Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 29

Go Diragala Eng fa re Swa?

Go Diragala Eng fa re Swa?

A o kile wa tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang? Kutlobotlhoko eo e ka dira gore o ipotse go re: ‘Tota go diragala eng fa re swa? A re tla tsamaya re bona baratiwa ba rona ba ba tlhokafetseng gape?’ Mo thutong eno le e e latelang, o tla bona dikarabo tse di gomotsang tse di tswang mo Baebeleng.

1. Go diragala eng fa re swa?

Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko. Fa motho a thulametse, ga a itse se se diregang ka nako eo. Loso lo tshwana le boroko ka tsela efe? Fa motho a sena go swa, ga a utlwe botlhoko. Ga a tlhoafalele ope, tota le fa a ne a rata ba lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe fela thata. Baebele e a re ‘Baswi ga ba itse sepe gotlhelele.’—Bala Moreri 9:5.

2. Go itse boammaaruri ka loso go re solegela molemo jang?

Batho ba le bantsi ba tshaba go swa e bile ba tshaba baswi. Mme se Baebele e se buang ka loso, se ka go gomotsa. Jesu o ne a re: “Boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Dikereke dingwe di ruta gore fa motho a swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela, mme gone seo ga se se Baebele e se rutang. Ka jalo, ga go na motho ope yo o bogang fa a sena go swa. Mo godimo ga moo, e re ka baswi ba sa itse sepe gotlhelele, ga ba ka ke ba kgona go re utlwisa botlhoko. Ga re tlhoke go obamela baswi kgotsa go ba direla dilo dingwe gore ba se ka ba re galefela, e bile ga re tlhoke go ba rapelela.

Go na le batho bangwe ba ba reng ba kgona go bua le baswi. Mme seo ga se kgonege. Jaaka re sa tswa go ithuta, baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” Batho ba ba akanyang gore ba kgona go bua le baswi, tota ba ka tswa ba bua le madimona a a itirang e kete ke batho ba ba suleng. Ka jalo, go itse boammaaruri ka loso go a re sireletsa gore re se ka ra dirisiwa ke madimona. Jehofa o re tlhagisa gore re se ka ra leka go bua le baswi, ka gonne o a itse gore go dirisana le madimona go tla re utlwisa botlhoko.—Bala Duteronome 18:10-12.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Utlwa dintlha tse di oketsegileng ka se Baebele e se buang ka loso, mme o godise tumelo ya gago mo Modimong yo o lorato, yo o sa otlhayeng batho ba ba suleng.

3. Ithute gore tota go diragala eng ka baswi

Batho ba dumela dilo tse di farologaneng ka kgang ya gore go diragala eng ka rona fa re swa. Mme gone, dilo tseo tse ba di dumelang di ka se nne boammaaruri tsotlhe.

  • Mo lefelong le o nnang mo go lone, batho ba dumela gore go diragala eng ka motho fa a swa?

Fa o batla go utlwa se Baebele e se buang ka kgang eno, tshameka BIDIO eno.

Bala Moreri 3:20, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go ya ka temana eno, go diragala eng fa motho a swa?

  • A go na le karolo nngwe ya motho e e tswelelang e tshela fa a sena swa?

Baebele e re bolelela ka loso lwa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro. Fa o ntse o bala Johane 11:11-14, ela tlhoko gore Jesu o ile a re go diragala eng ka Lasaro. Go tswa foo, tlotlang ka dipotso tseno:

  • Jesu o ne a tshwantsha loso le eng?

  • Papiso eo e re ruta gore go diragala eng ka baswi?

  • A o akanya gore se Baebele e se buang ka loso se a utlwala?

4. Go itse boammaaruri ka loso go re solegela molemo

Go itse boammaaruri ka loso go re thusa gore re se ka ra boifa baswi. Bala Moreri 9:10, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • A baswi ba ka re utlwisa botlhoko?

Gape boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo a re sireletsa gore re se ka ra dumela gore re tshwanetse go obamela baswi kgotsa go ba direla dilo dingwe gore ba se ka ba re galefela. Bala Isaia 8:19 le Tshenolo 4:11, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O akanya gore Jehofa o ikutlwa jang fa motho a obamela baswi kgotsa a kopa thuso mo go bone?

Go itse boammaaruri ka loso go re thusa gore re se ka ra dira dilo tse di sa itumediseng Jehofa

5. Go itse boammaaruri ka loso go a re gomotsa

Batho ba le bantsi ba rutiwa gore fa ba swa, ba tla atlholelwa dilo tse di bosula tse ba di dirileng. Mme re gomodiwa ke go itse gore ga go na motho ope yo o bogang fa a sena go swa, tota le motho yo o neng a dira dilo tse di bosula thata. Bala Baroma 6:7, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Baebele e tlhalosa gore fa motho a swa, Modimo ga a tlhole a mmona molato wa maleo a gagwe, ka jalo, a o akanya gore motho yo o suleng o a boga ka ntlha ya maleo a a neng a a dira mo nakong e e fetileng?

Fa kitso ya rona ka Jehofa e ntse e oketsega, re tla tlhatswega pelo le go feta gore ga a ka ke a otlhaya batho ba ba suleng. Bala Duteronome 32:4 le 1 Johane 4:8, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • A Modimo yo o nang le botho jo bo tlhalosiwang mo ditemaneng tseno, a ka letla gore batho ba ba suleng ba otlhaiwe?

  • A go itse boammaaruri ka loso go a go gomotsa? Goreng o rialo?

BATHO BANGWE BA RE: “Ke tshaba gore go tla diragala eng ka nna fa ke swa.”

  • O ka mmalela ditemana dife tsa Baebele tse di gomotsang?

O ITHUTILE ENG?

Fa motho a swa, botshelo jwa gagwe bo a fela. Baswi ga ba boge, e bile ga ba ka ke ba utlwisa batho ba ba tshelang botlhoko.

Poeletso

  • Go diragala eng ka rona fa re swa?

  • Go itse boammaaruri ka loso go re solegela molemo jang?

  • Go itse boammaaruri ka loso go re gomotsa jang?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Utlwa gore lefoko le le ranolwang e le “moya,” tota mo Baebeleng le kaya eng.

“Moya (Soul) ke Eng?” (Setlhogo se se mo website)

Ithute gore a Modimo o dirisa dihele go otlhaya batho ba ba bosula.

A Dihele ke Lefelo le Batho ba Tlhokofadiwang Kwa go Lone? (3:07)

Utlwa gore monna mongwe o ile a gomotsega jang fa a sena go utlwa boammaaruri ka kgang ya gore go diragala eng ka rona fa re swa.

“Ke KgatlhiIwe ke Dikarabo Tse di Utlwalang Tsa Baebele” (Tora ya Tebelo, February 1, 2015)