Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 35

Kafa re ka Dirang Ditshwetso Tse di Molemo ka Gone

Kafa re ka Dirang Ditshwetso Tse di Molemo ka Gone

Rotlhe re tlhoka go dira ditshwetso. Bontsi jwa ditshwetso tseno di ka re ama fela thata e bile di ka ama botsala jwa rona le Jehofa. Ka sekai, re ka dira tshwetso ya gore re tla nna kae, re tla itlamela jang kgotsa a re batla go nyala kgotsa go nyalwa. Fa re dira ditshwetso tse di siameng, re tla itumelela botshelo e bile re tla itumedisa Jehofa.

1. O ka dirisa Baebele jang gore e go thuse go dira ditshwetso tse di siameng?

Pele ga o dira tshwetso, kopa Jehofa gore a go thuse mme o bale Baebele gore o bone gore o ikutlwa jang ka kgang eo. (Bala Diane 2:3-6.) Mo maemong a mangwe, Jehofa o re naya ditaelo tse di tlhamaletseng. Fa go le jalo, tshwetso e e molemo e o ka e dirang, ke go ikobela ditaelo tseo.

Mme gone, o tla dira eng fa go se na ditaelo tsa Baebele tse di tlhamaletseng tse di go bolelelang gore o dire eng? Le mo maemong ano, Jehofa o tla go kaela “tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.” (Isaia 48:17) Jang? Go ka tswa go na le melaometheo e e ka go kaelang. Melaometheo ya Baebele ke dithuto tsa boammaaruri tse di senolang tsela e Modimo a akanyang ka yone le e a ikutlwang ka yone. Gantsi re ithuta gore Modimo o ikutlwa jang ka kgang nngwe fa re bala pego nngwe ya Baebele. Fa re lemoga gore Jehofa o ikutlwa jang, re ka kgona go dira ditshwetso tse di mo itumedisang.

2. Ke dilo dife tse o tshwanetseng go di akanyetsa pele ga o dira tshwetso?

Baebele e a re: “Yo o botlhale o akanyetsa kgato nngwe le nngwe e a e tsayang.” (Diane 14:15) Seno se raya gore pele ga re dira tshwetso, re tshwanetse go ipha nako ya go akanya ka se re batlang go se dira. Fa o ntse o sekaseka dilo tse o batlang go di dira, ipotse jaana: ‘Ke melaometheo efe ya Baebele e e buang ka kgang eno? A se ke tlhophang go se dira se tla ntlisetsa kagiso ya mogopolo? Tshwetso ya me e tla ama ba bangwe jang? Sa botlhokwa thata, a e tla itumedisa Jehofa?’—Duteronome 32:29.

Jehofa o na le tshwanelo ya go re bolelela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Fa re itse melao le melaometheo ya gagwe sentle, e bile re ikemiseditse go e ikobela, re a bo re katisa segakolodi sa rona. Segakolodi ke maikutlo a a re bolelelang gore sengwe se siame kgotsa ga se a siama. (Baroma 2:14, 15) Segakolodi se se katisitsweng se tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng.

ITHUTE MO GO OKETSEGILENG

Ithute gore melaometheo ya Baebele le segakolodi sa rona, di re thusa jang go dira ditshwetso.

3. Letla Baebele e go kaele

Melaometheo ya Baebele e ka re kaela jang fa re dira ditshwetso? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka dipotso tse di latelang.

  • Kgololesego ya go itlhophela ke eng?

  • Goreng Jehofa a re neile kgololesego ya go itlhophela?

  • O re file eng gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng?

Bala Baefeso 5:15, 16, gore o bone sekai sa molaomotheo wa Baebele. Go tswa foo, lo bo lo tlotla ka go re ‘o ka dirisa nako ya gago sentle’ jang . . .

  • gore o bale Baebele ka metlha.

  • gore o nne monna, mosadi, motsadi kgotsa ngwana yo o botoka.

  • gore o nne gone kwa dipokanong.

4. Katisa segakolodi sa gago gore o kgone go dira ditshwetso tse di siameng

Fa go na le taelo ya Baebele e e tlhamaletseng ka kgang nngwe, go ka nna motlhofo go dira tshwetso. Mme go tweng fa go se na taelo e e ntseng jalo? Tshameka BIDIO eno, lo bo lo tlotla ka potso e e latelang.

