ka sekai, bala Bagalatia 2:20, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha jang gore o tsaya thekololo e le mpho e a e filweng?

Fa Adame a ne a leofa, ene le bana ba gagwe botlhe ba ne ba atlholelwa loso. Mme Jehofa o ne a romela Morwawe go tla go go swela gore o kgone go nna le tshono ya go tshelela ruri.

Fa o ntse o bala ditemana tse di latelang, leka go akanya kafa Jehofa a tshwanetseng a bo a ne a ikutlwa ka gone fa Morwawe a boga. Bala Johane 19:1-7, 16-18, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ikutlwa jang ka se Jehofa le Jesu ba go diretseng sone?

MONGWE A KA BOTSA A RE: “Go ka tla jang gore motho a le mongwe a swele batho botlhe?”

  • O ka mo araba jang?

O ITHUTILE ENG?

E re ka Jesu a re swetse, Jehofa o kgona go re itshwarela maleo e bile re ka kgona go tshelela ruri.

Poeletso

  • Goreng Jesu a ile a swa?

  • Ke ka tsela efe botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng bo neng jwa duelela tlhwatlhwa e e neng e tlhokega gore batho botlhe ba gololwe?

  • Loso lwa ga Jesu lo ka go solegela molemo jang?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ithute gore ke eng fa botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng bo bidiwa thekololo.

“Setlhabelo sa ga Jesu ke ‘Thekololo ya Batho ba le Bantsi ka Tsela Efe’?” (Setlhogo se se mo website)

Ithute gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re gololwe mo boleong le mo losong.

“Jesu o re Boloka Jang?” (Setlhogo se se mo website)

A Jehofa o kgona go itshwarela batho maleo a a masisi?

“Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele” (Tora ya Tebelo, May 1, 2013)

Utlwa gore go ithuta ka setlhabelo sa ga Keresete go ne ga thusa jang monna mongwe yo o neng a lwantshana le maikutlo a a mo tshwenyang.

“Ga ke Tlhole ke le Rra Ntwa” (Setlhogo se se mo website)

a Boleo ga se fela go dira sengwe se se sa siamang. Gape boleo bo kaya bosaitekanelang jo re bo ruileng mo go Adame le Efa.