Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 33

Se Bogosi bo Tla se Dirang

Se Bogosi bo Tla se Dirang

Bogosi Jwa Modimo bo setse bo busa. Mo nakong e e sa fediseng pelo, bo tla tlisa diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. Mma re tlotle ka dilo dingwe tse di itumedisang tse re lebileng pele go di bona di direga fa Bogosi joo bo busa.

1. Bogosi Jwa Modimo bo tla dira eng gore go nne le kagiso le tshiamiso mo lefatsheng?

Jesu yo e leng Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tla fedisa batho ba ba bosula le dipuso ka ntwa ya Aramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Ka nako eo, tsholofetso eno ya Baebele e tla diragadiwa ka botlalo: “Go ise go ye kae, batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng.” (Pesalema 37:10) Jesu o tla dirisa Bogosi joo go tlhomamisa gore go nna le kagiso le tshiamiso mo lefatsheng lotlhe.—Bala Isaia 11:4.

2. Botshelo bo tla bo bo ntse jang fa thato ya Modimo e dirwa mo lefatsheng?

Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, “basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Akanya o tshela mo lefatsheng le go tla bong go nna batho ba ba siameng fela, ba ba ratang Jehofa e bile ba ratana! Ga go na ope yo o tla lwalang e bile batho botlhe ba tla tshelela ruri.

3. Bogosi Jwa Modimo bo tla dira eng fa bo sena go fedisa batho ba ba bosula?

Fa batho ba ba bosula ba sena go fedisiwa, Jesu o tla busa ka dingwaga di le 1 000. Ka nako eo, Jesu le ba ba 144 000 ba ba tla busang le ene, ba tla thusa batho mo lefatsheng gore ba itekanele e bile ba se ka ba nna le boleo. Kwa bokhutlong jwa dingwaga tse 1 000, lefatshe lotlhe e tla bo e le paradaise e ntle, e bile batho botlhe ba tla bo ba itumetse ka gonne ba tla bo ba ikobela melao ya ga Jehofa. Go tswa foo, Jesu o tla busetsa Bogosi kwa go Rraagwe, e bong Jehofa. Mme leina la ga Jehofa le tla bo ‘le itshepisitswe.’ (Mathaio 6:9, 10) Go tla bo go itshupile gore Jehofa ke Mmusi yo o molemo, yo o amegang ka batho ba a ba busang. Jaanong Jehofa o tla senya Satane, madimona le batho ba bangwe ba ba tla tlhanogelang puso ya gagwe. (Tshenolo 20:7-10) Diphetogo tse di itumedisang tse Bogosi Jwa Modimo bo tla di dirang, di tla nnela ruri.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore ke eng fa re ka tshepa gore Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa Baebele tse di buang ka bokamoso.

4. Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dipuso tsa batho

“Motho o ntse a laola motho yo mongwe gore a mo utlwise botlhoko.” (Moreri 8:9) Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fedisa mokgwa oo o o sa siamang.

Bala Daniele 2:44 le 2 Bathesalonika 1:6-8, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Ke eng se Jehofa le Morwawe e bong Jesu ba tla se dirang ka dipuso tsa batho le ka ba ba di emang nôkeng?

  • Se o se ithutileng ka Jehofa le Jesu se go tlhomamisetsa jang gore se ba tla se dirang se tla bo se siame e bile se bontsha gore ba tekatekano?

5. Jesu ke Kgosi e e di gaisang tsotlhe

E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tla thusa batho mo lefatsheng ka ditsela di le dintsi. Tshameka BIDIO eno mme o bone kafa Jesu a bontshitseng ka gone gore o batla go thusa batho, le gore Modimo o mo neile maatla a go dira jalo.

Dilo tse Jesu a neng a di dira fa a ne a le mo lefatsheng, di ne di bontsha se Bogosi bo tla se dirang. Ke masego afe a a mo lenaaneng le le mo tsebeng e e latelelang a o lebileng pele go a bona? Bala ditemana tse di tlhagang fa thoko ga masego ao tse di re thusang gore re ithute mo go oketsegileng ka one.

FA JESU A NE A LE MO LEFATSHENG . . . 

JESU O TLA DIRA DILO TSENO A LE KWA LEGODIMONG:

  • o tla baakanya dikarolo tsa lefatshe tse di senyegileng.—Isaia 35:1, 2.

  • o tla tlhomamisa gore ga go na ope yo o lwalang.—Isaia 33:24.

6. Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisa bokamoso jo bo itumedisang

Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisetsa batho botshelo jo bo itumedisang jo Jehofa a sa bolong go eletsa gore ba bo tshele. Ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Tshameka BIDIO eno mme o bone gore Jehofa o dirisa jang Morwawe e bong Jesu, go diragatsa maikaelelo a gagwe.

Bala Pesalema 145:16, lo bo lo tlotla ka potso eno:

  • O ikutlwa jang ka gonne o itse gore Jehofa o tla “kgotsofatsa keletso ya setshedi sengwe le sengwe”?

BATHO BANGWE BA RE: “Fa rotlhe re ka dirisana mmogo, re ka kgona go rarabolola mathata a lefatshe.”

  • Ke mathata afe a Bogosi Jwa Modimo bo tla a fedisang, a dipuso tsa batho di ka se kgoneng go a fedisa?

O ITHUTILE ENG?

Bogosi Jwa Modimo bo tla dira se Modimo a se ikaeletseng. Bo tla dira lefatshe lotlhe paradaise, e bile batho ba ba siameng ba ba obamelang Jehofa ba tla tshelela ruri mo go lone.

Poeletso

  • Bogosi Jwa Modimo bo tla itshepisa leina la ga Jehofa jang?

  • Goreng re ka dumela gore Bogosi Jwa Modimo bo tla diragatsa ditsholofetso tse di mo Baebeleng?

  • Mo dilong tsotlhe tse di molemo tse Bogosi bo tla di dirang, ke sefe se o lebileng pele go se bona?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Bala ka ditiragalo tse di tla diregang ka nako ya puso ya ga Jesu ya dingwaga tse 1 000 le morago ga yone.

“Go Tla Direga Eng ka Letsatsi la Katlholo?” (Tora ya Tebelo, September 1, 2012)

Bona se malapa a ka se dirang gore ba ipone ba tshela kwa paradaiseng ba le mmogo.

Ipone o le Kwa Paradaiseng (1:50)

Bala setlhogo se se reng “Ke ne Ke na Le Dipotso Tse Dintsi Tse di Neng di Ntshwenya,” mme o utlwe gore monna mongwe yo o neng a tsuologela puso, o ne a bona jang tharabololo e a neng a e batla.

“Baebele e Fetola Matshelo a Batho” (Tora ya Tebelo, January 1, 2012)