  • Mo bidiong eno, ke dilo dife tse kgaitsadi a ileng a di dira go katisa segakolodi sa gagwe, le go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa?

Goreng re sa tshwanela go kopa ba bangwe gore ba dire ditshwetso tse di tshwanetseng go dirwa ke rona? Bala Bahebera 5:14, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Le fa gone go kopa ba bangwe gore ba re direle ditshwetso e ka nna selo se se motlhofo, ke eng se re tshwanetseng go nna le bokgoni jwa go se itirela?

  • Ke dilo dife tse re nang le tsone tse di ka go thusang go katisa segakolodi sa gago, le go dira ditshwetso tse di siameng?

Fela jaaka mmapa, segakolodi sa rona se re thusa go dira tshwetso ya gore re tla tsaya tsela efe mo botshelong

5. Tlotla digakolodi tsa ba bangwe

E re ka batho ba farologane, ba tla dira ditshwetso tse di farologaneng. Re ka bontsha jang gore re tlotla digakolodi tsa ba bangwe? Ela tlhoko maemo ano a mabedi:

Boemo 1: Kgaitsadi yo o ratang go itshasa makeup o fudugela kwa phuthegong e e nang le bokgaitsadi ba bantsi ba ba sa rateng makeup.

Bala Baroma 15:1 le 1 Bakorintha 10:23, 24, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go ya ka ditemana tseno, ke eng se kgaitsadi yoo a ka tlhophang go se dira? Wena o tla dira eng fa o na le motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go dira sengwe se segakolodi sa gago se go letlang go se dira?

Boemo 2: Mokaulengwe mongwe o a itse gore Baebele ga e kgale go nwa bojalwa, mme ene o tlhophile gore a se ka a bo nwa. O lalediwa kwa kokoanong nngwe, mme fa a le koo o bona bakaulengwe ba nwa bojalwa.

Bala Moreri 7:16 le Baroma 14:1, 10, lo bo lo tlotla ka dipotso tseno:

  • Go ya ka ditemana tseno, ke eng se mokaulengwe yoo a ka tlhophang go se dira? Wena o tla dira eng fa o bona mongwe a dira sengwe se segakolodi sa gago se sa go letleng go se dira?

 Ke dilo dife tse di ka go thusang go dira ditshwetso tse di siameng?

1. Kopa Jehofa gore a go thuse go dira tshwetso.—Jakobe 1:5.

2. Dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng gore o bone melaometheo e e buang ka kgang eo. Gape o ka kopa thuso mo Bakereseteng ba ba nang le maitemogelo.

3. Akanyetsa diphelelo tse tshwetso ya gago e tla nnang le tsone mo segakoloding sa gago le mo digakoloding tsa ba bangwe.

BATHO BANGWE BA RE: “O na le tshwanelo ya go dira sengwe le sengwe se o se batlang. Ga go re sepe gore batho ba bangwe ba reng.”

  • Ke eng fa re tshwanetse go akanyetsa maikutlo a Modimo le a batho ba bangwe?

O ITHUTILE ENG?

Re tla dira ditshwetso tse di siameng fa re lemoga gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang nngwe, le fa re ela tlhoko gore a ditshwetso tsa rona di tla thusa ba bangwe kgotsa di tla ba utlwisa botlhoko.

Poeletso

  • Ke eng se se ka go thusang gore o dire ditshwetso tse di itumedisang Jehofa?

  • Ke eng se se ka go thusang go katisa segakolodi sa gago?

  • O ka bontsha jang gore o tlotla digakolodi tsa batho ba bangwe?

Leka go Dira Seno

DINTLHA TSE DINGWE

Ke eng se se ka go thusang gore o dire ditshwetso tse di tla tiisang botsala jwa gago le Modimo?

“Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo” (Tora ya Tebelo, April 15, 2011)

Utlwa dintlha tse di oketsegileng tsa kafa Jehofa a re nayang kgakololo ka gone.

Jehofa o Kaela Batho ba Gagwe (9:50)

Utlwa gore ke eng se se thusitseng monna mongwe go dira tshwetso e e thata.

Jehofa o re Direla Dilo Tse di Molemo (5:46)

Ithute gore o ka itumedisa Jehofa jang fa go se na taelo e e tlhamaletseng ka kgang nngwe.

“A o Tlhoka Taelo e e Tswang mo Baebeleng ka Dinako Tsotlhe?” (Tora ya Tebelo, December 1, 2003)