Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 30

Baswi ba Tla Tshela Gape!

Baswi ba Tla Tshela Gape!

Loso lo hutsafatsa batho e bile lo ba utlwisa botlhoko. Ke gone ka moo Baebele e bitsang loso e re ke mmaba. (1 Bakorintha 15:26) Mo Thuto 27, o ithutile gore Jehofa o tla fenya mmaba yono. Mme go tla direga eng ka batho ba ba setseng ba sule? Mo thutong eno, o tla ithuta mo go oketsegileng ka tsholofetso e nngwe gape ya ga Jehofa e e kgatlhang thata. Tsholofetso eo ke ya gore o tlile go tsosa batho ba bantsintsi ba ba suleng gore ba boe ba itumelele go tshelela ruri. Ruri ba tlile go tsoga! A tota seo se ka diragala? A ba tla tsosiwa gore ba ye go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng?

1. Ke eng se Jehofa a batlang go se direla baswi?

Jehofa o tlhologeletswe go tsosa batho ba ba suleng. Monna mongwe yo o bidiwang Jobe o ne a dumela gore fa a ka swa, Modimo ga a kitla a mo lebala. O ne a raya Modimo a re: “O tla bitsa, mme nna ke tla go araba [ke le mo Lebitleng].”—Bala Jobe 14:13-15.

2. Re itse jang gore baswi ba ka kgona go tsoga?

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Modimo o ne a mo naya maatla a gore a tsose batho ba ba suleng. Jesu o ne a tsosa mosetsanyana mongwe yo o neng a na le dingwaga di le 12 le morwa motlholagadi mongwe. (Mareko 5:41, 42; Luke 7:12-15) Moragonyana, tsala ya ga Jesu e bong Lasaro, o ile a swa. Le fa gone Lasaro a ne a na le malatsi a le manê a sule e bile a setse a fitlhilwe, Jesu o ne a kgona go mo tsosa mo baswing. Fa Jesu a sena go rapela Modimo, o ne a goa a le fa lebitleng a re: “Lasaro, tswa!” Mme “monna yoo yo o neng a sule o ne a tswa,” a tshela! (Johane 11:43, 44) Ba lelapa la ga Lasaro le ditsala tsa gagwe ba ne ba itumetse tota!

3. Go na le tsholofelo efe ka baswi?

Baebele e solofetsa go re: “Modimo o tlile go tsosa batho mo baswing.” (Ditiro 24:15) Batho ba Jesu a ileng a ba tsosa mo baswing ga ba a ka ba ya legodimong. (Johane 3:13) O ne a ba tsosa gore ba tshele gape mo lefatsheng mme ba ne ba itumelela seo. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o tla tloga a tsosa batho ba bantsintsi ba ba suleng gore ba boe ba itumelele go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. O ne a tlhalosa gore ‘botlhe ba Modimo a ba gakologelwang’ ba tla tsosiwa mo baswing, tota le fa batho ba bangwe ba sa tlhole ba gopola gore batho bao ba kile ba tshela.—Johane 5:28, 29.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute go tswa mo Baebeleng gore ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Jesu o na le maatla a go tsosa baswi le gore o tla dira jalo. Gape ithute gore tsogo ya baswi e ka go gomotsa jang le go go naya tsholofelo.

4. Jesu o ne a bontsha gore o kgona go tsosa baswi

Ithute mo go oketsegileng ka se Jesu a ileng a se direla tsala ya gagwe e bong Lasaro. Bala Johane 11:14, 38-44, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Re itse jang gore tota Lasaro o ne a sule?—Bona temana 39.

  • Fa e le gore Lasaro o ne a ile kwa legodimong, a o akanya gore Jesu o ne a tla mmusa gore a tle go tshela gape mo lefatsheng?

Tshameka BIDIO eno.

5. Baswi ba le bantsi ba tla tsosiwa!

Bala Pesalema 37:29, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Batho ba bantsintsi ba ba tla tsosiwang mo baswing ba tla tshela kae?

Jesu o tla tsosa batho ba le bantsi, go akaretsa le ba ba neng ba sa obamele Jehofa. Bala Ditiro 24:15, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • Ke mang yo o ka ratang go mmona a tsosiwa mo baswing?

Akanya ka seno: Jesu a ka kgona go tsosa motho yo o suleng fela jaaka rre a ka kgona go tsosa ngwana wa gagwe yo o robetseng

6. Tsogo ya baswi e ka go gomotsa e bile e ka go naya tsholofelo

Batho ba le bantsi ba ba tlhokafaletsweng, ba ne ba gomodiwa le go kgothadiwa ke pego ya Baebele e e buang ka morwadia Jairo. Bala pego eo mo go Luke 8:40-42, 49-56.

Pele ga Jesu a tsosa morwadia Jairo, o ne a raya Jairo a re: “Se boife, wena nna le tumelo.” (Bona temana 50.) Tsholofelo ya tsogo ya baswi e ka go thusa jang . . .

  • fa o tlhokafalelwa ke mongwe yo o mo ratang?

  • fa botshelo jwa gago bo le mo kotsing?

Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Batsadi ba ga Phelicity ba ne ba gomodiwa le go kgothadiwa jang ke tsholofelo ya tsogo ya baswi?

BATHO BANGWE BA RE: “Go thata go dumela gore batho ba ba suleng ba ka tshela gape.”

  • Wena o akanya eng?

  • O ka mmontsha temana efe e e bontshang gore batho ba ba suleng ba tlile tsosiwa?

O ITHUTILE ENG?

Baebele e solofetsa gore batho ba bantsintsi ba ba suleng ba tla tsosiwa mo baswing. Jehofa o batla gore ba tshele gape e bile o neile Jesu maatla a gore a ba tsose.

Poeletso

  • Jehofa le Jesu ba ikutlwa jang ka go tsosa baswi?

  • Batho ba bantsintsi ba ba tla tsosiwang mo baswing ba ya go tshela kae, kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng? Goreng o bua jalo?

  • Ke eng se se go tlhatswang pelo gore baswi ba tla tshela gape?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bona dikgakololo tse o ka di dirisang gore o kgone go itshokela botlhoko jwa go tlhokafalelwa.

“Go Thusa ba ba Tlhokafaletsweng” (Tsogang! No. 3 2018)

A melaometheo ya Baebele e ka kgona go thusa motho yo o tlhokafaletsweng?

Fa Motho Yo o Mo Ratang a Tlhokafala (5:06)

Ke eng se se ka thusang bana gore ba kgone go itshokela kutlobotlhoko ya go tlhokafalelwa?

Thekololo (2:07)

A go na le batho ba ba tla tsosiwang gore ba ye go tshela kwa legodimong? Ke bomang ba ba se kitlang ba tsosiwa?

“Tsogo ke Eng?” (Setlhogo se se mo website)